JC Setswana Revision Book

Download as pdf or txt
Download as pdf or txt
You are on page 1of 186

JC SETSWANA

REVISION BOOK

  1  
 
Ditebogo

Re leboga botlhe ba ba nnileng le seabe mo go kwalweng ga bukana e.

Segolobogolo ba ba latelang:

Subject Specialist Programme Developer (Languages)

Lesego.R. Pelotona

Writers

Lillian Oats
Masego Ikula
Amogelang Johane
Maitirelo Rabasima

Editor

Masego Bagopi

  2  
 
Ketapele

Moithuti, re go diretse buka go go thusa go itlhokoletsa ditlhatlhobo tsa makgaolakgang.

Mo go yone re lekile go go fa dintlha tse o tshwanetseng go di ela tlhoko fa o ya go
tsena mo tlhatlhobong ya makgaolakgang. E akaretsa dintlha tsotlhe tse o ka
tlhatlhobiwang go tsone mo Setswaneng sa J.C. Ntlha nngwe le nngwe ya tlhatlhobo e
na la kgaolo ya yone. Re di tlhomagantse jalo go ya ka dikgaolo tsa tsone. Jaanong
leka go tlhoafalela go dirisa bukana e. Mokoduo go tsosiwa o o itekang ebile
moremogolo wa motho oa ipetla. Masego ke ao!

  3  
 
Diteng

Kgaolo 1: Dipolelo

Kgaolo 2: Dikwalo

Kgaolo 3: Kagego ya palo

Kgaolo 4: Dikarolo tsa puo

Kgaolo 5: Thanolo le dipego

Kgaolo 6: Ngwao

Kgaolo 7: Tshekatsheko ya padi

Kgaolo 8: Tshekatsheko ya poko

Kgaolo 9: Diteko

  4  
 
TSHEDIMOSO YA BUKA

Buka e e ntsholetse eng?

Mothama o, ke one fela o o kwadilweng go go thusa go ipaakanyetsa

ditlhatlhobo tsa gago tsa Setswana sa JC. O kwadilwe go lebilwe se
dipampiri tsa ditlhatlhobo tsa Setswana sa JC di se batlang. Ka jalo, di
itebagantse le ditshetlana tsotlhe tse di tlhatlhobelwang mo dipampring tsa
JC ka boraro jwa tsone jaaka fa go supilwe mo diteng tsa Mothama o.

Buka e e kwadilwe go tsewa go re o ne o dira Setswana sa JC mo

ngwageng o o fetileng mme o tlhokana fela le go sugiwa gore o tle o dire
botoka mo ditlhatlhabong tsa JC. Buka e jaanong remelela mo go tse o di
tlhokang go ipaakanyetsa ditlhatlhobo.

Se se rutwang mo bukeng e

Mothama o o na le dithuto diferabongwe mme di rulagantswe jaana;

Kgaolo 1: Dipolelo

Kgaolo 2: Dikwalo

Kgaolo 3: Kagego ya palo

Kgaolo 4: Dikarolo tsa puo

Kgaolo 5: Thanolo le dipego

Kgaolo 6: Ngwao

Kgaolo 7: Tshekatsheko ya padi

Kgaolo 8: Tshekatsheko ya poko

Kgaolo 9: Diteko

  5  
 
Dira ka bojotlhe gore ka nako ya fa o kwala ditlhatlhobo o bo a badile

dikgaolo tse tsotlhe ka gore seo se tla go baya mo maemong a mantle a go
dira sentle mo ditlhatlhobong tsa gago tsa Setswana sa JC.

Diteko le ditlhatlhobo
Bukana e e na le mefuta e le mebedi ya ikatiso e e direletsweng go go
thusa go ipaakanyetsa ditlhatlhobo. Go na le diteko tse di tlang morago ga
setlhogo sengwe le sengwe. Tsweetswee, di dire ka gore di tla go thusa go
bona gore a o tlhalogantse setlhogo seo. Ikatiso ya bobedi ke e e
tshwanang le pampiri ya tlhatlhobo ya makgaolakgang. Yone e direletswe
gore o e dire mme o ikale go bona gore o ka dira jang mo tlhatlhobong ya
makgaolakgang. O nne o di dire o ise kwa Senthareng se o ikwadisitseng
kwa go sone gore o kaelwe diphoso. Fa o sena go e dira mme o bona o le
bokoa golo gongwe go go supetsa gore o tshwanetse go ikatisa thata mo
dithutong tsone tseo.

Tse dingwe tse di ka go thusang

Itshenkele mongwe yo o dirang Setswana sa JC mme lo ithute mmogo.
Dithuto tse dingwe le tsone di teng mo maranyaneng mme o ka di bona mo
www.bou.ac.bw. Gape etela thata kwa Senthareng kwa o ka bonang thuso
mo morutabaneng wa Setswana. Fa o se na ditsompelo tsa maranyane ko
lapeng o ka ya ko motlobong wa dibuka wa BOU kana wa motse wa ga
lona.

Ke go eleletsa katlego mo dithutong tsa gago

Gakologelwa go ipabalela mo COVID 19 ka go sala melawa ya teng

morago.

  6  
 
KGAOLO 1

DIPOLELO

1.0 Tshedimoso

Moithuti, maikaelelo a bukana e ke go go thusa go itooletsa ditlhatlhobo. Fa re tsile go

bua ka dipolelo le mefuta ya tsone. Mo tlhatlhobong ya makgaolakgang dipolelo di
fitlhelwa mo pampiring ya boraro, karolo ya ntlha (Paper 3 Karolo1). O ya go fitlhela
setlhogo se le sengwe fela. Ga o tlhophe. Ka jalo go botlhokwa gore o bo o itse, o
itsetsepetse mo mefuteng yotlhe ya dipolelo. Jaanong re tsile go go fa tshedimosetso
ka se o se solofelang mo pampiring eo, le gore tlhatlhobo e solofela gore o dire jang.

2.0. Maikaelelo a kgaolo e

• tshwanetse go bo o ka kgona go kwala mefuta yotlhe ya dipolelo

• tlhaloganya mokwalo o o lolameng
• dirisa matshwao a mokwalo le ditlhakakgolo ka fa tshwanelong

3.0 Polelo ke eng?

Polelo ke tlhamo / kgang e mokwadi a e alang gore mmadi a tle a e bale. E tshwanetse
go nna monate gore le ene mmadi a e bale ka botswapelo jo bo tseneletseng. Polelo
nngwe le nngwe e tshwanetse go nna le dikarolo. Dikarolo tsa polelo di na le
thulaganyo e e faphegileng, e e sa fetogeng. Fa o kwala polelo, dikarolo tsa yone di
tshwanetse tsa nyalana ka mokgwa o le mongwe nako tsotlhe. Dikarolo tse ke;
setlhogo, matseno, mmele le bokhutlo.

3.1 Setlhogo
Setlhogo se tlhagisa kgang e polelo e itebagantseng le yone. Setlhogo sa polelo ke
seele se se khutshwane se se motlhofo go tlhaloganngwa. E ka nna seele fela, seane
kana potso. Se kwalwa kwa godimo ga polelo.

3.2 Matseno
Morago ga setlhogo go latela temana ya ntlha ya polelo; e leng matseno. Yone e umaka
ka bokhutshwane fela se polelo e buang ka sone, o tlhalosa setlhogo kana o balolola
dintlha. Temana ya matseno e gokaganya setlhogo le mmele wa polelo, fela jaaka
molala wa setshedi o gokaganya tlhogo ya sone le mmele.

ELATLHOKO: Matseno a dipolelo a farologana go ya ka mefuta ya tsone. Sekai;

mo polelong ya totlego ga go tlhokafale go balolola dintlha ka gore o tlotla ka
tiragalo e e diragetseng mme mo polelong ya mabaka a nnete go balololwa
dintlha tse e leng mabaka.

  7  
 
3.3 Mmele
Mmele wa polelo o akaretsa ditemana tsotlhe tse di tlang morago ga temana ya
matseno kwa ntle ga ya bofelo. Ditemana tsa mmele di ka nna pedi kana go feta. Palo
ya ditemana tsa mmele e laolwa ke dintlha tse di umakilweng mo matsenong. Temana
nngwe le nngwe e itebaganya le ntlha e le nngwe fela, ke gore; ntlha nngwe le nngwe e
tlhalosiwa ka botlalo mo temaneng ya yone, go sa kopakopanngwe. Mmele ke one
moko wa polelo.

3.4 Bokhutlo/Konelo

Bokhutlo ke fa kgang e wediwang teng. Temana ya bokhutlo e nna nngwe fela, e le

khutshwane. Ke tshoboko ya se go buiwang ka sone mo polelong. Mokwadi o ka
tlhagisa maikutlo a gagwe mabapi le kgang ya polelo kana a ntsha megopolo.

Gantsi mo ditlhatlhobong mefuta ya dipolelo e a fapaanngwa. Ka mantswe a

mangwe ngwaga e nngwe go tswa mofuta o, e nngwe go bodiwa o sele. Jaaka ke
buile go batla o ipaakanyeditse mefuta yotlhe.

4.0 Mefuta Ya Dipolelo

1. Totlego (Narrative)
2. Leruri / ya mabaka a nnete (factual)
3. Ngango / ngangisano (Argumentative)
4. Tlhaloso (Descriptive)
5. Polelo ya seemo (Situational)

4.1 Polelo ya totlego

Mofuta o ke o mo go one go nnang jaaka ekete motho o a lotlega, o bolela polelo. Ke

mofuta o o seng matswakabele thata ka jaana mo go one tiro e kgolo ke go rulaganya
dintlha ka tatelano ya tsone, jaaka di diragetse. Se o kwalang ka ga sone se tshwanetse
sa bo se na le boammaruri, e le se se ka diragalelang batho ba nama le madi e se dilo
tsa masalamose. Sekai fa e ka nna mo motho a kgaogang tlhogo a bo a bua a ntse a se
na tlhogo. Fa o dira jalo o latlhegelwa ke matshwao.

a) Dikai tsa ditlhogo tsa polelo ya totlego

Dingwe tsa ditlhogo tsa polelo ya tlotlego ke tse di latelang:

- Toro e ke tla se keng ke e lebale

- Moletlo wa kabo dimpho mo sekolong sa rona
- Tiragalo e ke se kitlang ke e lebala
- Loeto lo ke kileng ka lo tsaya
- Moletlo wa lenyalo la ga malome
- Letsatsi la me la ntlha mo sekolong se segolwane

  8  
 
- Dikgaisano tsa mabelo mo sekolong sa rona

- Matlhabisa ditlhong a ke a boneng kwa phitlhong

b) Sekai sa polelo ya totlego

Fa tlase re go fa sekai sa polelo ya tlotlego gore o bone gore e ka kwalwa jang:

ELATLHOKO: Ga go tlhokafale go balolola dintlha dipe mo matsenong a polelo e

ka jaana go kwalwa ka tiragalo e le nngwe.

Moletlo wa lenyalo o o neng wa fela ka botlhoko

Matshwititshwiti a batho a ne a tlile lenyalong la ga nkgonne kgwedi ya Lwetsi e tlhola

gabedi ngwaga o o fetileng. Lenyalo le le ne le tshwaretswe kwa Maitengwe mo
lelwapeng la rona. E ne e le letsatsi le le itumedisang thata ka re ne re gorosa
naletsana, kgarebe ya marata go lejwa, sephonono se dikoti marameng go tswa kwa
Rasesa. Mme o ne a ikutlwa e le mosadi tota, a gata a gatoga ka tšale ya mebala ya
Botswana.

Masika le ditsala ba ne ba le teng ba tsile ka megobagoba ya dikoloi. Mo moletlong o,

go ne go na le baemisi ba ba neng ba apere mmala o montsho le o mosweu. Go ne go
na le diopedi le dibini tsa mmino wa Setswana, se se ne se itumedisa batho ka ba ne ba
lemoga fa banyalani ba rata ngwao ya bone ya Setswana. Basadibagolo ba ne ba le mo
mateiseng le megagolwane, mogolokwane o lelela boatleng. Motsamaisa tiro e ne e le
ntsalake, le ene a eme sentle ka sutu ya leteise. Moruti o ne a segofatsa tiro ka thapelo
morago ba masika go tswa malwapeng oo-mabedi a banyalani ba ne ba itsisiwe batho.
Banyadi ba ne ba ya go itsaya dinepe kwa oteleng ya Shumba kwa Tutume.

Fa go duwa dinepeng, batho ba ne ba itshupa bothakga, lerole le beta kolobe,

mpheetšhane a kgaoga. A ba tsentse mo dijong “Charma girl” ka pina ya gagwe ya “Fa
pelo e ela ka lorato”. Ka fitlhela rakgadi a khubame ka mangole a sa itse gore o ka itira
eng, monate o mo ile tlhogong. Go ne ga tla nako ya go letsa leino, dijo tsa teng di ne di
le monate fela thata. Mongwe le mongwe o ne a eme ka kgomo. Dinotsididi di le
ntletsentletse, re ikgatšha.

Morago ga dijo banyalani ba ne ba fiwa sebaka gore ba itsise batho gore ba kopane
jang. Wa mme o ne a le ditlhong, a palelwa ke go bua. Wa rre a tswa ka tsone ka a ne a
gololesegile a le mo gabone. Se se ne sa kgatlha batho fela thata e bile ba supa fa ba
itumeletse letsatsi le. Malomaatsone o ne a leboga boorra-Langanani go bo ba
amogetse ngwana wa bone. O ne a eleletsa banyalani masego le matlhogonolo mo
lelwapeng la bone le le ša.

Moletlo o ne wa digelwa ka go segiwa kuku. E rile fela fa banyalani ba santse ba sega

kuku, mongwe le mongwe a rothisa lethe, re se ka ra itse gore go rileng, go ne ga
tlhaga sefefo se se neng sa tsaya tante sa e latlhela kwa kgakala. Banyalani le mongwe
le mongwe ba sala ba sa lebege ka dithole. Monyadi o ne a tlhabiwa ke tshipi ya tante,

  9  
 
a tshologa madi a a sisimosang mmele mo tlhogong. O ne a ragosetswa kwa kokelong

ka diamaramara.

Mongwe le mongwe ke fa a itshwere molomo, go sulafetse ka motsotso. Ka fa

letlhakoreng le lengwe, mme le ene a lela sa mmaiyoo! Ga nna tlhakatlhakano re sa
itse gore re ka tshwara kae ra tlogela kae. Moletlo wa lenyalo la ga nkgonne o ne wa
fela ka botlhoko, re ne ra sala re swabile. Mme ka Modimo a sa je nkabo, ya re re
santse re balabala ka dipelo ra bona a goroga mo lapeng, ba bongaka ba mo golotse,
go tla go okelwa mo lapeng.

Elatlhoko tse di latelang mo polelong e o sa tswang go e bala

• Mokwadi o dirisitse puo e e nonneng, o tsamaya a ntse a ikgatlha ka Setswana. O bua

gore mmagwe “o ne a gata a gatoga, megolokwane e lelela boatleng, lerole le beta
kolobe” jalo jalo. Tse tshotlhe di natefisa puo ya mokwadi ebile di dira mmadi le ene a
eletse go tswelela a bala.
• Temana ya ntlha ya matseno le yone e na le kgogedi gore motho a tswelele go utlwa
gore letsatsi le le simolotseng ka monate o o kana gare go ne ga tsena eng.
• Ditemna tse tharo tse di tlang morago ga ya ntlha ke tsone mmele. Tsone di go anela
ditiragaglo tsa letsatsi ka botlalo go fitlhelela botlhoko jo re batlang go utlwa ka jone bo
diragala.
• Go tsweng foo go tsena temana ya bokhutlo e e konelang e bo e digela maikuto a
mmadi gore a seka a sala a kaletse.

ITHUTUNTSHE 1

Jaanong moithuti, tlhopha nngwe ya ditlhogo tse di fa godimo o bo o kwala

polelo ya gago ya totlego ya selekanyo sa tsebe le sephatlo.

______________________________________________________________________

  10  
 
  11  
 
4.2 Polelo ya mabaka a nnete

Ke polelo e e kwalwang go itebagantswe le nnete ya se go buiwang ka sone. E ka

rurifatswa ka mabaka le dipalo tse di rurifaditsweng ke baitsaanape kana e le nnete e e
itseweng ke mang le mang. O fa mabaka go tlaleletsa dintlha tsa gago. Mo polelong e,
o rotloediwa go dirisa paka ya jaanong go netefatsa mabaka a gago le go ngoka
kgatlhego ya mmadi.

Ke mofuta wa polelo o go ka tweng o batla moithuti yo o balang ka bophara, a na le

kitso ka tshetlana e go tweng a kwale ka ga yone, fa o se na kitso ka se o kwalang ka
ga sone ga o ka ke wa kwala mo go kgotsofatsang ka o tla bo o pholetha fela mme se
se ka baka gore o latlhegelwe ke matshwao.

a) Sekai sa ditlhogo tsa polelo ya mabaka

Tse ke dingwe tsa ditlhogo tsa polelo ya mabaka a nnete:
- Bodiphatsa jwa ditagi
- Dikotsi tsa di koloi di ile magoletsa
- Boimana jwa banana ga bo jese diwelang mo dikolong

  12  
 
- Botlhokwa jwa thuto

- Boitaolo jwa banana bo sega tsebe
- Bolwetse jwa AIDS bo golela pele mo Botswana
- Mosola wa pula mo Batswaneng
- Lefatshe la Botswana le tlhokomela batho ba lone
- Malatsi a dintsho di dintsi

b) Sekai sa polelo ya mabaka

ELATLHOKO: Mo matsenong a polelo e, go balololwa dintlha tse di tlaa

tlhalosiwang ka botlalo mo mmeleng. Lebelela sekai sa polelo ya mabaka a nnete se
se fa tlase.

Botlhokwa jwa go itshidila mmele

Ba botsogo ba rotloetsa thata gore batho ba itshidile mebele. Go itshidila mmele ke

nngwe ya ditsela tsa go nonotsha botsogo jwa motho. Go ka itshidilwa mmele ka ditsela
tse di farologaneng di tshwana le go taboga, go tshameka koi, go tsholetsa ditshipi le
tse dingwe. Itshidilo mmele e botlhokwa fela thata ka jaana e dira gore mmele o
itekanele, e thusa go thibela malwetsi, e thusa mo itshidilong maikutlo le gone go
faposa banana go dira dilo tse di ka nnang borai mo matshelong a bone.

Batho botlhe, bagolo le bana ba tshwanetse go itshidila mebele ka nako tsotlhe ka

jaana go ba thusa gore ba nne le mebele e e itekanetseng. Go itshidila mmele go
fokotsa mafura mo mmeleng mme se se dire gore mmele o itekanele e bile o lebege.
Go itekanela ga mmele go dira gore motho a nonofe a bo a kgone go dira ditiro tse
dintsi kana tse di bokete a sa lape.

Go itshidila mmele go thusa mo go thibeleng malwetsi a a ka nnang diphatsa mo

botsogong jwa motho. Malwetsi a, a akaretsa jwa madi a matona, sukiri, bolwetsi jwa
pelo, jwa khupelo le a mangwe. Go ya ka ditlhotlhomiso, malwetsi a a tshabelela thata
batho ba ba sa itshidileng mebele. Ka jalo batho ba tshwanetse go itshedila mebele go
lwantsha malwetsi a ka a tseela batho matshelo ka dipalo tse di kwa godimo.

Fa motho a itshidila mmele o sidilega maikutlo, ga a tshabelelwe ke seterese. Go

itshidila mmele go imolola tlhaloganyo, gore motho a se ka a akanya thata ka mathata a
a mo farafereng. Fa motho a na le mathata a bo a ya kwa go itshidilwang mebele teng o
tla a tsenwe ke phefonyana a sa tlhole a imelwa ke mathata ka o tla a bo a kgonne go
bua le batho, gongwe e bile a dirile botsala go mo thusa mo mathateng a a mo apereng.
Se sengwe ke gore go itshidila mmele go dira gore motho dirise nonofo e ntsi e e mo
tlelang fa a imelwa ke maikutlo mo sengweng se se mosola.

Go itshidila mmele go botlhokwa fela thata mo bananeng ka go ba thusa go fapoga go

dira bosula kana boitaolo. Banana ba ba itshidilang mebele ka go tshameka

  13  
 
metshameko e e farologaneng e tshwana le kgwele ya dinao, bolo-tloa le e mengwe ga

ba nne le nako ya go dira ditiro tsa bosinyi ka nako e ntsi ba e dirisa kwa
metshamekong. Ba ba sa tseneleleng metshameko bone ba nna ba sasankega, la
bofelo ba inaakanye le bogodu le ditagi. Banana ba tshwanetse go inaakanya le
dikgang tsa itshidilo mmele gore go nne le se ba se dirang gore ba tswe mo botlhokeng
tsebe.

Go botlhokwa go itshidila mmele ka go thusa thata mo botsogong. Ke rotloetsa

Batswana ka kakaretso go itshidila mebele go fema malwetsi a a re ganyaolang a.
Botsogo bo tla pele, a re itshidileng mebele.

Ke solofela gore o lemogile ka botlalo mabaka a a farologanyeng a mokwadi wa polelo

a neng a a ntsha mabapi le botlhokwa jwa go itshidila mmele.
• Mo matsenong o re lemotshitse ka bophara botlhokwa jwa go itshidila mmele le gore go
dirwa jang
• Mo ditemaneng tsa mmele o atolosa dintlha tse di neng di amilwe mo temang ya ntlha.
O di tsaya ka bongwe ka bongwe a ntsha mabaka a a tseneletseng go supa mosola wa
go sidila mmele le gore go thusa jang banana
• Ya bofelo ya bokhutlo e konotelela ka go rotloetsa botlhe go itshidila go fema malwetsi

ITHUTUNTSHE 2

Kwala polelo ya gago ya mabaka a nnete ka nngwe ya ditlhogo tse di fa godimo.

  14  
 
  15  
 
4.3 Polelo ya Ngangisano

Mofuta o wa polelo one o leka go sokolola mmadi. O leka go bolela bontle kgotsa
bomaswe jwa selo gore le yo o neng a sa bone a kgone go bo bona go papametse. Fa
e le mokwadi a bolela bontle jwa selo, fa a kwadile ka manontlhotlho gore le susu tota,
a a utlwe a bo a se rata kgotsa a se tswela pelo. Fa e le gore o se bua maswe, mongwe
le mongwe o tlaa se tlhowa.

a) Mefuta

ELATLHOKO: Polelo ya ngangisano le yone e mefuta, go na le mofuta o mokwadi

a tshwanetseng go
• tlhamalala fela mo letlhakoreng la gagwe
• go lepalepanya dintlha a supa mosola le go tlhoka mosola wa sengwe.

Mefuta e, e laolwa ke setlhogo sa polelo.

b) Setlhogo
Setlhogo sa polelo ya ngangisano se wela ka gore mokwadi a dumelane le setlhogo
kgotsa a se ganetse. Se se raya gore kwa ntlheng fela, o le mokwadi o tshwanetse go
tlhopha letlhakore le o eletsang go le buelela le go kwala o le mo go lone. Konokono ya
kgang ke gore fa o sena go tlhopha letlhakore o a le papamatsa fela kwa tshimologong.
Ka mantse a mangwe o ka re “Ke dumalana le setlhogo se se reng. . .” kana fa e le
gore o a ganetsa o ka re, “ke ganetsa setlhogo se se reng. . .” Fa o sena go tlhopha
letlhakore o kwala o le mo letlhakoreng le go fitlhelela kwa bofelong jwa polelo o
sa tlolele ka kwa letlhakoreng le o sa le tlhophang.

Go botlhokwatlhokwa gore o le moithuti o se ka wa tlhopha letlhakore fela o lebile

maikutlo a gago ka setlhogo seo. Tsaya nako pele o sekaseke gore a o na le mabaka a
a lekanyeneng a o ka ikakatlelang ka one go buelela letlhakore le o le tlhophileng.
Eseng jalo, fa o ya le maikutlo a le nosi, o ka tlhoka dintlha o bo o latlhegelwa ke
matshwao. Sekai, fa setlhogo se re Tiriso ya thupa e thusa go aga moithuti, dumela
kgotsa ganetsa, wena o bo o tlhopha go ganetsa fela ka gore o kile wa betswa kana o
tshaba thupa jaanong o batla go imolola maikutlo a gago mabapi le thupa, ga go a
siama. Kilo e ya thupa e kgona go go thiba matlho o bo o sa lebe dilo sentle.

Dikai tsa ditlhogo tsa polelo ya ngangisano ke tse di latelang

- Ngalo ditiro ya badirelapuso e siame

- Ngwao ya Setswana e a gatelela
- Bongaka jwa setso bo botoka go na le jwa sekgoa (lepalepanya dintlha)
- Maranyane a seša a tlisitse bosula go na le bomolemo
- Botshelo jwa selegae bo gaisa jwa setoropo (lepalepanya dintlha)
- Katlholelo loso e tshwanetse go emisiwa mo Botswana
- Katlholo ya go kgwathisa e siame thata.

  16  
 
- Boorra-dikgwebo ba batswakwa ba diga itsholelo ya Botswana

- Go thubega ga diphathi tse di ikopantseng tsa kganetso go tlisitse boitlhobogo
mo Batswaneng. (Dumela kgotsa ganetsa).
- Mananeo a banana a nyeletso lehuma a rotloetsa go tlhoka boikarabelo mo
bananeng. (Dumela kgotsa ganetsa).

c) Sekai sa polelo ya ngangisano

Fa tlase o filwe sekai sa polelo ya ngangisano. E bale ka kelotlhoko go bona mokwadi o
wela ntlha efe le mabaka a a ntshang go buelela letlhakore la gagwe.

Basadi ga ba a tshwanela go nna baeteledipele

Ga ke dumalane le setlhogo se se reng ‘Basadi ga ba a tshwanela go nna

baeteledipele’, nna ke bua ke kanotse sehuba ka re “basadi ba tshwanetse go nna
baeteledipele”. Basadi ba na le bokgoni fela jaaka banna ka jalo ga ba a tshwanela go
rontshiwa maemo a boeteledipele. Banna ga ba a bewa letshwao gope gore ke bone
fela ba ba tshwanetseng go nna baeteledipele mo maphateng otlhe a ga goromente ka
jalo, moo ke dipuo fela tse di lekang go timetsa lefatse le go rontsha basadi ditshwanelo
tsa bone.

Re le batho re na le bokgoni jo bo farologaneng, jalo he, re tshwanelwa ke go letlelelwa

gore re itshupe go sa kgathalesege gore a motho ke rre kana mme ka jaana
senampatshwana sa morwadia kgosi re se bona mogang bojale bo aloga. Bomme ba
na le bokgoni fela jaaka banna mme e bile fa gongwe bokgoni jwa bone bo kgona go
feta jwa banna. A ba fiwe sebaka sa go nna baeteledipele gore ba itshupe ba bo ba re
belege ka Motswana a rile, “mosadi thari ya setšhaba”. Fa re ka kganela bomme go nna
baeteledipele re tla belegwa ke mang gape re tla itse jang bokgoni jwa bone?

Le fa go twe ga di ke di etelelwa ke manamagadi pele, seo Setswana se saletse kwa

morago e bile ga se bereke mo malatsing a gompieno ka se supa kgatelelo. Ke kgatako
ya ditshwanelo tsa setho. Rotlhe re a lekalekana, ga gona yo go tweng ene o
tshwanetse go etelela pele fela ka gore ke monna. Fa mosadi a na le dithutego tse di
tshwanang kana tse di fetang tsa monna, le ene o tshwanetse go etelela pele. Mo
malatsing a gompieno go rena tekatekano, ga gona tsietsa Motswana. Gape bomme ba
le bantsi a eteletse malapa a bone mme ketapele e tshwanetse go atologela gongwe le
gongwe fa mosadi a dirang teng. Basadi ba gateletswe ke ngwao go lekane, gompieno
molao o ba eme nokeng. Tota mo kgannyeng ya boeteledipele, se se tlhokafalang
bokgoni jwa motho e seng gore bong jwa gagwe. Bong tota jone bo tsena fa kae gone
fa fa e se dilo tsa kgatelelo fela.

Ke gana ke sa ošeoše e bile ke sa lebe kwa morago le kgang ya gore basadi ga ba a

tshwanela go nna baeteledipele, nna ka re basadi ba tshwana fela le banna, ba
tshwanetse go nna baeteledipele. E tla a bo e le kgokgontsho ya maemo a ntlha fa
mosadi a ka kganelwa go nna moeteledipele fela ka gore ke mosadi le fa a na le
bokgoni. E bile se se tla bo se rontsha lefatshe go akola bokgoni jwa bomme mo

  17  
 
boeteledipeleng. A re amogele gore bomme le borre ba farologana ka bong mme botlhe

ba na le bokgoni. A botlhe ba letlelelwe go dirisa bokgoni jwa bone ka go lekalekana ba
sa kgorelediwe ke sepe.

A re utlwe gore o utlwile polelo sentle. Tsaya sebakanyana go akanyetsa kana go

buisana le yo o ithutang le ene ka dipotso tse di latelang pele ga o tswelela ka
ithutontsho ya gago.

Letlhakore la mokwadi ke lefe?

Mabaka a matona a a itsetsepelang ka one mo letlhakoreng la gagwe ke afe?

A o dumalana le ene, ka go reng?

ITHUTUNTSHE 3

Tlhopha nngwe ya ditlhogo tsa polelo ya ngangisano tse o di filweng o bo o kwala

polelo ya selekanyo sa tsebe le sephatlo.

  18  
 
_____________________________________________________________________

______________________________________________________________________
______________________________________________________________________
______________________________________________________________________
______________________________________________________________________

  19  
 
5.4 Polelo ya tlhaloso

Polelo ya tlhaloso ke e mokwadi a tlisang ‘setshwantsho’ ka go dirisa puo go tlhalosa

dilo. Se se dira gore tlhaloganyo ya mmadi e bope setshwantsho sa se go buiwang ka
sone. Dipolelo tsa tlhaloso di botlhokwa ka di tlisa ka botlalo maitemogelo a mokwadi /
mmui. Mmadi o tshwanetse go dirisa maikutlo le tlhaloganyo ya gagwe go tlhakanela
maitemogelo le mokwadi.

Mokwalo wa tlhaloso o o atlegileng o tshwanetse wa latela melawana e mene e e

latelang:
• Lebelela dilo ka kelotlhoko
• Bopa mogopolo wa konokono
• Tlhopha dintlha tsa konokono tse di tsepameng
• Rulaganya dintlha tsa gago sentle

Dikai tsa ditlhogo tsa polelo ya tlhaloso

- Morutabana yo ke mo ratang thata
- Loeto ka terena
- Letlhafula
- Go nna monnye go jesa maswe
- Motsadi wa me
- Tautona wa pele yo ke mo ratang

Fa tlase o filwe sekai sa polelo ya tlhaloso, se bale o tsee botsipa jwa go kwala mofuta
o wa polelo.
Morutabana yo ke mo ratang thata

Morutabana yo ke mo ratang thata ke MmaMogapi. O ruta thuto ya maranyane mo

sekolong se segolwane sa Moletlo. Kwa gae o tswa kwa Semolale mo kgaolong ya
Bobirwa. Ke mosadi yo o dingwaga tse di fa gare ga masome a mane le masome a
matlhano. Ke rata go bua ga gagwe, Setswana sa gagwe ke sa Sebirwa.

Ke rata MmaMogapi ka gore ga a nke a itaya baithuti, o bua le bone fela ba bo ba dira
tiro. Ga o ka ke wa bona a fufutse a tshwere dithupa jaaka barutabana ba bangwe. Ga
ke ise ke bone a betsa moithuti ope mme o bogale. Fa moithuti a sa dira tiro ya gagwe
o mo emisa ka dinao a bo a e dira a eme jalo mme ene a tsweletse a ruta.

Lebaka le lengwe gape le le dirang gore ke rate MmaMogapi ke gore o apara bontle e
bile o a tshwanelwa ka e bile o mmele o o matlabanyana. Ga a ke a apara
bokhuthswane jo bo fa jo bo tlhabisang ditlhong. O fitlhela e kete diaparo di segetswe
mo go ene. Fa a gata fa, barutabana ba banna ba ema ka dinao go mmona sentle,
kgarejwana e tshetlhana. Moriri wa gagwe o nna o le montle o kgatlhisa.

  20  
 
Se sengwe gape ke gore, MmaMogapi o itse tiro ya gagwe. Baithuti ba gagwe ba dira
bontle thata mo dithutong tsa maranyane, se se raya gore o itse go ruta tota. O gaisa
barutabana ba bangwe ba ba rutang thuto ya maranyane. Ngwaga o o fetileng
mogokgo o mo file seetsele sa go nna le maduo a a kwa godimo mo sekolong. Ga a ke
a tla thutong a sa ipaakanya, e bile fa a ruta re a tlhaloganya. O re fa tiro e e
lekanetseng, e se ntsi jaaka ya barutabana ba Setswana. Fa a re file tiro o tshwaya
dibuka tsa rona ka nako.
Fa barutabana ba bangwe ba ka bo ba tshwana le MmaMogapi, ke ka bo ke ba rata.
MmaMogapi o bonolo gape o lorato. Ke mo rata tota, o kare o ka bo a le mme.

ELA TLHOKO:
Mo polelong e moithuti, o tla lemoga gore mokwadi wa polelo o dirile gore temana
nngwe le nngwe e nne le se e buang ka sone jaana,
• ya ntlha ke gore ga a betse baithuti,
• ya bobedi o apara sentle e bile o a tshwanelwa,
• ya boraro o itse tiro ya gagwe.
• Go bo go nna le bokhutlo.

O solofelwa go dira jalo ka ditemana tsa gago go itsa go tlhakatlhakanya dintlha.

Ditemana le tsone go tshwanetse ga nna le mafoko a a di lomaganyang, one ke a a
ntshofaditsweng.

ITHUTUNTSHE 4

Kwala polelo ya selekanyo sa tsebe le sephatlo ka nngwe ya ditlhogo tse di fa

godimo tsa polelo ya tlhaloso.

  21  
 
  22  
 
4.4 Polelo ya seemo

Ke mofuta wa polelo o mo go one moithuti a bewang seemo sengwe pele a bo a kopiwa

go kwala ka ga sone. Mokwadi wa polelo o tshwanetse go dirisa bokgoni jwa gagwe go
tlhama le go aga seemo seo a bo a se neela mmadi jaaka e kete ke sa gagwe kgotsa o
ntse a se tlwaetse.

a) Polelo e e farolagana le tse dingwe jang?

Mofuta o wa polelo o farologana le e mengwe ka ditsela tse di latelang:
• Mo go one ga se gantsi go ntshiwa tlhogo gore moithuti a kwale ka yone. Mo
boemong jwa moo go ntshiwa kgang gore a itebaganye le yone jaaka go
laetswe.
• Mofuta o wa polelo o kgona go wela mo mefuteng e e fa godimo, go ya ka gore
kgang ya polelo ya teng e ntse jang.
• Mo go one o ka tlatsa se se kwadilweng/buiwang mme se tlogetswe se sa felela,
o ka se ganetsa kgotsa wa dumalana naso.

b) Dikai tsa ditlhogo tsa polelo e

Dikai tsa ditlhogo tsa polelo ya seemo ke tse di latelang
- Fa ke ka bo ke le tautona
- Fa ke ka nna kgosi
- O reeditse batho ba tsere kgang ka melelo ya naga. Kwala polelo o ntshe
maikutlo a gago mabapi le melelo ya naga le gore o akanya gore batho ba
tshwanetse go itsaya jang fa ba bona naga e e ša.

  23  
 
c) Sekai sa polelo ya seemo

Se ke sekai sa polelo ya seemo, se bale go itlhokoletsa mofuta o wa polelo:

Fa ke ka bo ke le tautona

Tautona ke motho yo o tlotlegang thata mo setšhabeng. Gore motho a nne tautona o a

bo a tlhophilwe ke setšhaba, ke gore phathi ya gagwe e a bo e fentse ditlhopho. Ke
batla go nna tautona go direla lefatshe lame le gore ke tlotliwe ke batho.

Fa ke ka bo ke le tautona ke ne ke ka fetola dilo tse dintsi. Ke ne ka ka simolola fela ka

go fetola tsamaiso ya puso ya rona. Kgang ya konokono e ke neng ke tla e tsenya
leitlho thata ke ya puso ya batho ka batho e e senang tsietso. Keletso ya me e tona ke
gore ditlhopho e nne tse di senang bofitlha bope ka go tlhomamisa gore dilo di direlwa
mo pontsheng e bile le meamuso ya lefatshe ga e dirisiwe botlhaswa mo ipapatsong ya
ditlhopho.

Tirisano mmogo le kutlwisisano mo setšhabeng e ka nna dingwe tsa maitlamo a me.

Ngwao ele ya dikgomo tsa mafisa ke ka e rotloetsa gore Batswana ba nne le mowa wa
bojammogo. Ke ne ke tla ema Batswana nokeng mo go itirelelng ka diatla tsa bone re
sa kope dithuso kwa mafatsheng a sele. Re tswa kgakala ka mowa wa boipelego, ka
jalo ke tla rotloetsa Batswana gore ba bereke ka thata go tlhama mebereko.

Itsholelo ya rona ke batla e balelwa mo go tse di kwa godimo lefatshe ka bophara.

Mohama wa ditswammung e tlaa bo e se one fela o o re fang madi. Bojanala, papadi,
madirelo le temothuo e tla nna dikarolo tse di tla re fang madi ka gore tsone di na le
mmaraka. Fa ke ne ke le tautona, ke ne ke tla dira gore ledi la pula le tsholetsege
tlhwatlhwa. Phadisano ya lone le ledi la dolara e ne e tla nna e e mašetla tota.
Jaaka ke eletsa go nna tautona jaana, ke tla netefatsa gore ke tlhwaafalela dithuto tsa
me gore ke fitlhelele ditoro tsa me. Keletso ya me ke go dira Botswana yo o ka
phadisanang le mafatshe mo dikarolong tsotlhe. Lefatshe la China le ne le tla utlwa ka
rona.

Mo polelong e jaaka fa gotwe ke ya seemo, o neetswe seemo sa gore “ o itsee o a ka re

o tautona mme o bue gore o ne o ka dira jang. Jaaka go supilwe gantsi polelo e e batla
gore o bo o le motho yo o balang jaaka mo seemong se o tshwanetse go bo itse dilo tsa
botlhokwa tse lefatshe le di tlhokang go tlhabologa sentle, o bo o remelela mo go tsone
ka bongwe ka bongwe mo ditemaneng tsa gago tsa polelo.

  24  
 
ITHUTUNTSHE 5

Ikwalele polelo ya seemo ya selekanyo sa tsebe le sephatlo ka nngwe ya ditlhogo

tse di fa godimo.

  25  
 
  26  
 
5.0 Dilo dingwe tse di ka go thusang go kwala polelo ya maemo a a kwa godimo

Polelo e tshwanetswe go kwala ka botswerere le bothakga, dintlha di rulagantswe

sentle ka tatelano e e bobebe, nngwe le nngwe e le fa e tshwanetseng go nna teng.
Ntlha e nngwe e e botlhokwa mo polelong ke puo. Puo ya polelo e tshwanetse go nona,
ya nna tshume.

5.1 Fa o kwala polelo, ela tlhoko dintlha tse di latelang:

• Tlhomamisa gore o tlhaloganya setlhogo pele o simolola go kwala.
• Tlhomamisa gore o tlhaloganya mofuta wa polelo e o tshwanetseng go e kwala.
se se tla go thusa gore o se ka wa pholetha.
• Batlisisa gore o tshwanetse go kwala go le kana kang, boteng le bophara.
• Dira lenaneo la polelo ya gago, le dintlha tse o tla itebaganyang natso, le jaaka di
latelana (togamaano). Se se tla dira gore o kgone go itse gore mo matsenong go
tsena ntlha efe, mo mmeleng go tsena dintlha dife, le gore mo bokhutlong go
tsena ntlha efe.
• Fa e le gore polelo ke ya seemo se se rileng, tlhomamisa gore o tlhaloganya
sentle se o tshwanetseng go se dira go itebeganya le seemo se se beilweng fa
pele ga gago.
• Dirisa puo e e lebaneng kana e e tshwanetseng, o bo o kabakanye diele tsa
gago gore polelo ya gago e nonofe, e tshele.
• Ela tlhoko paka e o e dirisang, se ete o tswakanya dipaka.

5.2 Tsiboso ka tse di lebelelwang fa go tshwaiwa polelo

Matshwao a polelo otlhe ke masome a mabedi le bothano (25) mme o ya go tshwaelwa

polelo go lebilwe tse di latelang:
• Kagego ya diele le mefuta ya diele
• Mokwalo o o lolameng
• Popego ya temana le naalano ya ditemana
• Matshwao a mokwalo
• Mopeleto wa mafoko
• Tiriso ya puo (manatetshapuo)
• Khumo ya mafoko
• Megopolo
• A tlhamo ke ya mokwadi e bile e agegile sentle
• A mokwadi o mo setlhogong

A re tsee dingwe tsa tsone ka bongwe ka bongwe re bone gore di batla eng

  27  
 
a) Kago ya diele (sentence structure)

Mo polelong, go batla o dirisa mefuta yotlhe ya diele. Mefuta ya diele ke:

Tse dikhutshwane (simple sentences) Bontsi jwa tsone di na le lediri le le lengwe
Sekai: Pule o a rema

Diele tse di leejana (compound sentences) Bontsi jwa tsone di na le madiri a le

mabedi kgotsa go feta.
Dikai: Neo o setla mabele ka gore o batla go apaya
Neo o apeile bogobe ka a tshwerwe ke tlala thata

Diele tse dileele gape di le matswakabele (complex sentences). Bontsi jwa tsone di na
le madiri a a fetang bobedi, go na le dikarolo tse dingwe tsa puo jaaka ditlhaodi,
maetsisi, masupi, maemedi, malatlhelwa, makopanyi, matshwao a tomagano mme e
bile go dirisitswe matshwao a mokwalo a a farologaneng.

Sekai:
Pule o ne a apeile dijo tse dintsi jaaka nama, bogobe le phane mme le fa go ntse jalo o
ne a di ja tsotlhe a tima bana ka a ne a tshwerwe ke tlala thata.

b) Tlotlontswe kana khumo ya mafoko (vocabulary)

O le moithuti o solofelwa go dirisa mafoko a a sa dirisiweng mo puong ya letsatsi le

letsatsi. O tshwanetse go dirisa mafoko a a tiileng, a a bokete gape e le a a
amogelesegang. Ga o letlelelwe go dirisa mafoko a a adimilweng mo dipuong tse
dingwe kwa ntle ga fa o tlhokile lefoko la Setswana. Sekai sa mafoko a ke:
sekgantshwane, moeka, legofi, naletsana, kgabagare jalo jalo.

Dingwe tsa dikai tsa mafoko a a letlelesegang le a a sa letlelesegeng ke a a latelang:

MAFOKO A A LETLELESEGANG MAFOKO A A SA LETLELESEGENG

1.Dira/ tiro 1.Bereka / Mmereko
2.Letlhabaphefo 2.Seokomelabagwe / Fensetere
3.Tlhobolo 3.Sethunya
4.Lookwane 4.Peterole
5.Sebaka 5.Tshono/Monyetla
6.Ntlwana ya 6.Kamore
boapeelo/boikhutso/borobalo/ jalojalo
7.Marekisetso 7.Mabentlele
8.Kokelo 8.Sepatela
9.Kgolegelo 9.Toronko
10.Modisadikago 10.Makatane
11.Tsala 11.Mmata
12.Kgetsi / Kgetsana 12.Beke
13.Koloi 13.Sejanaga
14.Lorato/Lerato 14.Marato

  28  
 
15.Tlile 15.Tsile
16.Mogopo 16.Beisane
17.Gakgamala 17.Makala
18.Gakala 18.Kelema
19.Puso 19.Goromente
20.Lebole / Legofi 20.Mpama/ tlelapa
21.Tshwenyega 21. Kgathala
22.Kgang 22.Kgetsi
23.Lelwapa/ Lelwapeng / Lwapeng 23.Motse
(compound)

c) Matshwao a mokwalo (punctuation)

O le moithuti o tshwanetse go tshwaela polelo sentle gore matshwao a a mokwalo a go

thuse go ntsha bokao. Dirisa matshwao otlhe fela, e seng go dirisa khutlo le
phegelwana fela.
Sekai: E rile fa a tla go bona a re gatse! A gadima mme a bona go se na ope yo o ka
mo thusang.
E rile a araba a re “ga ke batle go bua sepe le. . .” a mo tsena ganong.

d) Mopeleto wa mafoko (spelling)

O le moithuti o solofelwa go itse go kwala mafoko a Setswana sentle. Fa o sa dire jalo o

latlhegelwa ke matshwao. Mafoko mangwe a baithuti ba sa a kwaleng sentle ke
a:

LE LE SIAMENG LE LE SA SIAMANG
TSHWANETSE TSWANETSE
KGONNYE KGONYE
NTWA NLWA

e) Mokwalo o o lolameng (orthography)

Ela tlhoko gore o tshwanetse go kwala mokwalo o o siameng gape o lolame. O

tshwanetse go tsenya tlhaka / l / fa go tlhokegang le go e tlogela fa go tshwanetseng.
Fa o tlogetse tlhaka e mo lefokong mme go itsewe e na le lone o latlhegelwa ke
matshwao. O tshwanetse go itse gape gore go na le mafoko a a tshwaraganngwang le
a a sa tshwaraganngweng fa a kwalwa.

  29  
 
Dikai:

A A TSHWARAGANANG A A SA TSHWARAGANENG
Katse e gone mo ntlong moo Go ne go tletse mo kerekeng
Fa a sena go opela o ne a lela O ne a se na diaparo fa a tswa tirong
Pule o a seka kwa kgotleng O se ka wa ba wa ja dijo tseo
Ame, Same, Tsame, Bame (ke maina a A me, sa me, tsa me, ba me ke marui a a
batho) buang dilo tsa mmui.

f) Popego le naalano ya ditemana (paragraphs)

• Bontsi le boleele jwa ditemana bo laolwa ke setlhogo.

• Temana ga e a tshwanela go nna teleletelele.
• Temana e tshwanetse go bua ka / tshwara moono / ntlha e le nngwe, e seng go
bua ka tse pedi le go feta mo temaneng e le nngwe. Fa meono e le mentsi ga go
nne le naalano.
• Ditemana di tshwanetse go logagana, di lomaganngwa ka mafoko a tshwana le
[se sengwe, se sengwe gape, gape, mo godimo ga moo, jalo jalo]
• A go nne le seele sa tlhogo se se rweleng bokao jwa se temana e buang ka ga
sone
• A go nne le diele tsa tsweletso / tlaleletso tse di tlaleletsang mo go se se
buiwang ke seele sa tlhogo kgotsa di atolosa se se buiwang ke seele sa tlhogo.
• Temana e bopiwa ka diele e seng seele se le sengwe. Fa ke gone fa matshwao
a latlhegang teng fa.

g) A mokwadi o mo go se setlhogo/ se potso e se batlang

Go botlhokwa go itebaganya le se potso e se batlang gore o e arabe ka botlalo. Go

botlhokwa gore o lebelele setlhogo thata gore se go kaele gore o tshwanetse go kwala
ka ga eng. Tsepama mo setlhogong fa o kwala e seng go senya nako ka go tshwara
kwa le kwa.

h) Manatetshapuo / puo e e bofitlha / go kgabisa polelo

Polelo e tshwanetse go kgabisiwa gore e kgatlhise. O le moithuti o tshwanetse go dirisa

puo e e nonneng, e e gogelang gore polelo ya gago e balwe ka jaana e tla bo e na le
molodi. O ka dira jalo ka go dirisa manatetshapuo: Diane, maele, matshwantshi, le puo
nngwe fela e e tlhokang go tlhaloswa kgotsa e e bofitlha. Puo e e tshwanetse go
dirisiwa sentle.
Fa o dirisa diane le manatetshapuo a mangwe mo polelong ga o a tshwanela go di
tlhalosa. Sengwe ke gore diane ga di kgaolwe, o di dirisa jaaka di ntse. Se sengwe ke
gore fa o di dirisa ga o di tsenye mo ditsejwaneng.

  30  
 
Ela tlhoko gore, gore o nne le letshwao le le botoka ke gore o bo o dirisitse diane
tse nne kgotsa go feta mme o di dirisa sentle. Mme gape o tshwanetse go
tlhokomela gore o se ka wa di tlopela ka gore le gone go felela go tswapola
monate wa tsone.

O tlamega go ithutuntsha dipolelo ka go nna o leka go kwala mefuta ya dipolelo

go tswa mo ditlhogong tse di filweng e le dikai o ntse o itlhokotsa, ga kere ga o
itse gore go ya go bodiwa ya mofuta mang?

  31  
 
KGAOLO 2

DIKWALO TSA BOTSALANO LE SEMMUSO

1.0 Tshedimoso

Mo malatsing ano, ditsela tsa go thaeletsana di dintsi e bile di a farologana. Re kgona

go thaeletsana ka mogala wa letheka, wa thelekeramo, seromamowa, e-mail, internet le
lekwalo. Le fa go ntse jalo, tsela e e tlwaelesegileng e bile e tswa kgakala ya go
tlhaeletsa ke ya go kwala lekwalo.

Mo ditlhatlhobong tsa bofelo tsa JC, potso ya lokwalo e fitlhelwa mo

pampiring ya boraro mo karolong ya bobedi. Gore o kgone go araba potso e
ke fa o itse sebopego sa lokwalo le mefuta ya dikwalo.

2.0 Maikaelelo a Kgaolo e

Kwa bofelong o bo o ka kgona go:

• kwala dikwalo tsa botsalano le tsa semmuso ka fa tshwanelong

• Fetola lekwalo la semmuso le la botsalano ka fa tshwanelong
• Kwala lekalo la semmuso o itebagantse le popego le diteng tse di tshwanetseng

3.0 Mefuta ya Makwalo

Makwalo a a farologana go tswa fela gore go kwalela mang e bile go buiwa ka ga eng.
Jaaka fa o kwalela motsadi go tlaa farologana le fa o kwalela mokgokgo o kopa phatlha
ya sekolo. Lekwalo le le kwalelwang motsadi, tsala kana mongwe fela yo o nang le
botsalano bongwe le ene le bidiwa la botsalano. Lekwalo le go kwalelwang mogokgo le
rakgwebo kana lengwe la maphata kana makgotla a a ka fa tsamaisong ya diofisi tse di
farologaneng le bidiwa la semmuso.
Mefuta e mebedi e ya makwalo le fa e farologana ka mokgwa wa go kwalwa, ka bobedi
e dira tiro ya go ikgolaganya le mongwe kana bangwe go ba itsise sengwe. Mabaka
mangwe a go kwalwang ka one ke:

- Go laletsa
- Go itsise
- Go kopa maitshwarelo
- Go gomotsa
- Go ngongorega

  32  
 
- Go botsa
- Go reka kwa mafelong a sele
- Go kopa tiro
- Go leboga, jalo jalo

3.1 Lekwalo la botsalano

Ke lekwalo le o le kwalelang batho ba o amanang kana ba o tlwaelaneng le bone ka

tsela nngwe. E ka nna batsadi, ditsala kana ba losika. Mo lekwalong le o kwala:
- Ka kgololesego mme legale o dirisa mafoko a o itseng gore ga a ka ke a kgopisa
mokwalelwa.
- O tlhopha puo e e lebaganeng se o buang ka gas one le yo o mo kwalelang.
- O ka dumedisa wa ba wa botsa matsogo.
- O itekodisa yo o mo kwalelang, go ya gore lo tsalana kana lo tlwaelane go le
kae.
- O buisana le batho ba o ba itseng, ka jalo ga go tlhokafale gore o kwale sefane
sa gago.

a) Popego:

Lekwalo la botsalano le na le motheo le melawana e e latelang:

- Lesupafelo le lengwe, ke la mokwadi
- Lone le bewa kwa godimo ka kwa mojeng gape le kwalwa le lebaganngwa
- Ga go kwalwe go khutshwafadiwa
- Ga go tsenngwe matshwao ape a mokwalo
- Kgwedi e kwalwa ka Setswana ka botlalo
- Go tlolwa tselana pele fa go kwalwa kgwedi

b) Matseno (Tumediso)

Mo lekwalong la botsalano o ka dumedisa yo o mo kwalelang ka leina kana ka fa

tlwaelong go ya ka botsala jwa lona, jaaka; Dineo / tsala / rre / mme / batsadi jalo jalo.
Tumediso e kwalwa go se na go tlotlwa tselana morago ga go kwala kgwedi ka fa
molemeng. Ga go tsenngwe matshwao a mokwalo.

c) Mmele

Mmele wa lekwalo o tshola dikgang tse di romelwang. O kgaoganngwa ka ditemana.

Ditemana di tshwanetse go agega ka fa tshwanelong; din a le seele sa tlhogo, diele tsa
tsweletso le seele sa konelo. Ditemana di tshwanetse go nyalana. Go tlolwa tselana
morago ga temana nngwe le nngwe. Ditemana di simololwa kwa moleng o o ka fa
molemeng. Ga go sekamesiwe bosimologo jwa temana.

  33  
 
d) Bokhutlo

Kwa bofelong o tshwanetse wa ipolela gore o mang. Bokhutlo le jone bo laolwa ke gore
o itsane jang le yo o mo kwalelang le gore kgang e o e buang e tlhoafatse kana e iketlile
fela go le kae. Fa go kwalwa leina ga go sekamesiwe e bile ga go tsenngwe matshwao
a mokwalo. Ga go bewe monwana kana ga go tekenngwe pele / morago ga go kwala
leina.

e) Sekai sa lekwalo la botsalano

Se ke sekai sa lekwalo la botsalano:

Kwala lokwalo lwa selekanyo sa tsebe ka taelo e e fa tlase.

O moithuti yo moša mo sekolong se segolwane mme go batlega madi a
ditlhabololo tsa sekolo. Kwalela rrago o mo kope go go duelela madi ao.

Motshegwe Secondary School

P O Box 132
Morukuru

10 Motsheganong 2018

Ntate

Ke solofela fa le santse le tsoga sentle kwa Maboneng. Kwano re a tsoga, fa e se fela

gore re go tlhwaafaletse. Ke go itsise fa go batlega madi a ditlhabololo tsa sekolo a a
kanang ka masome a supa a dipula le a a duelang motho yo o re phepafaletsang
matlwana a boiteketso a a kanang ka masome a mararo a dipula. Madi ao otlhe ke
lekgolo la dipula.

Mogokgo o gateletse thata gore re bo re a duetse mafelo a kgwedi eno ya

Motsheganong. Gatwe yo tla sekeng a duela ka nako e e beilweng o tla busetswa kwa
lapeng. Ke kopa gore fa go kgonega o a nthomelele fela le se na go amogela ka di 20.
O a romele ka mogala gore a goroge ka pela.

O dumedise nnake Tumi, ke mo tlhoafaletse thata.

Ngwana wa gago
Lekeka

  34  
 
Elatlhoko tse di latelang mme o lebelele gore:

• karolwana nngwe le nngwe ya lekwalo jaaka lesupafelo, ditumediso, bokhutlo jalo jalo di
kwadilwe jang e bile di beilwe fa kae. Dikarolwana tse tsotlhe di tshwanetse go nna fa di
beilweng teng nako le nako jaaka fa o bona mo lekwalong le. Fa wena o ka baya nngwe
ya tsone gosele, go raya gore o tlhakatlhakantse thulaganyo ka jalo o latlhegelwa ke
matshwao
• Ke dife dikarolwana tse di ikemelang ka nosi le gore go tlolwa mola fa kae ga go tlolwe
fa kae. Go fa sekai, lesupafelo la mokwadi le kgwedi di beilwe golo go le gongwe fela
mme di farologantswe ka go tlola mola fa gare ga tsone
• Dikarolwana tsa lekwalo di tlhomagana kana di rulagana jang
• Ditemana di kgaogantswe jang. O tla bona gore mo lekwalong le o le filweng e le sekai,
mo temaneng ya ntlha mokwadi o dumedisa motsadi a bo a mmolela kgang e a mo
kwalelang ka yone. Go ntse jalo, mo lekwalong temana ya ntlha e tshwanetse go
itebaganya le go tlhalosa gore tota lekwalo le kwalwa go batlwa eng. Mo temaneng ya
bobedi o mmolelela ka gore gatwe ditlamorago ke dife fa motho a sa duele le go kopa
rraagwe gore a romele mado leng go itsa se. Ya bofelo o romela madume. E ke
thulaganya e ntle thata ya ditemana ka gore temana nngwe le nngwe e lebagana le
ntlha e le nngwe ya botlhokwa

ITHUTUNTSHE 1
Kwala lekwalo la selekanyo sa tsebe o laletsa tsala ya gago moletlo wa lenyalo la
ga malomaago. Fa o le kwadile, isa kwa senthareng go bontsha morutabana a go
kaele diphoso.
______________________________________________________________________
______________________________________________________________________
______________________________________________________________________
______________________________________________________________________
______________________________________________________________________
______________________________________________________________________
______________________________________________________________________
______________________________________________________________________

  35  
 
  36  
 
3.2 Lekwalo la semmuso

Lekwalo la semmuso le kwalwa ka mabaka a le mantsi. Go ka tswa go kwalelwa go

kopa tiro, phatlha ya sekolo, go ngongorega, go romela dilwana, kana go kopa sengwe
fela.
Puo ya lone e haphegile e bile ke e e tlhoafetseng. Le tshwanetse la nna lekhutshwane
ka go buiwa fela se se tlhokafalang. Ke ka moo fa o batla tiro kana gongwe o kopa
phatlha ya sekolo mme go ne go gatisitswe mo pampiring nngwe ya dikgang, o
tshwanetse gore o bale ipapatso eo thata o e tlhaloganye o ise o kwale. Mme fa o setse
o tla go kwala o bo o etse tlhokogore o kgotsofatsa tsotlhe tse di batlegang mo
ipapatsong eo. Ela tlhoko gore ke tiro ya mofuta mang? Go batlega motho yo o badileng
lekwalo lefe? A wena o na le ditlankana tse di tlhokafalang? A o na le bapakedi?
Ipapatso e tswalelwa leng? Jalo jalo.

a) Popego
Lekwalo la semmuso le na le melawana e e latelang:
- Masupafelo a mabedi; e bong la mokwadi le la mokwalelwa.
- La mokwadi le bewa kwa godimo ka fa mojeng mme la mokwalelwa le bewa ka
fa molemeng. Lone le simololwa ka maemo a yo o kwalelwang.
- Go tlolwa tselana fa gare ga masupafelo a mabedi a.
- Ga go kwalwe go khutshwafadiwa
- Masupafelo a a lebaganngwa
- Ga go tsenngwe matshwao ape a mokwalo.
- Kgwedi e kwalwa ka Setswana ka botlalo ka fa lesupafelong la mokwadi.
- Go tlolwa tselana pele fa go kwalwa kgwedi.

b) Matseno / Tumediso
Mo lekwalong la semmuso tumediso e kwalwa go se na go tlolwa tselana e e fa tlase ga
ya lesupafelo la yo o kwalelwang ka fa molemeng. Tumediso e tshwanetse ya nna ‘Rra
/ Mma’ fa go sa supiwa leina la yo o tshwanetseng gore o mo kwalele. Temana ya ntlha
ga e tlhoke madume. Botsogo jwa mokwadi ga bo na mosola ka gore go buiwa ka tsa

  37  
 
tiro kana tsa kgwebo. O tshwanetse wa itebeganya fela le se e leng maikaelelo a go

kwala lekwalo leo.

c) Mmele
Tlhaloganya sentle gore lekwalo le o le kwala ka mabaka afe. Dirisa puo e e lebaneng
se o buang ka sone le motho yo lekwalo le mo lebaneng. Dirisa mafoko a a
tlhamaletseng, a a motlhofo go tlhaloganyesega. Se kwale diele tse diteleletelele tse di
matswakabele. Ditemana di tshwanetse tsa agega ka fa tshwanelong di na le seele sa
tlhogo, diele tsa tsweletso le seele sa konelo. Ditemana di tshwanetse go nyalana. Go
tlolwa tselana morago ga temana nngwe le nngwe.

d) Bokhutlo
Feleletsa lekwalo la gago ka mafoko a a tlhomamisetsang mokwalelwa tlhoafalo ya
gago. Bokhutlo jwa lekwalo le bo tlhoka gore mokwadi a ipolele ka botlalo ka go kwala
leina le sefane. Fela jaaka mo lokwalong lwa botsalano, ga go bewe monwana /
tekenngwe gope.

e) Sekai sa lekwalo la semmuso

Lebelela sekai sa lokwalo lwa semmuso se se latelang o etse tlhoko tse di builweng fa
godimo:
Kwala lekwalo lwa selekanyo sa tsebe o kope tiro ya go nna ramaranyane mo
komponeng ya motlakase.

  38  
 
Private Bag 49

Kanye

27 Phalane 2018

Mookamedi
Botswana Power Corporation
P O Box 571
Gaborone

Rra / Mma

Ke kwala ke kopa tiro ya go nna ramaranyane wa tsa motlakase e ke e boneng e

bapaditswe mo pampiring ya Mmegi ya kgwedi ya Lwetse e tlhola gararo monongwaga.

Ke lekawana la dingwaga tse di masome a mabedi le boraro. Ke tsene sekolo se

segolwane kwa Lobatse Senior Secondary School mme ka tswa ka maemo a bobedi ka
ngwaga wa 2011. Morago ke ne ka ya go ithutela motlakase kwa sekolong sa ikatisetso
ditiro tsa diatla kwa Jwaneng Technical College go tswa ka 2012 go fitlha ka 2014. Ke
ne ke le mongwe wa ba ba boneng matshwao a a kwa godimo thata.

Morago ga go fetsa sekolo sa go ithutela tiro ke ne ka dira mo komponeng ya Botswana

Electric Centre sebaka sa dingwaga tse pedi mme ka go tlhoka lesego kompone e ne
ya tswalwa.

Ke tsentse meriti ya ditlankana tsa me, Omang le makwalo a a supang botho jwa me.
Ke solofela fa kopo ya me e tla atlega.

Ka boikokobetso

Sekaka Segotso

  39  
 
Mo sekaing sa rona, o a lemoga gore puo ya teng e tlhamaletse go itebaganya le tse di

tlhokafalang, ga gona metlae kana bo o tsogile jang. Fa o kwala lekwalo la go nna
jaana, o tshwanetse go gakologelwa gore gongwe batho ba ba batlang tiro ba bantsi
jaanong makwalo a tla bo a le mantsi.

ITHUTUNTSHE 2
Kwala lokwalo lwa selekanyo sa tsebe ka taelo e e fa tlase.
Kwalela mogokgo wa sekolo sa gago o kope maitshwarelo go bo o sa tla
sekolong dikolo di bulwa setlha sa bobedi. Fa o fetsa isa kwa senthareng
morutabana wa Setswana o tla go kaela fa o fositseng teng.

  40  
 
3.3 Lekwalo la Phetolo

Go ka nna ga diragala gore tlhatlhobo e batle o fetola lekwalo le o le kwaletsweng. Fa o
fetola lekwalo o itebeyanya le diteng tsa lekwalo kana dintlha tse di mo lekwalong le o le
kwaletsweng. Lekwalo le o le fetolang e ka nna la botsalano kana la semmuso. Re tla a
lebelela ka bobedi

a) Phetolo ya lekwalo la botsalano

Re tla simolola ka sekai sa phetolo ya lokwalo lwa ga Lekeka a kwalelwa ke rraagwe.

P O Box 49
Gaborone

16 Motsheganong 2018

Ngwanaka

O tsoga jang morwa, ke solofela fa o tsogile sentle. Kwano re santse re tsoga. Ke bone
lekwalo la gago la madi a sekolo. Ga gona bothata, madi ke tlaa romela fela fa ke se na

  41  
 
go amogela. Ke tla go neela P300.00, a mangwe ke a o tlaa rekang melora ka one. O

duele madi a sekolo, o se ka wa a ja otlhe.

Mmaago o tlaa tla go go tlhola kgwedi e e tlang e simologa. O ithute thata ngwanaka,
itse gore thuto ke boswa jwa gago.

Bomonnao ba re o dumele, le bone ba go tlhoafaletse thata.

Rrago

Motseka

ITHUTUNTSHE 3
Jaanong moithuti, kwala phetolo ya lekwalo le o neng o laletsa tsala ya gago go
tla moletlong wa ga malomaago. Ke wena tsala e e laleditsweng, fetola lekwalo
gore ga o na go kgona go tla moletlong.

  42  
 
  43  
 
  44  
 
  45  
 
b) Phetolo ya lekwalo la semmuso

Se ke sekai sa phetolo ya lekwalo la ga Sekaka Segotso
Botswana Power Corporation
P O Box 571
Gaborone

30 Phalane 2018
Rre Sekaka Segotso
Private Bag 49
Mathangwane

Rra

Re lebogela go nna le kgatlhego ga gago mo komponeng ya Botswana Power

Corporation. Ka maswabi re go itsise gore kopo ya gago ga e a atlega.
O tla leka gape nako e e tlang. Re a leboga.

Ka boikokobetso

Same Mokalake (Mookamedi)

Ke solofela gore bokutshwane jwa phetolo e e fa godimo e, e ntse e go bontsha gore

mo makwalong a semmuso tota go buiwa fela se se tlhokafalang e seng sepe gape.

ITHUTUNTSHE 4
Fetola lekwalo le o neng o kwalela mogokgo. Jaanong ke wena mogokgo, fetola
moithuti ka kgang ya gagwe ya go kopa maitshwarelo.
______________________________________________________________________
______________________________________________________________________
______________________________________________________________________
______________________________________________________________________
______________________________________________________________________

  46  
 
  47  
 
4.0 Tshoboko
Go feleletsa kgaolo e, ke tla go neela dipotso tse dingwe tse e leng gore o ka di dirisa
go tselela o ithokotsa ka tsone mme wa bontsha morutabana wa gago kwa senthareng
gore a bale mme a go bolele gore o dirile jang.

4.1 Dingwe tsa dikai tsa dipotso tsa lekwalo la botsalano ke tse di latelang:
• Kwalela malomaago o mo laletse moletlo wa matsalo a gago.
• O fudugetse kwa sekolong se sele, mme bana ba setlhopha sa gago ga ba
Tshwane le ba kwa o tswang teng, kwalela tsala ya gago o e lekodise ka se.
• Kwalela mogoloo yo o kwa mafatsheng a sele o mo lekodise bolwetse jo a bo
siileng kwa gae.

4.2 Dikai tsa dipotso tsa lekwalo la semmuso:

• Kwala lekwalo o fetola ipapatso ya tiro e e bapaditsweng mo pampering nngwe
ya dikgang.
• O tshwanetse go buisa morafe wa motse wa gaeno ka ga tshomarelo-tikologo.
Kwalela ba lephata la “Tshomarelo-tikologo” o kope gore ba go gakolole ka
dintlha tse o tshwanetseng go di lebisa phuthego.
• Kwalela mogokgo wa sekolo sa gago o kope maitshwarelo go bo o sa tla
sekolong sebaka sa beke dikolo di se na go bulwa.

  48  
 
KGAOLO 3

KAGEGO YA PALO

1.0 Tshedimoso
Mo kgaolong e moithui re tsile go bua ka kagego ya palo. Palo fa e kwalegile e
rulagantswe sentle, e na le ditemana. Temana nngwe le nngwe e itebagantse le
mogopolo wa yone. Mo temaneng go na le mefuta e meraro ya dintlha. Go nna
ntlhakgolo E ke yone rweleng moono wa se temana e buang ka ga sone. Fa go twe o
bolele ntlhakgolo ya temana go tewa gore o bolele gore temana e bua ka ga eng.
Ntlhakgolo e nna le dintlha tsa tlaleletso tse di e tlatsang. Dintlha tsa tlaleletso di atolosa
mogopolo o o buiwang ntlhakgolo. Go bo go nna le seele sa konelo. Se sone se konela
megopolo e e ntshitsweng ntlhakgolo le tsa tlaleletso. E ke nngwe ya dithuto tse di
fitlhelwang mo pampiring ya ntlha (Paper 1). Moithuti o fiwa temana go e bala o bo a
kopiwa go bolela ntlhakgolo kana dintlha tsa tlaleletso, o tlhopha mo dikarabong tse o
tla a bong o di filwe.

2.0 Maikaelelo a kgaolo e ke eng?

Kwa bofelong jwa thuto e o solofelwa go bo o ka kgona go:
• supa dintlhakgolo mo palong
• supa dintlha tse di tlaleletsang mo palong
• lemoga gore dintla tsa tlaleletso di tlatsa ntlhakgolo jang.

3.0 Yone mme ntlhakgolo ke eng?

Ntlhakgolo ke karolo ya puo e e tshotseng molaetsa wa konokono wa se go buiwang

ka sone kana re ka re ntlhakgolo ke ntlha ya botlhokwa e e sobokang se temana e
buang ka sone. E tlalelediwa ke dintlhana.

3.1 Dintlha tsa tlaleletso ke dintlhana tse di tlaleletsang molaetsa gore o utlwale
sentle. Di ka tla e le ditlhaloso, mabaka, dikai kgotsa netefatso ya se go buiwang ka
sone. Fa go se na dintlha tsa tlaleletso, puo ya mmui e nna khutshwane, e se na
ditlhaloso. Dintlha tsa tlaleletso di thusa go atolosa ntlhakgolo go e dira puo kgotsa
palo; di e fa moko le boleng gore e utlwale sentle.

  49  
 
Sekai 1: Bala temana e e latelang mme morago o ntshe ntlhakgolo le dintlha tsa
tlaleletso.

Mosadi wa ga Mokaela o ne a mo tlhabisa ditlhong tota. O ne a sa nwe o ne a bo

tshela. Batho ba motse ba ne ba mmitsa Setsaga. E ne e re fa a bo gasitse a bo a
opela sefela se se reng: “Fa le mpotsa tshepo yaaka ke tla re ke Jeso”. Morago e tla re
a opela jaana, bo mo tlhenkgebanye gore a bo a leme ka nko fa fatshe mesese e
khurumele tlhogo. Gantsi e ne e re fa batho ba ya tirong maphakela ba mo fete mo
tseleng e le gore o a ona. Go a bo go simolotse go robala bojalwa pele mme e re masa
a sa, go robale ene. Mokaela o kile a re koo o a kgalema, a itaya lentswe ka le lengwe.
E bile o ne a setse a emetse fela go re bagolo ba mo golole. E le ruri motho ga a itsege
e se naga.

Ntlhakgolo ya palo e ke:

- Mosadi wa ga Mokaela o nwa bojalwa mo go feteletseng.

Dintlha tsa tlaleletso ke tse:

- O ne a setse a itsege le mo motseng e bile ba mo file leina la bojalwa.
- E ne e re fa a nole a robale fela mo tseleng.
- Mokaela o ne a lekile go mo kgalemela mme a pala.
- O ne a setse a emetse fela gore a mo tlhale.

Tlhalosa gore dintlha tse di tlaleletsang di dirisitswe jang?

- Di dirisitswe e le dikai.

ELA TLHOKO: Fa go kwalwa ntlhakgolo le dintlha tsa tlaleletso, diele ga di inolwe

jaaka di kwadilwe mo palong, mmadi o dirisa mafoko a gagwe mme a sa latlhe bokao
jwa se go buiwang ka ga sone.

Sekai 2: Bala puisano e e latelang o bo o supe ntlhakgolo le dintlha tsa tlaleletso.

Theko: koo – koo… koo - koo!

Mokwaledi: Tsena rra!
Theko: Ke kopa go bona mogokgo.
Mokwaledi: Tsena ka lebati lele rra.
Theko: Dumela mogokgo.
Mogokgo: Dumela rra. ke ka go thusa ka eng rra?
Theko: Ke amogetse mokwalo o o nkopang go tla kwano mabapi le mosimane
Lesang Theko.
Mogokgo: Ee rra, mosimane o goga motokwane mo sekolong mme kana molao o
tlhamaletse, e bile o tshwanetse go salwa morago. Re mo kobile ka e bile
a kile a kgalemelwa makgetlho a le mararo.

  50  
 
Theko: Mosimane yo ruri o ntsentse mo mathateng. Ga a utlwe. Ga a na tsebe.

Fela nna, fa ngwana a gana boswa jwa thuto jo ke reng ke a bo mo fa, go
siame, a se ka a tsoga a ntshupa ka monwana. Ga ke itse gore ruri o
goditse mang?
Mogokgo: Re tshelela mo metlheng e e thata rre Theko, bana ba fetogile
diphologolo. Boitshwaro jwa bone ke jo bo makgaphila. Bana ga ba utlwe
batsadi ba bone, rona e bile re setse re tsholeditse diatla. Fa o
ngongoregela kgato e re e tsereng, o ka bona botsamaise jwa thuto kwa
diofising.
Theko: Ke a leboga rra.
Mogokgo: Go siame rra.

Dipotso le dikarabo:
1. Kgang ya konokono ke ka ga eng mo puisanong e?
- Ke ka ga go kobiwa ga ga Lesang Theko mo sekolong ka ntlha ya
boitshwaro jo bo makgasa.
2. O ne a dirile eng?
- O ne a goga motokwane mo sekolong.
3. Ke eng a kobiwa a sa kgalemelwe?
- O ne a kile a kgalemelelwa se makgetlho a mararo.
4. Motsadi ene a reng?
- A re fa a gana boswa jwa thuto o tla ipona / ga go na se a ka se dirang.

ELA TLHOKO: Karabo ya potso ya ntlha ke yone ntlhakgolo, fa dikarabo tsa

dipotso 2 - 4 e le dintlha tsa tlaleletso.

ITHUTUNTSHE 1

Bala palo e e latelang morago o senole dintlhakgolo le dintlha tsa tlaleletso.

Go ya kokelong ya meno go ka thusa mathata a legano. Se se thusa go lemoga

bolwetsi jwa legano bo simologa, ka jalo o bone kalafi e e nitameng kgotsa kgakololo. O
ka lemoga bolwetse jwa legano ka borurugo kgotsa seso mo leganong. Dikokelo tsa
meno di bonwa mo mafelong a mantsi jaaka kwa Maun, Serowe, Gaborone le a
mangwe. Ka jalo, re tshwanetse ra tlhabolola legano gore le nne le itekanetse ka go
etela dikokelwana tsa meno.

1. Senola ntlhakgolo ya palo e.

________________________________________________________________

  51  
 
________________________________

2. Senola dintlha tse di tlaleletsang palo e di le tharo.

________

3. Seele sa boraro se tlatsa ntlhakgolo jang?

________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________

4.0 THULAGANYO YA TEMANA

E le yone ke thuto e e fitlhelwang mo pampiring ya ntlha. Mothuti o tla kopiwa

go tlhopha karabo ya diele tse di rulagantsweng sentle.

Temana e agiwa ka megopolo e e naalanang gore e ntshe molaetsa o o utlwalang.

Gore molaetsa o tswe sentle, megopolo mo palong e tshwanetse go rulagana sentle.
Temana e megopolo ya yone e rulagantsweng sentle e nna le mefuta e meraro ya diele,
ebong; seele sa tlhogo, diele tsa tswelediso/tsweletso le seele sa konelo.

  52  
 
4.1 Seele sa tlhogo

Se ke seele se se tshotseng mogopolo wa konokono wa temana. Ke seele se se

rweleng bokao jwa se temana e remeletseng mo go sone. Gantsi se tla kwa
tshimologong gore se neele mmadi ponelopele ya se temana e buang ka sone.

4.2 Seele/Diele tsa tsweletso

Tse ke diele tse di tsweledisang mogopolo wa seele sa tlhogo. Di atolosa kgangkgolo
ya temana, di tlhalosa ka botlalo gore bokao jwa molaetsa o o ntshiwang bo felele.
Diele tsa tsweletso di fitlhelwa fa gare mo temaneng e e rulagantsweng sentle. Di ka
ntshiwa e le sekai kana lebaka.

4.3 Seele sa konelo

Se ke seele se se sobokang kana se se digelang temana. Se konela mogopolo wa
temana se sa tsise mogopolo ope o moša.

4.4 Diele di tshwanetse go rulaganngwa go aga megopolo e e utlwalang

Sekai:
A re lebelele dikai go bona gore mathata a tsone ke eng
• Fela puso ke yone e e tshwanetseng go tsaya kgato.
• Barutabana le bone ga ba a ba gagamaletsa molao.
• Ba lala ba tsamaya masigo go robetswe.
• Tota batsadi ke bone ba ba sa kgalemeleng bana.
• Bana ba malatsi ano ga ba na tsebe.

Mathata ke gore ga re kgone go utlwa sentle gore kgang ke eng ka gore ga di a

rulaganngwa sentle. Di tshwanetse go rulagana jaana:
• Bana ba malatsi ano ga ba na tsebe.
• Ba lala ba tsamaya masigo go robetswe.
• Tota batsadi ke bone ba ba sa kgalemeleng bana.
• Barutabana le bone ga ba a ba gagamaletsa molao.
• Fela puso ke yone e e tshwanetseng go tsaya kgato

Tsaya sebaka o iteke

ITHUTUNTSHE 2

Palo e e latelang ga e a rulaganngwa sentle, e rulaganye go aga megopolo e e

utlwalang.

Batho ba reetsa ka tlhoafalo go itseela molaetsa wa letsatsi. Kgabagare ga tsubutla

phefo ya matlakadibe ya senya sengwe le sengwe. Go ne go dirilwe moletlo wa maemo

  53  
 
a a kwa godimo. Balalediwa ba goroga go tsaya manno a bone. Ya nna ntshwarang-

tshwarang, mongwe le mongwe a batla go iphalotsa.

__

Mo temaneng e e rulagantsweng sentle go motlhofo go senola seele sa tlhogo,

diele tsa tsweletso le seele sa konelo. A re sekaseke temana e e latelang go
nopola diele tse.

Sekai:

Batho bogologolo ba ne ba nna thata kwa masimo le kwa merakeng ba tlhokometse

masimo le leruo la bone. Botshelo gompieno bo fetogile. Gompieno bontsi jwa batho ga
ba ikutlwe go nna mo dikgweng. Mme se se dirwa ke mabaka a mantsi a a
farologaneng. Marekisetso a setse a tletse dilo tsotlhe tse di neng di bonwa kwa
masimong le kwa merakeng. O tlaa fitlhela go na le madila, mmidi, dinawa le magapu
tota. Jalo he, batho ba di reka fela gone mo marekisetsong.

Mo temaneng diele tsa teng di ntse jaana:

Seele sa tlhogo:
- Batho bogologolo ba ne ba nna kwa masimo le kwa merakeng ba tlhokometse
masimo le leruo la bone.

Diele tsa tsweletso:

- Gompieno bontsi jwa batho ga ba ikutlwe go nna mo dikgweng.

- Marekisetso a setse a tletse dilo tsotlhe tse di neng di bonwa kwa masimong le
kwa merakeng.

Seele sa konelo:
- Jalo he, batho ba di reka fela gone mo marekisetsong.

  54  
 
Seele sa borataro se tsweledisa sa tlhogo ka go ntsha sekai.

ITHUTUNTSHE 3

Bala palo e e fa tlase o bo o araba dipotso tse di latelang.

Go dira dipoelo ga go a tshwanela go re lebatsa dikgatlhego tsa badiri. Kgatlhego ya

badiri mo tirong le yone e ka godisa madirelo. Go tlhoka kgatlhego go ka tsalwa ke dilo
di le mmalwa jaaka go kgokgontshiwa mo tirong. Go sa nna le didirisiwa mo tirong
kgotsa go sa duelweng mo go kgotsofatsang. Fa go se na se se rotloetsang kgatlhego
ya badiri ga go ka ke ga nna le dipoelo tse di nametsang. Se se dira gore madirelo a
felele a ole.

1. Seele sa tlhogo mo palong e ke sefe?

________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________

2. Senola diele tsa tsweletso di le tharo go tswa mo palong.

________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________

3. Diele tsa tsweletso tsa palo e di tlaleletsa sa tlhogo jang?

________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________

  55  
 
5.0 NNETE LE KABELELO

Thuto e le yone e fitlhelwa mo dipotsong tsa pampiri ya ntlha. Fa moithuti o

kopiwa go inola seele sa nnete kana sa kabelelo morago ga go bala temana.

Nnete ke se e leng boammaruri. Ke gore e le boammaaruri tota jo bo tletseng, jo bo

papametseng, bo se na go ka ganediwa/ganelwa. Diele tsa nnete ke tse di
tlhomamisang.
Dikai:
- Boimana jwa baithuti bo ile magoletsa mo dikolong tse dikgolwane.
- Basadi mo Botswana ba feta banna ka palo.

Kabelelo ke mogopolo o o sa tlhomamisegeng. Ke o o abelelang Ke kakanyetso ya

gore gongwe selo se ntse ka mokgwa mongwe. Ka jalo gore motho a kgone go
farologanya nnete le kabelelo, o tshwanetse a bo a tlhaloganya ka botlalo se nnete e
leng sone le se kabalelo e leng sone. Kabelelo gantsi e lemotshega ka tiriso ya mafoko
a:
- Gongwe
- O ka tswa
- Kooteng
- Tshwanetse
- Okare
- ke tsaya gore
- Motlhamongwe
- Go lebega
- ke belaela
- E kete
- gatwe
- go bonala
- Ke akanya gore

A re re tsee sekai temana go bona dikai tsa mefuta e ya wa diele.

Bala temana e e latelang mme morago o inole diele tsa nnete le tsa kabelelo.

E ne ya re re ntse ba tsweletse ka mosepele ba bona monna a tsamaya ekete o a

lwala. Go ne go lebega a tsofetse tota. Ra mo atamela ka letshogo. Malome a ntshwara
ka letsogo. Ke fa ke re, “gongwe ke legodu, o a iketsisa”. Monna a re dumedisa, a bo a
kopa metsi. Ka re ne re tswa masimo, re ne re a feditse. Go bonala a ne a na le letsatsi
lotlhe mo nageng. Re ne ra mo laela lelwapa le le gaufi go kopa thuso teng.

Diele tsa nnete:

- Ra mo atamela ka letshogo.
- Malome a ntshwara ka letsogo.
- Re ne ra mo laela lelwapa le le gaufi go kopa thuso teng.

  56  
 
Diele tsa kabelelo:

- A tsamaya e kete o a lwala
- Go ne go lebega a tsofetse tota.
- Gongwe ke legodu, o a iketsisa.
- Go bonala a ne a na le letsatsi lotlhe mo nageng.

Jaanong sebaka ke sa gago

ITHUTUNTSHE 4

Bala puisano e e latelang mme morago o inole diele tsa nnete le tsa kabelelo.

Motsadi: Dumela mma! Ke kopa thuso ngwanaka.

Mokwaledi: Ee mma, o thusiwa ka eng?
Motsadi: Ngwanake o tshwanetse a bo a latlhile dibuka, a re ga a bona lokwalo lwa
kamogelo kwa sekolong se segolwane.
Mokwaledi: Go ka tswa go ntse jalo. Fa o bona a sa le bona, o kolota puso.
Motsadi: Ke dire jang jaanong? Bana ba re tsenya mo mathateng.
Mokwaledi: Ke tla leletsa motshwara madi o tla go thusa. (o a letsa). Ga a arabe,
gongwe ga a yo. Tsena mo ofising ya ba kabo-dithuto tsa sekolo ba tla go
thusa.
Motsadi: Ke a leboga mma. Ke tla mo duelela.

1. Inola diele tsa kabelelo go tswa mo puisanong.

________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________

2. Inola diele tsa nnete go tswa mo puisanong.

________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________

  57  
 
6.0 Tshoboko

Mo thutong re buile ka kagego ya palo, go lemoga ntlhakgolo le dintlha tsa tlaleletso ga

mmogo le diele tsa nnete le tsa kabelelo. Tsholofelo ke gore e tlaa re o di bona mo
dipalong tse di farologaneng le mo tlhatlhobong, o kgone go di lemoga.

  58  
 
KGAOLO 4

DIKAROLO TSA PUO

1.0 Tshedimoso
Dikarolo tsa puo ke nngwe ya dithuto tse di tlhatlhobiwang mo pampiring ya ntlha. Mo
pampiring e, moithuti, o tshwanetse go itse dikarolo tsa puo le tiriso ya tsone sentle mo
o ka kgonang go di lemoga fa di dirisitswe mo dieleng. Fa go ntse jalo, o bo a kgona go
tlhopha karabo e e leng yone mo go tse nne tse o tla a bong o di filwe. Mo
ditlhatlhobong, dikarolo tsa puo di botswa di le mo ditemaneng. Le rona mo kgaolong e
re tla lebelela dikarolo tsa puo tse di faroganyeng go tsamaelana le ka fa tlhatlhobo e
botsang ka teng.

2. 0 Maikaelelo a Kgaolo e

Kwa bofelong jwa kgaolo e o solofelwa go bo o ka kgona go:

• Tlhalosa dikarolo tsa puo tse di latelang go ya ka tiriso

• Tlhalosa sediri le sedirwa ka fa tshwanelong
• Ntsha dikarolo tse di farologaneng go tswa mo palong
• Tlhalosa ka fa dikarolo tsa puo di dirisitsweng ka teng mo palong

Jaanong moithuti bala thuto e ya dikarolo tsa puo go re o kgone go di lemoga.

3.0 Leina
Ke lereo kgotsa lefoko le le bitsang sengwe

Dikai
• Setlhare
• Podi
• Lefifi

3.1 Mefuta ya maina

a) Mainatota
Ke maina a a rayang tse a bidiwang ka tsone fela

Dikai
• Kagiso
• Francistown

  59  
 
b) Mainagoka
Ke maina a a bopiwang ka go gokaganya dikarolo tse di farologanyeng tsa puo

Dikai
• Leepantlo
• Pelonomi
• Nogapotsane
• Mmabana
• Motlapele

c) Mainagoboka

Ke maina a a rayang dilo ka tshoboko

Dikai
• Legetla la mae
• Sephikwe sa matlhaku
• Lewa la mabele
• Seretse sa dipitse
• Mophato wa masole

d) Mainakakaretso

Ke maina a a akaretsang dilo tsa letso le le rileng

Dikai
• Mosimane
• Setlhare
• Kgomo
• Noka

e) Mainakgopolo

Ke maina a dilo tse di ka se keng tsa tshwarwa kgotsa tsa bonwa.

Dikai
• Lesedi

  60  
 
• Bodipa
• Botshwakga
• Lefifi

3.2 Tiriso ya leina

Leina le ka dirisiwa mo mabakeng a a farologaneng:

a) Leina le ka dirisiwa jaaka sediri

• Monna o rema setlhare.
• Mosetsana o thuga mabele.

b) Leina le ka dirisiwa jaaka sedirwa

• O jesa ngwana.
• Modisa o kganela dikgomo.

4.0 Leemedi

Ke karolo ya puo e e dirisiwang go emela leina mo seeleng

Dikai
• Ene
• Tsone
• Sone
• Lone

4.1 Tiriso mo dieleng

a) Leemedi le ka dirisiwa jaaka sediri mo seeleng
• Ene o tlhatlhela dipone.
• Tsone di a fula.

b) Leemedi le ka dirisiwa jaaka sedirwa mo seeleng

• O epa one.
• Ba ja tsone

c) Leemedi le ka dirisiwa gammogo le leina go supa kgatelelo

• Sone setlhare se ole.
• O apeile jone borotho.

  61  
 
5.0 Lediri

Ke karolo ya puo e e supang tiro e e dirwang mo seeleng

Dikai
• Ja
• Bina
• Opela
• Apaya
Bontsi jwa madiri a Setswana a felela ka /a/. le fa go ntse jalo go na le a le
mararo a a felelang ka /e/. madiri a, a bidiwa madirimatswa.

Dikai
• Nnake o itse go opela.
• ne a re, re tsamae.
• Lere kwano, ke go tseise.

6.0 Ditlhaodi

Ke karolo ya puo e e dirisiwang go tlhaola sengwe mo go tse dingwe

6.1 Mefuta

Di mefuta e metlhano, e leng;

• Letlhaodi
• Leamanyi
• Lerui
• Lebadi
• Lesoboki

a) Letlhaodi

Ke tlhaodi e e dirisiwang go tlhaola sengwe mo go tse dingwe go lebeletswe

mmala, palo le popego.

Dikai:
• Mosese o mosweu o montle. (mmala)
• Dipodi tse tlhano di timetse. (palo)
• Setlhare se seleele se sentle. (popego)

  62  
 
b) Leamanyi

Ke tlhaodi e e tlhaolang ka go amanya se se diragalang le tiragalo.

Dikai:
• Ngwana yo o lelang o a lwala.
• Kgomo e e makoro e a dusa.

c) Lerui
Ke tlhaodi e e dirisiwang go tlhaola ka thuanyo.

Dikai:
• Mohinyana wa tshipi o thata.
• Setlhako sa gagwe se sentle.

d) Lebadi

Ke tlhaodi e e tlhaolang ka palo e e faphegileng e esa papamadiweng. Go

dirisiwa dithito tse di latelang: -pe, -ngwe, -fe, -sele, le –ng.

Dikai:
• Ga gona opekwa sekolong.
• O beditse mongwe ka thupa.
• Go timetse efe?
• O tsere e sele.
• Ngwana wa gago o tshotse mong?

d) Lesoboki
Ke tlhaodi e e tlhaolang ka tshoboko kgotsa ka go soboka mo seeleng.
E lemogwa ka dithito, -tlhe le –si.

Dikai:
• Baithuti botlhe ba kwadile.
• Go setse e le esi mo lesakeng.

7.0 Letlhalosi

Ke karolo ya puo e e dirisiwang go tlhaola sengwe mo go tse dingwe.

Letlhalosi le mefuta e le meraro, e leng:
• Letlhalosi la nako
• Letlhalosi la mokgwa
• Letlhalosi la felo

  63  
 
7.1 Mefuta
Letlhalosi le na le mefuta e meraro

a) Letlhalosi la nako
Le tlhalosa sengwe mabapi le nako
Mefuta ya letlhalosi la nako
• Dinako tsa letsatsi
-­‐ Makuku
-­‐ Phakela
-­‐ Fa di bolola

• Motshegare
-­‐ Ka sethoboloko
-­‐ Tadi e amusa
-­‐ Ka selebalo

• Maitseboa
-­‐ Letlatlana
-­‐ Thapama
-­‐ Maneelo a dikonyana

• Bosigo
-­‐ Ka malatlhantshwana
-­‐ Maitiso
-­‐ Bosigogare

• Malatsi a beke
-­‐ Mosupologo
-­‐ Labone

• Dikgwedi tsa ngwaga

-­‐ Seetebosigo
-­‐ Moranang

• Dipaka tsa ngwaga

-­‐ Selemo
-­‐ Mariga
-­‐ Dikgakologo
-­‐ Letlhafula

• Dingwaga
-­‐ Ngogola
-­‐ Monongwaga

  64  
 
• Metlha
-­‐ Ka ntwa ya bobedi ya lefatshe
-­‐ Ka ngwaga wa tsie

b) Letlhalosi la mokgwa

Le tlhalosa sengwe mabapi le mokgwa

Mefuta ya matlhalosi a mokgwa
• Matlhalosi a tlholego
-­‐ Tota
O ne a tshameka tota.

-­‐ Thata
Mpho o tsamaya thata.

-­‐ Bobe
Ngwana wa gagwe o ja bobe.

-­‐ Ruri
O buetse ruri monna yo le.

c) Matlhalosi a e seng a tlholego

Ke a a bopiwang ka dikarolo tse dingwe tsa puo

-­‐ A a bopilweng ka lebopi –ka

Thato o tsamaya ka bonya
O bua ka bonako

-­‐ A a bopilweng ka letshwantshi jaaka

O mokima jaaka tlou
O tshega jaaka mmutla

-­‐ A a dirisang thito bo le se

O tsamaya bontle
O bua segolo

d) Letlhalosi la felo

Le tlhalosa sengwe mabapi le lefelo

Le lemogiwa ka mabopi a a latelang: kwa, mo, fa, goo, ga, go.

  65  
 
Dikai: ba ile kwa morakeng.

Dijo di mo pitseng.
O ntse fa setlhareng.
Ba nna kwa goo- Thabang.
O tswa ga Malete.

8.0 Lekopanyi

Ke karolo ya puo e e dirisiwang go kopanya diele, megopolo kgotsa maina.

Makopanyi a ka tla kwa tshimologong, fa gare kgotsa kwa bofelong jwa seele.

Dikai
- gape - boo
- Jaaka - kooteng
- e bile - bonono
- le mororo - e kete

8.1 Maemo a lekopanyi mo seeleng

• Kwa tshimologong ya seele

o Motlhamongwe ba tla iteka.
o Ntsaana o teng?
• Fa gare ga seele
o A re ke mo pege boo ke na le koloi.
o Mosese o, o montle e bile letsela la teng le thata.
• Kwa bofelong jwa seele
o Ke go tshwere jaanong.
o Ga ba a kgona go tla, ba a sotlega kooteng.

9.0 Lelatlhelwa/ Letsibosi

Ke karolo ya puo e e dirisiwang go tsibosa.

Dikai
Ao!
Kibi-kibi!
Ahaa!

9.1 Mefuta ya lelatlhelwa

  66  
 
a) Malatlhelwa a tlholego
Ke malatlhelwa a asa tsweng mo dikarolong dipe tsa puo

b) A a supang tumelo
-­‐ Ee! Go ntse jalo.
-­‐ Mm! ke mmone.
-­‐ Ahaa! Ke feditse.
c) A a supang kganetso
-­‐ Nnyaya! ga se ene.
-­‐ E-e! ga ke battle.
-­‐ M-m! se ntlogele.

d) A a supang kgakgamalo
-­‐ Ijo! Le ene o tsamaile?
-­‐ Ao! O tlhokafetse leng?

e) A a kayang lonyatso
-­‐ Owai! O ka betsa mang wena?
-­‐ Okh! O dira eng tota?

f) A a kayang kutlwelobotlhoko
-­‐ Shem! O tla fola.
-­‐ Ao! O utlwile botlhoko.

g) A a kayang kutlobotlhoko
-­‐ Išii! Ke tlhabilwe ke mmitlwa.
-­‐ Tshu-tshu! Metsi a, a molelo.

h) A a dirisiwang go kopa thuso

-­‐ Bii! Thusang ke tlhasetswe.
-­‐ Tswee-tswee! Mpuledisa.

i) A a dirisiwang mo diphologolong
-­‐ Puraa! (o koba podi).
-­‐ Qwp-qwp! ( o bitsa ntsanyana)

j) Malatlhelwa a a tswang mo dikarolong tse dingwe tsa puo

-­‐ Mosimane! O tloga o ntshiya.
-­‐ Lona! A re tsamaeng.

k) Malatlhelwa a a supang tlotlo

-­‐ Dumelang Bakhurutshe!
-­‐ Tsamaya sentle mokwena!

  67  
 
l) Malatlhelwa a keleletso masego

-­‐ Tsela tshweu! Ba ga rona.
-­‐ Pula! E go nele tseleng.

10.0 Leetsisi
Ke karolo ya puo e e dirisiwang go etsa.

10.1 Mefuta ya maetsisi

a) A a etsang modumo
-­‐ Koloi ya bone e tsamaya e re tswidi-tswidi!
-­‐ Tadi e ne ya re thwaa! Fa pula e na.

b) A a etsang tiragalo
-­‐ O ne a re tike! Ka setlhare.
-­‐ E rile a mpona a re rago!

c) A a etsang tebego
-­‐ Naga e ntle e ntse e re talaa!
-­‐ O ne a rile setlhee! Fa a tswa go tshameka.

d) A a etsang monko
-­‐ Go nkga gore phuu!
-­‐ Kgaa! Ditlhako tsa gago di a nkga.

11.0 MOLOKOLOLO WA SEELE

Mo tlhatlhobong o solofelwa go:

• Bolela dikarolwana tsa puo tse di agang seele.

• Tlhalosa sediri, sedirwa, tiri, tlhaodi le tlhalosi
• Lokolola seele go ya ka tiriso ya dikarolo tsa puo

Jaanong mma ke go gakolole ka dikarolo tse di bopang seele pele ga ke go fa sekai sa

go lokolola seele. Ka re ke a go gakolola ka gore dikarolo tse tsotlhe re setse re di
dirile.

Sediri
Ke se go buiwang ka ga sone mo seeleng/ kana se se dirang tiro.

Sedirwa
Ke se tiro e dirwang mo go sone.

  68  
 
Tiri
E bopiwa ka legokedi la sediri le lediri

Tlhaodi
Ke karolo ya puo e e dirisiwang go tlhaola sengwe mo go tse dingwe, e tlhaola ka
mefuta e e latelang; letlhaodi, leamanyi, lerui, lebadi le lesoboki.

Tlhalosi
Ke karolo ya puo e e tlhalosang tiro mabapi le nako, lefelo kana mokgwa.

Sekai:

• Mosimane yo moleele o siile baithuti kwa lebaleng.

Mosimane > sediri ka gore ke ene a dirang tiro ya go taboga
Yo moleele > tlhaodi, e mo tlhaola mo go ba bangwe
O siile > tiri, e supa tiro e e diragalang
Baithuti > sedirwa, ba siilwe
Kwa lebaleng > tlhalosi, e supa kwa tiro e diragalelang teng

12.0 NGOTLO

Ngotlo ke nyenyafatso ya mafoko. Mafoko a nyenyafadiwa ka go gokelela megatlana

mo mafokong.
Megatlana ya ngotlo
• -nyana
• -ana
• -nyane
• -ane

Dikai
• Ntša > ntšanyana
• Setlhare > setlhatshana
• Bontle > bontlenyane
• Potsane > potsanyane

a) Bokao jwa ngotlo

Ngotlo e ka kaya dilo di le mmalwa. Tsone ke tse di latelang:

• Ngotlo e ka kaya lorato
Setilo sele se sentlenyane.
Dijo tsa gagwe di monatšana.

  69  
 
• Ngotlo e ka kaya lonyatso

Ntlonyana ya bone e maswe.
Kolotsana ya gagwe e sekgoropa.

• Ngotlo e ka kaya bonnye

Katse e jele kokwana.
Tonkana e a fula.

• Ngotlo e ka kaya bonamagadi

Podi e khunwana e a dusa.
mo file e phatshwana.

• Ngotlo e ka kaya kutlwelobotlhoko

Ba thudile segolenyana sa batho.
Monnamogolonyana wa Modimo o re tlogetse.

ITHUTUNTSHE 1

Senola dikarolo tsa puo tse di kwadilweng ka bontsho jo bo tseneletseng mo

dieleng mo potso 1 – 8

1. Monna o rema setlhare

A. Leemedi
B. Lediri
C. Leina
D. Lekopanyi

2. Bana ba tshameka mantlwane

A. Lediri
B. Letlhalosi
C. Tlhaodi
D. Leemedi

3. Basimane ba gama yone

A. Leina
B. Lelatlhelwa
C. Lekopanyi
D. Leemedi

  70  
 
4. Ba tshwere ke tlala le mororo dijo di le teng

A. Lelatlhelwa
B. Lekopanyi
C. Leetsisi
D. Leina

5. Tlhapi e ne ya re nwe! Mo metsing

A. Lediri
B. Leina
C. Lelatlhelwa
D. Leetsisi

6. Ao! Ke ne ke sa utlwa gore maduo a dule.

A. lelatlhelwa
B. Lekopanyi
C. Leetsisi
D. Leemedi

7. Ngwana yo o lelang o a lwala

A. Tlhaodi
B. Leina
C. leemedi
D. Lediri

8. Ba tla emelela maitseboa.

A. Lekopanyi
B. Leina
C. Lediri
D. letlhalosi
Tlhopha dikarolo tsa seele se se fa tlase go araba dipotso 9 - 13

Dintša di lomile mosimane yo montsho mo leotong

9. Tlhalosi
A. Di lomile
B. Mosimane
C. Yo montsho
D. Mo leotong

10. Sediri
A. Mosimane

  71  
 
B. Yo montsho
C. Dintsa
D. Di lomile

11. Tlhaodi
A. Di lomile
B. Yo montsho
C. Mo leotong
D. Mosimane

12. Tiri
A. Yo montsho
B. Di lomile
C. Mo leotong
D. Mosimane yo

13. Sedirwa
A. Mosimane
B. Lomile
C. Dintsa
D. Leotong
Dirisa seele se se fa tlase go araba dipotso 14 -18

Dikgomo tsa bone di fula tlhaga kwa sekgweng

14. Sediri
A. Dikgomo
B. Bone
C. Fula
D. Tlhaga

15. Tiri
A. Tsa bone
B. Di fula
C. Fula tlhaga
D. Kwa sekgweng

16. Tlhalosi
A. Dikgomo tsa
B. Di fula
C. Kwa sekgweng

  72  
 
D. Tlhaga kwa

17. Sedirwa
A. Fula
B. Dikgomo
C. Bone
D. Tlhaga

18. Tlhaodi
A. Tsa bone
B. Di fula
C. Kwa sekgweng
D. Fula kwa
Tlhalosa gore ngotlo e dirisitswe go kaya eng mo dieleng tse di latelang:

19. Maemonyana a lona a lo bela tota. _______________

20. Kgomo e naana e robegile _________________

21. Ao! Koloi e thudile mosadimogolonyana wa Modimo __________________

22. Kgosana e biditse phuthego ____________________

23. Tlhopha seele se mo go sone letlhalosi le sa dirisiwang sentle

A. Bana ke lona lo rata go buela ruri
B. Ke fitlhetse ba bua Namane Maabane
C. Dipodi di fula mabele mo tshimong
D. A o ne wa ba neela madi tota

24. Tlhopha seele se mo go sone lekopanyi le sa dirisiwang sentle

A. Jaanong o a tsamaya o ne o ntse o re o a sala
B. Ke tsamaya le Nnake kwa morakeng e bile
C. O robetse mme o jele
D. O batla dinawa mme le ditloo
Bolela gore diele tse di latelang di mo dipakeng dife

25. Modisa o santse a boloditse dikgomo

A. Paka e e tlang pheti
B. Paka pheti tsweletso
C. Paka jaanong tsweletso
D. Paka e e tlang tsweletso

  73  
 
26. Ba ne ba gama dikgomo

A. Paka jaanong
B. Paka e e fetileng
C. Paka e e tlang
D. Paka pheti
Dikarabo
O ko o se ka wa itlhaganelela go kopa dikarabo. Iteke fela pele o bo o itse go leba
dikarabo go bona gore a o tshwere kana jang.

1.C
2.A
3.D
4.B
5.D
6.A
7A
8.D
9.D
10.C
11.B
12.B
13.A
14.A
15. B
16.C
17.D
18.A
19. Lonyatso
20. mmala /bonamagadi
21.Kutlwelobotlhoko
22. Maemo
23. D
24.C
25. B
26.B

Tshoboko

Mo thutong re sa tswa go ithuta ka ga dikarolo tsa puo. Se se tona ke gore o di itse mo

o ka kgonang go di lemoga fa di dirisitswe mo palong, le go di dirisa ka tshwanelo fa o
kwala, le go di tlhalosa go ya ka tiriso o bo o ka di inola mo mokwalong. O bo o di
ithutile ka tsela e e ntseng jalo.

  74  
 
KGAOLO 5

THANOLO LE DIPEGO
1.0 Tshedimoso
Mo kgaolong re ya go ithuta ka thanolo le dipego. Mme re tla simolola pele ka thanolo
go bo go latela dipego kwa morago.

2.0 Maikaelelo a kgaolo e

Kwa bofelong jwa thuto, moithuti o tshwanetse go bo o ka kgona go:

• Ranola diele le ditemana go tswa mo Sekgoeng go ya kwa Setswaneng

• Kanoka gore a go ranotswe ka fa tshwanelong  
• Kwala pego ka fa mokgweng o o tshwanetseng  
• Kwala pego jaka fa o tla a bo o laetswe  

3.0 Thanolo

Thuto ya thanolo ke nngwe ya dithuto tse di botswang mo pampiring ya bobedi. Fa

mothuti, o tshwanelwa ke go ranola temana go tswa mo Sekgoeng go ya Setswaneng,
ka jalo moithuti o tshwanetse wa bo o itse dipuo tse tsotlhe ka bobedi.
Thanolo ke mokgwa wa go fetolela puo e nngwe kwa go e nngwe mme bokao bo sa
latlhege. Moranodi o tshwanetse go ranola se tota e leng sone o sa fokotse le fa e le go
oketsa.

Dintlha tse di latelang di tshwanetswe go elwa tlhoko fa go ranolwa:

• Mainatota ga a ranolwe.
Sekai: I will go with Gift.
Ke tla tsamaya le Gift.

• Ga go ranolwe lefoko ka lefoko, go ranolwa moono wa seele.

Sekai: He was caught red handed.
O tshwerwe a santse a dira molato.

• Ela tlhoko dipharologanyo tsa ngwao (cultural differences), mo Aforika

puo e a phefofadiwa.
Sekai: Mum you are lying.
Mme ga o bue gone e seng o a yaka.

  75  
 
• Dirisa paka (tense) e e dirisitsweng mo puong e e ranolwang.

Sekai: He is a good boy.
Ke mosimane yo o botlhale.

• Fa go dirisitswe diane/manatetshapuo, ranola tlhaloso kana o tsee seane se

se tshwanang seo ka bokao mo puong e e o ranolelang mo go yone.
Sekai: He was advised to choose friends wisely because what glitters is not
always gold.
O gakolotswe go tlhopha ditsala ka kelotlhoko ka gore bontle bo na le
dibelebejane

ITHUTUNTSHE 2

Ranolela temana e e latelang kwa Setswaneng.

Four houses in Francistown have been destroyed by heavy winds on Sunday following
a storm that hit the city. Speaking in an interview on Monday, area District Development
Officer, Onkabetse Lefa revealed that the four affected houses are in Block 1, Block 2
and Block 7. He said the winds blew off the roofs for the houses, living one person
stranded. However, there was no record of injuries sustained. He noted that the
damage was not bad on the other three houses, except for one person who had to be
assisted with food.
Besides the destroyed houses, Lefa added that they have recorded one incident of a big
tree that fell on the road along the Marimavu Street which the police marked as a risk
for traffic control.

  76  
 
____________________________________

4.0 Dipego
Pego ke nngwe ya dipotso tse di botswang mo karolong ya bobedi ya pampiri ya
boraro. Go na le mefuta e le mene ya dipego. Pele o araba potso ya pego o
tshwanetse go itse gore potso eo ke ya mofuta ofe wa pego. A re lebelele mefuta ya
pego e e farologanyeng.

4.1 Pego ya sepodisi

Ke pego e e fiwang ke yo o bonyeng tiragalo go thusa batlhotlhomisi go tshwara badira

molato.

a) Diteng tsa pego

• Setlhogo: Pego e tshwanetse go nna le setlhogo se se lemotshang gore ke
pego ka ga eng. Se tshwanetse go nna sekhutshwane. Moithuti o tshwanetse
go itirela setlhogo a lebeletse potso; gore gat we a kawle pego ka ga eng.

• Matseno: Morago ga setlhogo go tsena temana ya matseno. Mo matsenong,

mmegi o tshwanetse gore a ipolele ka botlalo- maina otlhe ka botlalo, omang,
bong, dingwaga, o nna kae le gore le maikaelelo a pego.

• Mmele
Bolela ka botlalo se o se bonnyeng

  77  
 
• go simologile jang, ga tswelela jang ga bo ga felela jang.

• tlhalosa didirisiwa tse di neng di le foo, nankola modiro, maina, mmala
• a mokwadi a dirise magokedi le maemedi a a supang gore ke ene a kwalang,
jaaka: nna le ke

• Bokhutlo
• Supa gore o felela gone foo, o bo o sega tselana go supa fa o feditse
• Kwala setlanyo kwa tshimologong ya mola, letsatsi le pego e kwalwang ka lone.
Kwa bofelong jwa pego o sega mola o le mongwe fela

Sekai
Nna ke le Andile Morwa, mosetsana wa dingwaga di le lesome le boraro yo o
tlholegang kwa Lotlhakane lwa Kanye mme ke nna mo Francistown mo motseng wa
Gerald mo ntlong ya nomoro ya 13425 mogala wa me ke 72138900, ke fa bosupi ka
tiragalo e mo go yone rre mongwe a tlhokafetseng kwa lebaleng le legolo la
metshameko kwa Francistown. Go ne go tshameka setlhopha sa Mochudi Center
Chiefs le sa Township Rollers ka kgwedi ya Seetebosigo e le malatsi a le mane mo
ditshokologong. Go simologile fa balatedi ba setlhopha sa Center Chiefs ba ngongorega
gore molaodi wa metshameko o a ba tsietsa ka setlhopha sa bone se ne se saletse kwa
morago ka dino di le nne. Balatedi ba setlhopha sa Township ba ne ba itumetse ba
opela mme se sa kgopisa ba setlhopha sa Center Chiefs. Rre mongwe go tswa kwa
setlhopheng sa Center Chiefs yo o neng a apere sekipara se sentsho a na le lebadi mo
lerameng la moja o ne a ya kwa balateding ba Township a ba tika ka mabotele a
bojalwa. Rre wa Township Rollers yo moleele a le mosweu ka mmala a leka go mo
kgalemela mme rre wa Center Chiefs a mo tlhaba ka thipa mo molaleng. Rre yo o
tlhabilweng o ne a wela fa fatshe a tshologa madi a mantsi. Go boneng se, rre o
tlhabileng yo mongwe ka thipa o ne a sia, o ne a tsamaya ka koloi ya Corolla ya mmala
o mohibidu, ga ke a bona dinomoro tsa yone sentle, ke bone 5 ARB fela kwa bofelong.
Mongwe o ne a bitsa bo rre ba sepodisi ba ba neng ba le foo, go ne ga bitswa koloi ya
kokelo e e gorogileng rre yo o tlhabilweng a sa tlhole a tshikinyega. Rre yo o
golafetseng o ne a ragosetswa kwa kokelong ya Nyangangwe kwa morago re utlwileng
fa a re tlogetse.

Ke gone gotlhe mo ke go boneng.

_________________________________________________.
A. Morwa
4 Seetebosigo 2020

Ke solofela go re o badile ka kelotlhoko go bona dintlha tse di tlhokafalang fa o kwala

pego ya sepodisi jaaka tse di latelang:

• Mmegi o simolola ka go fa setlhogo sa pego ya gagwe. A re “ke fa bosupi ka tiragalo

e mo go yone rre mongwe a tlhokafetseng kwa lebaleng le legolo la metshameko

  78  
 
kwa Francistown” Mafoko a a re thusa gore re tlhaloganye ka botlalo gore pego ke

ka ga eng.
• Mo matsenong mmegi o itlhalositse ka botlhalo ka go bolela gore ke mang o tswa
kae, o nna kae le gore o ka bonwa kae kana ga itshwaraganngwa le ene jang
• Mo mmeleng re begelwa gore tiragalo e diragetse kae, leng le gore go simogile jang
ga ba ga felela jang. Mo gotlhe go papametse.
• Mo bokhutlong mmegi o digela ka gore “ke gone gotlhe mo ke go boneng” a bo a
sega mola, a dira sekano sa gagwe sa “A. Morwa” a bo a kwala kgwedi fa tlase ga
sone.

Jaanong ke sebaka sa gago moithuti

ITHUTUNTSHE 2

1. O mongwe wa batho ba ba neng ba le kwa marekisetsong a Spar mo

Francistown fa a jewa ke molelo. Kwala pego o begele ba sepodisi ka tiragalo e.

  79  
 
4.2 Pego ya bobega dikgang

Ke pego e e kwalwang gantsi ke babegadikgang ba itsise batho ka tiragalo nngwe e e

diragetse kana e e tla diragalang.

a) dintlha tsa botlhokwa

Fela jaaka pego e re tswang mo go yone, e le yone e na o na le dikarolo tse o
tshwanetseng go di elatlhoko fa o kwala pego e. Tsone ke tse di latelang:

• Setlhogo
-­‐ Se nne sekhutshwane
-­‐ Se nne le kgogedi
-­‐ Morago mokwadi o ikwala fa tlase ga setlhogo

• Matseno
-­‐ Mmegi o tshwanetse go bolela se a begang ka ga sone, lefelo la ditiragalo,
kgwedi, letsatsi, ngwaga le nako e tiragalo e diragetseng ka yone.

• Mmele
-­‐ O tlhalosa ka botlalo se se diragetseng.
-­‐ Nankola batho ba ba amegang, maina a bone fa o a itse kana o ba tlhalose.
-­‐ Bolela ditiragalo ka botlalo

• Bokhutlo
-­‐ Konetelelo kgang ya gago, supa gore e feletse jang. Mokwadi o tshwanetse
go supa letlhakore la gagwe mabapi le kgang e a kwalang ka ga yone.
-­‐ Leina la mokwadi

  80  
 
-­‐ Leina la pampiri

Sekai

Kotsi e gapile matshelo a batho

Batho ba le bane ba tlhokafetse ka kotsi ya koloi fa motseng wa Serule mo

tseleng ya A1. Tiragalo e e diragetse kgwedi ya Lwetse e le masome a mabedi le
borobabongwe fa go ne go iwa boipusong.

Rre Diampona wa sepodisi sa Serule o boletse fa kotsi e e diragetse fa gare ga

koloi ya modiro wa Honda fit le VW polo. Honda fit e ne e le ntsho ka mmala fa
VW polo e ne e le tshweu ka mmala. koloi ya Honda fit e ne e na le batho ba le
bararo go balelwa le mokgweetsi, ba ne ba tswa Gaborone mme ba ya ntlheng
ya Francistown, go belaesega fa ba ne ba itshietse nnotagi ka go fitlhetswe
mabotlolo a bojalwa mo koloing ya bone. Koloi ya VW polo e ne e na le motho a
le mongwe e leng mokgweetsi a tswa Francistown mme a ya ntlheng ya
Gaborone. Rre Diampona o tsweletse ka go tlhalosa fa kotsi e diragetse fa
Mokgweetsi wa koloi ya Honda Fit a ne a re o feta teraka e e neng e le fa pele ga
gagwe a sa lemoga fa go na le koloi e e tswang kwa pele ga gagwe. Ka go
tlhoka lesego dikoloi tse di ne tsa thulana. Bapalami ba koloi ya Honda Fit ba ne
ba tlhokafala botlhe fa wa VW a bone dikgobalo tse di potlana e bile a golotswe
kwa kokelong.

Kwa bokhutlong, Rre Diampona o rotloeditse Batswana go ela tlhoko matshwao

a tsela fa ba kgweetsa itlhokomela ka nako le go emisa go itshiela ba kgweetsa
ka se se oketsa dikotsi tse di diragalang mo Botswana.

Pego ka _________________
Pampiri ya “The Voice” 04/10/18

Ke solofela gore mo nakong o ka kgona go sekaseka pego e go bona go a e na

le dintlha tsotlhe tsa mofuta o wa pego tse o tsibositsweng ka tsone. Fa o sena
go dira jalo, tswelela dira tiro e e latelang go ithokotsa.

ITHUTUNTSHE 3

O ne o le mongwe wa batsenelela phuthego e mo go yone banni ba Gerald mo

Francistown ba neng ba ikuela kwa mopalamenteng wa bone mabapi le go fudusiwa
kwa Maipayafela go sutela ditlhabololo. O le mmega dikgang wa pampiri ya Mmegi
kwala ka ditiragalo tsa phuthego e.

  81  
 
  82  
 
4.3 Pego ya maphata

Ke pego e e kwalwang ke maphata ba bega ka fa lephata la bone le dirileng ka teng mo

nakong e e rileng. Maphata e nna a madirelo a a farologaneng jaaka sekolo, bookelo,
mabentlele jalo jalo.

a) Dintlha tsa botlhokwa

• Tsebe ya maina (Cover page)

-­‐ Leina la kompone
-­‐ Leina la lekalana
-­‐ Kgwedi

• Lephata (staffing)
-­‐ Palo ya batho ba ba mo lephateng
-­‐ maemo a bone
-­‐  
• Maikaelelo (Objectives)
-­‐ Tse ba eletsang go di diragatsa
-­‐
• Ditsetlana (Strategies)
-­‐ Dintlha tse ba yang go di diragatsa go fitlhelela maikaelelo a bone

• Tse di kgonnweng (Achievements)

-­‐ Tse ba kgonneng go diragatsa

• Tse di padileng Failures)

-­‐ Tse ba sa kgonang go di diragatsa

• Tswelelapele (Way forward)

-­‐ Tse di tla dirwang mo nakong e e tlang go tokafatsa lephata

  83  
 
Sekai

Tadabigwa Junior Secondary School

Mokgatlho wa Tshomarelo Tikologo
Pego ya mafelo a ngwaga
2018

Mokgatlho o wa Tshomarelo tikologo mo sekolong sa Tadabigwa o na le maloko

a le boferabongwe. Moeteledipele wa mokgatlho ke rre Boiki Tumelo, mothusi wa
gagwe ke mme Bontle Thero. Mokwaledi ke mme Dineo Kgosi fa mothusi wa
gagwe e le mme Kgalalelo Tsamo. Moanamisa mafoko ke rre Atang Polelo.
Motshwara madi ke rre Thabang Dimpho. Maloko a tlaleletso ke rre Isake
Johane, mme Flora Victor le mme Sethunya Lesedi.
Maikaelelo a mokgatlho o, ke gore fa ngwaga o ya go fela sekolo sa rona se bo
se le mo seemong se e leng gore matshelo a batho botlhe a bo a babalesegile.
Mo mokgatlhong o, re dule ka ditsetlana tse di latelang go thusa go fitlhelela kwa
maikaelelong a rona. Re ya go tlhoma ditanka tsa matlakala di nne mo sekolong,
re ya go sela matlakala mo sekolong le mo tikologong morago ga dibeke tse pedi
kgwedi nngwe le nngwe. Sa bofelo re ya go lema ditlhare tsa moriti di le tlhano
mo sekolong.

Re kgonne go tlhoma ditanka di le pedi fela mo go tse nne tse re neng re di

ipeetse. Re kgonne go sela matlakala mme e seng ka nako tsotlhe ka ntlha ya
mananeo a mangwe a sekolo. Re kgonne go jala ditlhare tse tlhano jaaka re ne
re boletse.

Ga re a kgona go tlhoma palo ya ditanka tsa matlakala e re neng re e ipeetse ka

ntlha ya go tlhaela ga madi.

Re le ba mokgatlho wa Tshomarelo tikologo re ikaelela go kokoanya madi mo

ngwageng o o tlang gore re tle re kgone go ithekela tsotlhe tse re di tlhokang ka
sekolo se na le tlhaelo ya madi.
Mokwaledi
Dineo Kgosi 27 Ngwanatsele 2018

  84  
 
ITHUTUNTSHE 4

O le moeteledipele wa lephata la Setswana mo sekolong, o laetswe go kwala pego ka

lephata la lona ka jaana ngwaga o tla bokhutlong. Lekodisa boeteledipele ka tse lo di
kgonneng le tse le sa di kgonang le gore mabaka e ne e le eng.

  85  
 
________________________________________________________

  86  
 
KGAOLO 6

NGWAO

1.0 Tshedimoso

Moithuti, ke a go amogela mo ithutuntshong ka ngwao. Re tsile go ithutuntsha ka

dithuto tsa ngwao tse re di ithutang mo thutong ya rona ya Setswana. Gantsi dithuto tse
di tlhatlhobiwa mo dipampiring tse; ya ntlha (multiple choice) le ya boraro e le ditlhogo
tsa dipolelo. Go re moithuti a kgone go kwala polelo, o tshwanetse go bo a na le lesedi
mo dithutong tse tsa ngwao. Re tsile go tsaya dithuto tse ka bongwe ka bongwe. A re
ye le tsone.

Maikaelelo a kgaolo e

Kwa bofelong jwa kgaolo e o solofelwa go b o ka kgona go:

• Tlhahaloganya mekgwa ya setho le ka fa e fetogileng ka teng

• Amogela mekgwa ya bopelontle mo setswaneng
• Tlhaloganya ditiro tsa diatla ka go farologana ga dikgaolo
• Tlhalosa ka bokao le ditirelo tsa diphitlho.

3.0 Botsetse

Botsetse go tewa mme kana lekgarebe le beilwe fa go fitlhegileng, mo ntlong ka

mabaka a go bo a nnile le losea kana a bone setswalo e le la ntlha mo botshelong. Fa a
beilwe jaana go a twe o mo motiketseng kana fa go fitlhegileng jaaka re setse re
boletse.

3.1 Mefuta ya botsetse

Mefuta ya botsetse e mebedi ke jwa go tshola ngwana le jwa go rafola kana go ithalega.

a) Botsese jwa go rafola/ go ithalega

Botsetse jo ke jo mo go jone mosetsana a bewang mo ntlong ka lobaka lo lo rileng

ka go bo a bone setswalo lwa ntlha mo botshelong.

Tsamaiso
Motsetse yo o rafolang o bewa botsetse ke bagolo ba gantsi e nnang basadibagolo.
Fa a beilwe go na le meila kana dilo tse di sa dirweng ka mabaka a go mo sireletsa.
Motsetse o rutwa mekgwa ya boitshwaro fa a le mo botsetsing e ntse e le tsela ya
go thibela diphatsa tse fa gongwe di ka amang ene le tikologo ya gagwe tota.
Mosetsana fa a beilwe botsetse jaana o a rutwa ka seemo se a tseneng mo go

  87  
 
sone. O ka rutiwa go itshwara sentle, go tlhapa sentle le go tshegetsa meila

mengwe. O ja dijo tsa gagwe a le nosi mme e bile di apewa ka dilwana tse di
dirisiwang ke ene fela. Morago ga lobaka lo lo rileng motsetsi o a bulelwa.

b) Botsetse jwa go tshola ngwana

Mme o a bo a beilwe mo ntlong ka go bo a na le losea kana a tshotse ngwana. O

bewa gammogo le losea ka lobaka lo lo rileng.

Tsamaiso
Botsetse jo bo simologa fela mme a itsholofetse go fitlhelela a tshola kana a
belega a bo a tswa mo ntlong. Fa a santse a itsholofetse o ka itsise mmangwane
kana nkuku. Go tswa foo o a tlhokomelwa a gakololwa go sa bereka bokete le go
ja dijo tse di rileng go itsa go gobatsa losea kana le ene tota. Fa lobaka lwa go
belega lo tla o bewa mo ntlong le losea. Fela jaaka wa go rafola, o ja dijo tsa
gagwe a le nosi, ka dilwana tsa gagwe. Go dirwa jaana go mo sireletsa le losea.
Fa kgorong ya gagwe go bewa mhikwana go supa fa go na le motsetse e bile go
sa tsene mongwe le mongwe. Morago ga lobaka lo lo rileng, go dumelwa a fodile
e bile a itapolositse mme o ka tswa mo botsetseng.

3.2 Batsaya-karolo mo botsetseng

Botsetsi jwa go Botsetse jwa go

rafola tshola ngwana
Mosadimogolo/nkuku O apeela Mosadimogolo O sidila motsetse
motsetse
Mmemogolo O sidila motsetse Mmemogolo O apeela motsetse
Mmangwane O ruta motsetse Mmangwane O ruta motsetse
Mme O apeela Mme O apeela motsetse
motsetse
Ntate O tlhabisa Ntate O tlhabisa motsetse
motsetse

3.3 Mosola wa botsetse

Fa o bona mosola wa botsetsi ke eng? Ee, ke jaaka o supilwe mo moalong o o
latelang.

Botsetse jwa go rafola Botsetse jwa go tshola ngwana

Go fa ngwana wa mosetsana thuto Go babalela losea le mmaalo mo
mabapi le seemo se a tseneng mo go diphatseng tsa go ka tsenwa ke
sone. malwetse.
Go fa mosetsana sebaka sa go nna le Go fa mme thuto ka seemo se a tseneng
boitemogelo ka seemo se a tseneng mo mo go sone.
go sone.
Go fa mosetsana sebaka sa go sidilega Go fa mme sebaka sa go lapolosa

  88  
 
mo ditlhabing tsa go rafola mmele.

Go babalela mosetsana mo diphatseng Go fa losea sebaka sa go gola sentle.
tsa go sa itshwara sentle mo go ka
mmakelang malwetse.

3.4 Bodiphatsa jwa ditsamaiso dingwe tsa botsetsi

Ditsamaiso dingwe tsa go baya botsetse di ka tsenya batho mo diphatseng tsa go ka

tsenwa ke mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS. A re bone gore jang.
Botsetse jwa go rafola Botsetse jwa go tshola ngwana
Mmei wa botsetsi e ka re a tlhapisa Mmelegisi o ka nna mo diphatseng tsa
mosetsana, a mo tshware fela ka diatla go tsenwa ke mogare ka a sa dirise
mme a nne mo diphatseng tsa go ka diatlana
tsenwa ke mogare
Go tlhatswa diaparo tsa ka fa teng tsa Mmei wa botsetse e kare a beola
moithalegi go ka baya motlhatswi mo ngwana a mo sega mme madi a bone a
diphatseng. amana jalo ene kana losea ba amiwa ke
mogare
Fa e le mo merafeng e moithalegi a Ka go ne go se na thibelo mogare go
segwang mo ditokololong go tshasa tswa go mmangwana go ya loseeng
boloko , madi a gagwe le a yo o mo pele, motsetse o ka fetisetsa mogare mo
segang a ka amana. ngwaneng

3.5 Diphetogo tse di diragetseng mo peong ya botsetse

Botsetse jwa go rafola Botsetse jwa go tshola ngwana

Mo segompienong basetsana ga ba Mo segompienong mme o kgona go
bewe botsetse ipaya botsetse kana a bewa ke rraagwe
losea lwa gagwe
Basetsana le fa e le lwa ntlha ba bona Ntlo ya motsetse malatsi ano e tsenwa
setswalo ga ba sa tlhole ba bolelela ke mongwe le mongwe
bagolo, ba a ithusa
Bana ba tsena dikolo ka jalo nako ya go Motsetse o tlhakanela dilwana le batho
baya botsetse ga e sa tlhola le teng ba lelwapa
Le fa mosetsana a ka tswa a beilwe Ka lebaka la ditiro , motsetse ga a sa
botsetse, gompieno go tsena mognwe le tlhole a bewa lobaka mo ntlong
mongwe mo ntlong e a leng mo go yone

a) Ka fa diphetogo tsa go baya botsetse di amang matshelo a segompieno ka teng le

mo go laoleng go gola ga palo ya batho.

  89  
 
Gompieno bomme ba rotloediwa go dirisa tsa itshireletso go itsa go ima ba sa ikaelela.

Mokgwa o o thusa gore malwapa a nne le bana ba ba lekaneng ka jalo go gola ga
dipalo tsa batho go a laolesega. Ntlha e, e ama botsetse jwa go tshola ngwana fela

3.6 Ditsamaiso tsa setso tsa go baya botsetse mabapi le dintsho tsa bana le
botsogo jwa bomme

• Kalafi kana melemo mengwe ya setso e e neng e nosiwa losea e ne e ka baka

loso

• Tsamaiso ya go belegisetsa mo lwapeng fa gongwe ka e ne e sa babalesega mo

go kalo, go ne go ka diragala gore mme kana losea lo tlhokafale.

• Mo dilong tse di tshwanang le go baya phogwana, melemo e e nosiwang losea

go mo sireletsa e ne e ka baka loso.
• Tse di builweng fa godimo di, ama botsetse jwa go tshola ngwana fela

3.7 Diane tse di amanang le botsetse

• Mpuru o faretswe, motsetse o ja ka letsogo

• Mmangwana o tshwara thipa ka fa bogaleng
• Setsetse se bolawa ke namane
• Korwe ke je ke bapalela tsetse

ITHUTUNTSHE 1

Jalo he moithuti yo montle, kwala polelo go supa gore o tlhalogantse thuto e ya

botsetse.

Kwala polelo ya selekanyo sa tsebe le sephatlo ka setlhogo se se fa tlase.

Peo ya botsetse jwa go tshola ngwana e ne e babalesegile bogologolo go na le

gompieno (dumela kgotsa ganetsa)
______________________________________________________________________
______________________________________________________________________
______________________________________________________________________
______________________________________________________________________
______________________________________________________________________

  90  
 
  91  
 
  92  
 
4.0 LELWAPA

Re feditse ka botsetse, jaanong a re tsene mo thutong ya lelwapa moithuti.

Lelwapa go ya ka ngwao ya Setswana go tewa rre, mme le bana ba bone mo bonnong

jwa bone.

4.1 Mefuta ya lelwapa

Go na le mefuta e mebedi ya lelwapa e e leng le le botlana le le le katolositsweng.
Ø Le le botlana ke lone la ga rre, mme le bana ba bone.
Ø Le le katolositsweng ke la ga rre, mme, bana, bomalome, le bana ba bana. Lone
go nna masika ka go farologana. Batho ba lelwapa le ke masika.

4.2 Bokao jwa lelwapa

Mo ngwaong ya Setswana lelwapa le kaya fa beng ba lone e leng rre le mme ba a bong
ba supa fa jaanong ba godile ba tsere boikarabelo jwa go ka ikemela ka nosi le bana ba
bone. Le kaya tswelediso ya ngwao. Le na le boleng ka le fa seriti sa bogolo.

a) Lelwapa le aga bana jang?

• Le ruta bana botho jo bo amogelesegang.
• Le fa bana tlhokomelo, tlamelo le pabalesego.
• Le ruta bana go tsaya boikarabelo fa ba setse ba godile.

Tlotlo le boitsholo ke pinagare ya lelwapa

Se ke nnete moithuti ka gore:
• Go dumelwa gore motho ke motho fa a na le boitsholo jo bo amogelesegang mo
go ba bangwe.
• Gore motho a tsewe tsia ke fa a na le botho jo bo amogelesegang.
• Tota motho yo o tlotlang ba bangwe o a tlotlega.

4.3 Phetogo ya maikarabelo a batho ba lelwapa

Moithuti, gakologelwa gore batho ga ba sa tlhole ba tshwana le ba maloba, dilo di
fetofile jalo le maikarabelo a bone a fetogile. A bone fa:
• Batsadi bangwe ga ba tseye boikarabelo jwa go godisetsa bana mo molaong wa
botho le go tlotla ba bangwe.
• Bana le bone ga ba tlotle batsadi ba bone le bagolo ba motse tota
• Batsadi ga ba tlamele bana ka dijo, diaparo le go ba sireletsa jaaka pele.

a) Mananeo a a ka fang baša bogakolodi

Gakologelwa a a latelang moithuti:

• Lephata la Boipelego
• Botswana family welfare association

  93  
 
• Kgomotso councelling centre

• Dikgotla tsa Setswana

Re ema gone fa moithuti. Fa o tshwere dintlha tse, araba dipotso tse di latelang.

ITHUTUNTSHE 2

Kwala polelo ya selekanyo sa tsebe le sephatlo ka tlhogo e e latelang.

Mosola wa lelwapa

  94  
 
  95  
 
5.0 DIANE, DITHAMALAKANE LE MAELE

Tse di tshwantshanngwa le melawana ya Setswana e e itebagantseng thata le go ruta,

go gakolola le go tlosa bodutu. Tlhatlhobo e ya diane, maele le dithamalakane e
fitlhelwa mo pampiring ya ntlha. O tla fitlhela di tlhakatlhane mme o bo o kopiwa go di
tlhotlha. Moithuti o tshwanetse go bo a itse tebego/ popego ya diane, maele le
dithamalakane tse di farologaneng le go kgona go di tlhalosa go ya ka fa di dirisitsweng
ka teng.

5.1 Popego ya Diane, maele le dithamalakane

Diane Maele Dithamalakane
Di agilwe e le seelana A simolola ka /go/ Thamalakane e agiwa ka
seele se se khutshwane
gantsi
Seele se se ka bapisetsa A ka bapisetsa motho ka Di dirisa maina a dilo tsa
motho ka go dirisa go dirisa maina,mafoko a tlholego jaaka diphologolo,
phologolo kana sengwe a rayang dilo dingwe ditlhare, dithaba.
fela se e seng motho.
Se tlhokana le tlhaloso A a tlhalosiwa Di nna le motlhabi le
morekolodi

5.2 Tlhaloso ya Diane le maele go ya ka tiriso

Mo karolong e, diane kana maele a a bo a dirisitswe mo polelong kana mo palong go

ntsha bokao. Bona sekai se se fa tlase go bona gore ke raya jang:

Batho gompieno ke bomenomasweu fela, botsala jwa nnete ga ba bo itse. Motho

kgona go go ela ka dinakana bodibeng le ntswa le dumalane.

Gone fa, o tshwanelwa ke go ka tlhalosa bomenomasweu, le e leng lefoko le le tswang

mo seaneng se se reng menomasweu a bolaya a tshega.

  96  
 
Go go ela ka dinakana bodibeng, le ene ke mafoko a a tswang mo leeleng le lereng,

go ela motho ka dinakana bodibeng.

Tlhaloso e ka nna jaana:

• /Bomenomasweu/ go tewa batho ba ba itirang e ka re ditsala mme ba ka go
tsenya mo mathateng.
• /Go go ela ka dinakana bodibeng/, ke go go tlhanogela kana go fetogela
tumalano ya lona.

ITHUTUNTSHE 3

Lebelela dielana tse di latelang morago o arabe dipotso

1. Moyagoleele o lefa ka marapo
2. Sa re nyedi sa re tse!
3. Maru a senang tladi malematsa
4. Maoto a nong ke phofa
5. Go ya legofegofe
6. Ka itaya mpipi-mpipi a gana go tswa lobadi
7. Tilodi tsa sekgwa se!
8. Go ja nku meno

a) Ke diele tsa dipalo dife tse e leng:

1. Diane __________________________________
2. Maele _________________________________
3. Dithamalakane__________________________

b) Sekaseka dipolelo tse di latelang o bo o araba dipotso 4 go ema ka 6.

i) Motho o tshwarwa ka loleme, kgomo e tshwarwa ka dinaka.

ii) Go ja ka lenao
iii) Se se mo mothong kwa pele, mo kokong se kwa morago
iv) Monwana o le mongwe ga o rune nta
v) Go ja mpa phatloga
vi) Ka di tshela maokeng tsa boa di mpherefere
vii) Maikotlhao ngwana wa morago
viii) Tshephe di tswa go nwa melomo e tla e ntse mesetlha
ix) Go nna kwa ga mothakga
x) Moremogolo go betlwa wa taola, wa motho o a ipetla

  97  
 
4. Dithamalakane ke tsa dipalo dife?

A ii viii x
B i iv vi
C iii vi viii
D vii vi viii

5. Diane ke tsa dipalo dife?

A iv vii x
B ii v viii
C ii v x
D i iv ix

6. Maele ke a dipalo dife?

A i ii v
B ii v ix
C ii viii ix
D ii iv x

Bala temana e e latelang mme morago o arabe dipotso, o tlhalose puo e e bofitlha
go ya ka fa e dirisitseng ka teng.
Fa Kabelo a se na go kgaogana le Neo, a nna le letswalo le a sa le tlhaloganyeng.
Segakolodi sa gagwe sa mo raya sa re a ikopanye le Loago. Ka lesego ya re a tsamaya
fa Magwading, a kopana le ene. Ba dumedisana mme mogoma a se ka a dia sebaka, a
phunya sekaku. “Nnyaa, ke ne ke re gongwe o ka ne o gakgametse go mpona ke tla
kwa go wena gompieno. Jaanong boammaruri ke gore jaaka o itse, tshukudu ga e nke
e tswa sekgweng fela, e a bo e utlwile botlhoko. Monna, ke utlwa ka podi ya tsela fa
wena le Neo lo bonwa kgapetsakgapetsa lo le mmogo. Mpolelele, gore go diragala
eng?” Kabelo a fetsa go bua a tlhomile Loago matlho. Mogoma a bona go tshwanela
gore a bue sengwe ka jaana a ne a kokonelwa ke mokgwa o a neng a lebilwe ka one. A
supa fa ene le mosetsana e le ditsala fela. Fa Kabelo a bona a gana go tswa ka nnete,
a bona go le botoka gore a mo tlogele, le fa e ne e le ka pelo e khibidu bogolo jang ka
Tumelo a ne a re o ne a ba iponela ka matlho a gagwe.

  98  
 
7. Mafoko a a reng, tshukudu ga e ke e tswa sekgweng fela, e a bo e utlwile

botlhoko a kaya eng ka maikutlo a ga Kabelo?

A O bona Loago a batla go mo tshamekisa

B O batla go bua ka botsala jwa bone
C O batla go bontsha gore o betilwe ke pelo
D O utlwile gore Loago o tsamaya masigo

8. Fa go twe a phunya sekaku go tewa jang?

A A ntsha sephiri
B A mmolelela se se mo pelong ya gagwe
C A mo omanya
D A mmetsa mo a neng a mo ntsha dintho

9. Fa go twe pelo e khibidu, go tewa gore e

A botlhoko thata
B tswa madi
C fetogile mmala
D itaya ka bonako

6.0 NYALO

Moithuti, re setse re ithutile ka botsetse le lelwapa, jaanong re tsena mo thutong ya

nyalo kana lonyalo.

6.1 Tlhaloso

Nyalo go tewa tshwaragano ya ga rre le mme ka fa molaong ba bo ba nna mo

lelwapeng lwa bone.

6.2 Bokao le boleng jwa nyalo

Fa batho ba nyalana go a bo go kaa sengwe mme e bile gape nyalo fela ka boyone e
na le boleng. Bokao jwa nyalo e ka nna jo bo latelang:
• Gore ba ba nyalanang ga e sa tlhole e le bana jaanong ke bagolo.
• Gore banyalani jaanong ba tsena mo boikarabelong jwa go ka tsena mo
mererong ya nyalo le ya segolo ka kakaretso ka jaanong ba godile.
• Gore ngwao ya rona ya Setswana e a tswelela ga e a ema golo go le gongwe.
• Gore batho jaanong ba nyalane ba ka dira dilo jaaka rre le mme go na le morero.
• Nyalo ka boyone e tsisa boleng mo go ba ba nyalanang.
• E ba fa seriti ka bat sere dithwetso tse ditona.

  99  
 
• E a ba oketsa.

6.3 Mosola wa nyalo

Moithuti, mo ngwaong ya Setswana nyalo e tswa kgakala e le mosola fela thata.
Dintlha dingwe tse di supang bomosola jwa yone ke tse:
• E fa banyalani seriti sa bogolo.
• E dira gore batho ba ate ka go tshola bana.
• E tsisa kamano le tshwaragano fa gare ga malwapa a a ntseng a sa itsane.

6.4 Tsamaiso ya nyalo kgato ka kgato

Moithuti, merafe ya Botswana e a farologana. Fa go ntse jaana go raya gore le ka fa e
tsamaisang nyalo ka teng go a farologana. Fa, re tla akaretsa dilo tse di fitlhelwang mo
merafeng ka bontsi.

a) Peeletso

Mosimane o ne a ka beeletsa mosetsana a sa le mmotlana, a supa fa e tla nna

ene mosadi wa gagwe ka moso. Merafe mengwe e bitsa se go tlhoma
lotlhokwa. Ngwana yo o ne a godisiwa fela ke batsadi mme ene a itse fa a
setse a beeleditswe.

b) Go isa mafoko

E ne e re fa mosetsana a setse a godile, mosimane le ene a setse a baakantse

tse di tlhokafalang mo nyalong jaaka bogadi; a bo a ka roma bomalomaagwe go
mo isetsa mafoko kwa goora mosetsana. Fa ba amogetswe sentle, kana go
dumetswe ba ne ba laelwa go ya go ipaakanyetsa letsatsi la patlo le le
dumalanweng.

c) Patlo

Morago ga go dumalana jaanong go ne go dirwa patlo. O ke modiro wa Setswana o

mo go one go neng go tliwa go batliwa kana go itshupa ke boora mosimane gore e
le ruri ba kopa go nyala. Ka letsatsi la patlo mosadi o ne apesiwa diaparo tse dintsha
tsa leteisi a bo a laiwa ke bomme ka fa lwapaneng fa rre a laiwa ke borre kwa
kgotleng.

d) Bogadi

Letsatsi la bogadi le ne le beilwe le lone go ka tlisa dikgomo. Bogadi go tewa

dikgomo tsa palo e e rileng mme e bile e dumalanwe, tse di fiwang boora mosetsana
e le sekao sa gore boora mosimane ba lebogela mosadi yo ba mo fiwang. Bogadi bo
direlwa mokete mme gape morago ga go ntsha bogadi go ne go ya go
baakanyediwa mokete wa letsatsi la go isa mosadi kana ngwetsi.

  100  
 
e) Go isa ngwetsi/mosadi yo o nyalwang

Mo letsatsing le, bomme ba eteletswe pele ke mmamalome ba ne ba tsisa mosadi

kwa gabomonna ba eleng bomatsalaagwe. Go ne go dirwa mokete o mogolo go
jewa go itumelwa thata. Morago banyalani ba ne ba laiwa ka kgato e ba e tsereng
mme go bo go phatlalalwa.

6.5 Botshosorweleng mo mererong ya nyalo

Malome le rangwane- ba batlela ngwana mosadi. Ke bone a etelelang merero pele.
Rakgadi- o laya setlogolo segolo jang sa mosetsana
Mmangwane- O laya mosetsana a eme boemo jwa ga mmaagwe mosetsana
Maikarabelo a masha a a lebaneng ba losika ka go farologana
Malome_ O rekela setlogolo diaparo tse a tla di aparang fa a apola losire
Rakgadi- O reka mosese wa phetolo
Mmaagwe mosetsana – O rekela mosetsana mosese wa phetolo

6.6 Tse di solofelwang ke banyalani le ba losika

Banyalani
• Ba solofela go tla go tswelela ba rutwa ka nyalo e ba mo go yone
• Mosadi o solofela gore a rutiwe ditiro tse di mo lebaneng jaaka ngwetsi
• Monna o ka solofela go ka rutwa ditiro tsa rre yo o nyetseng

Ba losika
• Ba solofela gore banyalani ba tle ba ba thuse ditiro le merero ya losika
• Boora mosadi ba solofela gore monna a ba lemele masimo go ba tshetsa ka e le
mogwe wa bone.
• Boora monna le bone ba solofela gore ngwetsi e ba tlhokomele e le bomatsale, a
ba apeele jalo jalo.

6.7 Kamano ya nyalo le thuo ya dikgomo

• Dikgomo di neelwa boora mosadi e le bogadi
• Ka nako ya mokete go tlhajwa kgomo go jewa nama

6.8 Diphetogo tse di amileng nyalo

• Gompieno go ka ntshiwa bogadi e le madi
• Bogadi bo tsewa e le tlhwatlhwa mo e leng gore madi a teng a mantsi thata
malatsi ano.
• Batho ba kgona go nnela ruri mmogo le fa ba sa nyalana
• Go aparwa diaparo tse di di jang madi madi gompieno
• Dingwetsi ga di sa tlhole di berekela bomatsale, le bagwe ga ba direle
bagwegadi
• Ditlhalano di ile magoletsa.

  101  
 
a) Ka fa diphetogo tsa nyalo di amileng baša ka teng

• Ka gore bogadi bo a tura, basha ga ba sa tlhole ba kgatlhegela nyalo
• Ditlhalano di ile magoletsa mme mo go dira gore basha ba tshabe go tsena mo
nyalong.
• Basha ga ba tlotle nyalo, ga ba e bone e le mosola ka mabaka a a fa godimo

b) Mananeo a a teng a a ka fa baša bogakolodi

Go na le mananeo a a ka dirisiwang go fa baša bogakolodi mabapi le nyalo. Mangwe a

one ke a moithuti:
Lephata la Boipelego - Basha ba ba eletsang go nyalana ba ka itseela bogakolodi kwa
go ba boipelego pele ga ba tsena mo nyalong.
Dikereke - Mo dikerekeng go na le baruti ba ba gakololang basha pele ga ba tsena mo
nyalong le fa ba na le diemo ba le mo go yone.
Diofisi tsa ga Molaodi - di fa banyalani bogakolodi ka nyalo, segolo jang ba lebile
tsamaiso ya nyalo go ya ka molao wa lefatshe la Botswana.

6.9 Diane tse di amanang le nyalo

• Mogwe lekaba ga a tsofale
• poo ya bogwe e tlhaba ka naka lo sokame
• Mosaditshwene o jewa mabogo
• Sa mosima se bonwa ke yo o thata
• Mabogo dinku a a thebana

ITHUTUNTSHE 3
Kwala polelo ya selekanyo sa tsebe le sephatlo ka tlhogo e e fa tlase.

Bogadi ke tebogo mo lenyalong ga se theko ya motho. (Dumela kgotsa ganetsa)

  102  
 
  103  
 
____________________________________________________________

7.0 DITIRELO TSA PHITLHO

Go ya ka merafe e e farologaneng, phitlho e nna fa mongwe wa losika a re tlogetse

kana a tlhokafetse. Go diragala dilo tse dintsi mo phitlhong tse di lebaganyeng le
tsamaiso ya phitlho.

7.1 Seabe sa Masika mo Ditsamaisong tsa Phitlho

• Masika a a phuthagana ba tlela go tla go gomotsana le go thusa ba lelapa

Ba kopanela boikarabelo jwa go fitlha
Ba abelana ditiro sekai: Mmamalome o beola ditlogolo
Ba thusa ka dikgong, go apaya le go ntsha madi go thusa mo go rekeng sephutho sa
moswi

7.2 Bodiphatsa jwa Ditsamaiso Dingwe tsa phitlho

Seabe sa ditsamaiso dingwe tsa phitlho tse di ka anamisang mogare le bolwetse jwa
HIV/AIDS

  104  
 
• Go beola baswelwa ka logare lo le longwe.

• Go nyadisa moswelwa gape go sa itsiwe seemo sa gagwe le yo a mo nyadisiwang

7.3 Ka fa ditsamaiso dingwe tsa phitlho di kgethololang basadi ka teng

• Basadi ba ne ba roula borre bone ba sa roule.
• Go sa ja nama nngwe go twe ke ya borre fela
• Go sa tsena thata kwa morakeng wa rre wa gagwe yo o mo tlogetseng
• Go sa nna le boswa kwa ga bone go twe o nyetswe

7.4 Diphetogo tse di amileng tsamaiso ya diphitlho

• Gompieno moswi o tsaya lobaka go bolokwa ka go na le dimotšhara.
• Go dirisiwa madi a mantsi thata mo phitlhong; go reka dikese tse di turang, go dira
dipampiri tsa mananeo le go reka dijo tsa mefuta ka go apewa dikhenekhene.
• Go dirisiwa ditante tse ekete tsa manyalo.
• Bangwe ga ba roule ka ntlha ya tumelo ya sekeresete, jalo jalo.

ITHUTUNTSHE 4

Kwala polelo ya selekanyo sa tsebe le sephatlo ka setlhogo se se fa tlase.

Matlhabisa ditlhong a ke a boneng kwa phitlhong.

  105  
 
  106  
 
8.0 THUPISO

Thupiso ke sekolo sa Setswana sa basimane le basetsana, se neng se ba ruta ngwao

ya bone.

8.1 Bokao jwa bogwera le bojale

BOGWERA BOJALE
Bo supa fa basimane e nna banna Bo kaya fa basetsana ba gola go nna
jaanong go tswa mo bosimaneng basadi
Bo kaya bopelokgale jwa basimane Bo supa go tsaya bikarabelo jwa
bomme go godisa makagrejwana
Bo supa boikarabelo jwa borre go Ke tswelediso ya ngwao
godisa makawana
Ke tswelediso ya ngwao Go supa fa borre ba tsaya kagato ya go
godisa basimane

8.2 Tsamaiso ya thupiso

Bogwera le bojale di na le tsamaiso e e tshwanetseng go salwa morago.

a) Bogwera

Go ya ka merafe ya Batswana ka go farologana, bogwera bo iwa ka dinako tse di

farologaneng. Bo iwa ke makolwane go ya go rutwa ngwao le gore ba ka tla go aga
malwapa jang. Ba ne ba rupisiwa ke ngaka e e neng e bidiwa Rrathipana. O ne a ba
rupisa ka go ba kgaola letlalo le le fa pele. Fa ba ile thupisong jaana ba ne ba bidiwa
magwane. Ba ne ba nna kwa nageng kgakala le motse.

b) Bojale

Bo ne bo iwa ke basetsana ba dingwaga tsa bokgarejwana. Bone ba ne ba bo ya fela

mo motseng mo lelwapeng le le ageletsweng sentle. Ba ne ba nna koo go rutwa ngwao
le go tlhokomela malwapa a bone fa ba setse ba nyetswe.

8.3 Ditlamorago tsa kwelotlase ya go rupa

• Ngwao ga e sa tlhole e tsewa tsia segolo jang ke banana
• Setswana se a lebalwa ka tota se ne se rutwa thata kwa thupisong.
• Bana ba nyatsa bagolo
• Malwapa ga a tlhomama a a reketla ka molao wa lenyalo o o neng o gatelelwa
kwa thupisong o sule.
• Boikarabelo mo bathong bo ile tlase.

  107  
 
8.4 Diphetogo tsa thupiso

• Gompieno go rupisiwa kwa kokelong
• Thupiso ge sa tlhole e tsaya lobaka jaaka pele
• Tota ga go sa tlhole go iwa thupisong go ya ka merafe e mentsi.

8.5 Ditsamaiso tsa thupiso le kanamo ya mogare le bolwetse jwa HIV/AIDS

• Thipa e e neng e dirisiwa go kgaola barupisiwa e le nngwe e ne e ka thusa go
anamisa mogare le bolwetse jwa HIV/AIDS.

8.6 Ka fa ditsamaiso tsa bogwera di ka amang tikologo ka teng

• Ka magwera a a bo a le kwa sekgweng, ba ka ora ditlhare mme tsa fela
• Magwera a ka tsoma diphologolo mme tsa fela
• Kgothego ya mmu le yone ba ka e baka ka ba a bo ba le bantsi ka lobakanyana
mo lefelong le le lengwe.
Go ka diragala gore ba fise na
 
ITHUTUNTSHE 5

Kwala polelo ka tlhogo e e fa tlase.

Tsamaiso ya thupiso ya bogologolo e tshwanetse go busediwa go aga botho jwa bana
ba gompieno. (Dumela kgotsa ganetsa)

  108  
 
  109  
 
9.0 KOBAMELO (Ditumelo tsa Batswana)

Tumelo ke fa motho a dumela go re go na le sengwe se se mo tlamelang ebile se mo

sireletsa mo botshelong, se se tsamaisang matshelo a gagwe gore a nne ka fa a ntseng
ka teng lefa aka tswa a sa se bone. Batswana ba ne ba dumela thata mo badimong.
Botshelo jwa batswana bo ikaegile thata ka badimo. Batswana ba dumela gore mebele
le ditlhaloganyo tsa bone di laolwa ke badimo. Ke ka moo go tswa gooLowe Batswana
ba tlhamileng ditsela tse ka tsone ba supang tumelo ya bone mo badimong kana ditsela
tse ba obamelang badimo ba bone ka tsone. Ditsela tse di direlwa go tiisa tirisano fa
gare ga batho le badimo ba bone. Badimo - Go tewa borraaronamogologolwane ba ba
tlhokafetseng kana ba re tlogetse le ba ba tshelang.

9.2 Mosola wa badimo

Batswana ba ne ba tsaya badimo ba le botlhokwa ka ba ne ba dumela gore ba ba

sireletsa mo diphatseng. Ba ne ba dumela fa ba ka ba fa masego. Ba ne ba re ba ba
kaela mo botshelong gore ba tshele jang, ba dire ditiro tsa bone jang Ditsela tse ke
tsone tse re di bitsang ditsela tsa kobamelo, ke gore ka fa go dirwang ka teng go
obamela badimo. Ke sone se re reng ke ditsela tsa kobamelo. Dingwe tsa tsone ke tse
di latelang: Go rapelela pula, go fa Badimo, dikgafela, go kgwa dikgaba.

Jaanong moithuti re ya go tsaya dingwe tsa tsone ka bongwe ka bongwe.

9.3 Dingwe tsa tsamaiso ya go obamela badimo

a) Go fa Badimo

  110  
 
Go ne go tewa go ba fa ka go ba direla moletlo ba bo ba latlhelelwa marapo kwa

mabiltleng go ya le gore ke morafe ofe.

b) Go kgwa dikgaba
Dikgaba- Ke bomadimabe jo bo ka welang batshidi fa ba sa tlotle badimo ba bone.

E ne e re motho a sa tsamaelwe ke botshelo sentle a bo a ka isiwa mabitleng go ya go

kopelwa maitshwarelo le lesego kwa badimong ba ga bone. Fa gongwe go ne go
dumelwa gore dikgaba motho o ka tswa a di tsentswe ke motsadi yo o tshelang. Foo
gone go ne go dirwa thulaganyo ya gore mogolo yoo a mo kgwe dikgaba. O ka kopa
maitshwarelo fela gobo go siama, kana ga dirwa thulaganyo ya gore go apewe bojalwa
mme e re phakela yo o tsentseng ngwana dikgaba a hupe bojalwa a bo a bo kgwela
mo molwetsing. Go bo go dumelwa go re o tla siamelwa ke dilo.

c) Dikgafela
E ne e re morago ga thobo mabele mangwe a isiwe kwa kgosing, a omelwe go dirwe
bojalwa jo bo neng bo tla go nowa ka letsatsi lele beilweng. E ne e le tsela ya go
lebogela thobo le go rapela go re badimo ba nese pula ya letsema le le latelang.

d) Go rapelela Pula
Modiro wa go rapepela pula o ne o dirwa ke morafe kwa kgotleng. go ne go apewa
bojalwa, go ntshiwa leswe mo motseng mme bojalwa bo gasiwe mo motseng go kopa
pula. Tiro e e ne e etelelwa ke ngaka ya pula e e neng e bidiwa moroka.

9.4 Batsayakarolo mo medirong ya kobamelo

• Kgosi
• Ngaka ya setso- Ya pula e bong Moroka
• Bagolwane ba motse

9.5 Ka fa kobamelo e fetogileng ka teng

• Ditumelo tsa sesha di latlhisitse Batswana ka bontsi go obamela badimo
• Basha ga ba dumalane le kobamelo ya badimo ba re ke segologolo
• Gompieno kobamelo e tswakilwe le ke ya Sesankoma e tota e seng ya Setswana

9.6 Mafelo a kobamelo

Go ne go ka obamelwa kwa mafelong a tshwana le dikgwa, dithaba, melapo, kgotla,
mabitla le matlotla.

9.7 Ka fa ditsamaiso dingwe tsa kobamelo di ka nnang diphatsa mo matshelong a

batho ka teng
• Dikobamelo dingwe di ka lopa motho gongwe yo o phasiwang kana kgwiwang dikgaba
gore a ikgwise mme a tlhokafale ka go felelwa ke metsi mo mmeleng.
• Fa gongwe motho o a segwa mme o ka felelwa ke madi a mmele
• Batho bangwe ba a tle ba latlhegelwe ke tlhaloganyo go twe ke ka gore ba gana go
obamela badimo.

  111  
 
9.8 Ka fa ditirelo tsa kobamelo di ka amang tikologo ka teng

• Baobamedi e kare gongwe ba gotsitse molelo go dira setlhabelo sa badimi ba fise naga
• E kare ba phuthagane jalo ba leswefatse tikologo ka tsela nngwe
• Diane tse di amang kobamelo
• Mogoa badimo o a ba ikgoela
• Bana ba bua le badimo

ITHUTUNTSHE 5

Dipotso tsa thuto e gantsi di fitlhelwa mo pampiring ya ntlha. Lebelela sekai sa tsone
kwa bofelong.

10.0 MEILA

Meila ke melwana e e neng e laola e bile e gakolola Batswana go sa dira dilo dingwe
ka mabaka a go sa tsena mo diphatseng. Meila e na le mefuta e e latelang:

10.1 Meila ya botsetse

• Motsetse ga a je ka letsogo ka o ka ja leswe
• Mo tsetse ga a tlhakanele dilwana le batho mo lwapeng ka o a bo a direlwa
bophepa.
• Mme fa a itsholofetse ga a je mae ka a ka thibela tsela ya pelegi

10.2 Meila ya loruo

• Seruiwa se se swetsweng ke ngwana ga se jewe ke bomme ba ba itsholofetse,
ba ka tla ba senyegelwa le bone.
• Seruiwa se se ipolaileng ga se jewe, se ka lwatsa batho

10.3 Meila ya loso

• Bana fa ba tlhokafaletswe ga ba begelwe go ne go twe ba ka hutsafala thata
• Motlholagadi ga a ralale loruo, gatwe lo ka swa
• Dijo tsa loso ga di lokiwe ka go a bo go se mo monateng go le mo selelong e
seng batho ba ka ba itebala ba itumela ka ntlha ya dijo tse di monate.

10.4 Meila ya lelwapa

• Letswai ga le kopiwe bosigo, baloi ba ka tlhasela
• Ngwana wa mosetsana ga a je a eme ka dinao o ka fetwa ke nyalo
• Ngwana wa mosimane ga a feelwe dinao, o ka se ka a nyala mo botshelong
• Ga go feelwe bosigo
• Metsi ga a tsene mo lwapeng bosigo
• Basetsana ga ba nne setilo sa borre

  112  
 
ITHUTUNTSHE 6

POLELO
Meila ya setso e ne e ruta botoka go na le thuto ya segompieno. dumela kana o
ganetse ka mabaka

  113  
 
11.0 DITIRO TSA DIATLA

Ditiro tsa diatla di akaretsa tse di latelang:

11.1 Tshugo
Go ne go sugwa matlalo a diphologolo go dira didirisiwa tse di farologaneng. Di lebelel
fa tlase moithuti:

DIDIRISIWA TIRISO
Phate E dirisediwa go alwa/go aparwa
Kgole E dirisiwa go golega diruiwa
Kao E dirisiwa go kaa kana go bofa kgomo
maoto fa e gangway
Moropa O rokelelwa letlalo le le sugilweng ka
dikgjana mme o dirisiwe e le seletso
Sepora Ke setilo sa logong mme se gokeletswe
dikgole tse di sugilweng go dirisediwa go
nnwa ke borre.

11.2 Petlo
Ke tsela ya go betla go dirisiwa logong. Didirisiwa tsa petlo ke tse di latelang:

DIDIRISIWA TIRISO
Kika Go thugela
Motshe Go thuga
Jokwe Go pana dikgomo ka nako ya temo
sejana Go jela

11.3 Popo
Fa go a bo go bopiwa didirisiwa go dirisiwa mmopa. Didirisiwa di akaretsa:

DIDIRISIWA TIRISO
Nkgwana Go beela metsi/ madila/ bajalwa/mogetlo
sejana Go jela
Kopi Go nwela
leswana Go ja

  114  
 
11.4 Togo
Go logiwa didirisiwa ka go farologana go dirisiwa dilo tse di farologaneng. Didirisiwa di
akaretsa tse di latelang:

DIDIRISIWA TIRISO
Tlatlana Go beela dijo ka nakwana
sesigo Go beela dijo ka lobaka lo lo riling
sefalana Go beela dijo lobaka lo lo leele
moseme Go alwa
Setlatla Lebati le le ka tswalang ntlo

11.5 Mosola wa ditiro tsa diatla

• Go ithutuntsha
• Go tsweledisa le go tshegetsa ngwao
• Go itlosa bodutu
• Go gweba ka go ananya

11.6 Diphetogo tsa ditiro tsa diatla

• Gompieno tota ga go sa tlhola go dirwa ka diatla, batho ba bereka ditiro tse ba

amogelang madi.
• Go direlwa ka diatla go gweba malatsing ano???? Ga ke utlwe gore ga tweng
• Banana ga ba bone e le se ba ka se dirang, ba re ke dilo tsa segologolo

12.0 SEKAO SA MERAFE

Merafe e ikaya ka dilo tse di farologang jaaka tse di latelang:

12.1 Puo
E supa gore morafe ke ofe jaaka re ka re morafe ke wa Bakgatla re utlwa batho ba one
ba bua puo ya Sekgatla. Sekgatla se na le mafoko a e leng gore a fitlhelwa mo go sone
fela jaaka mokgele ba raya sekhukhu, mmopo ba raya mmidi o o metsi jalo jalo. Mme
go ntse fela jalo le ka dipuo tsa maerafe e mengwe.

  115  
 
12.2 Kapari le dijo

Ka fa morafe o itsayang ka teng le ka fa o dirang dilo dingwe ka teng go supa ngwao ya
one.

Dikai:
Baherero ba apara mesese e meleele, e metona le ditukwi tse di bofilweng seka-dinaka
tsa kgomo. Dijo tsa bone thata ke nama le madila.

12.3 Sereto
Sereto ke se morafe o se tlotlang ka mabaka mangwe a a botlhokwa. Sekai:
Bangwato ba ana ka Photi ka go bo e ne ya sireletsa Kgosi ya bone ka nako ya fa batho
ba batla go mmolaya.

a) Mosola wa sekao sa morafe

• Se supa se morafe o leng sone

• Se fa morafe boleng le bokao
• Ke karolo e e botlhokwa ya ngwao ya morafe
• Se farologanya merafe
• Se fa morafe seriti  

13.0 TSHOBOKO

Moithuti re tsile kwa bokhutlong jwa kgaolo e ya ngwao. E rwele go le gontsi mo o

tlamegang go go itse ka ngwao, jaaka, botsetse, lelwapa,diane dithamalakane le
maele,nyalo,ditirelo tsa diphitlho, thupiso, kobamelo, le ditiro tsa diatla. Go le gantsi
dipotso tsa ngwao di botswa mo pampiring ya ntlha. Re go diretse tlhatlhobo ya ngawo
mo kgaolong ya bofelo ( kgaolo 9) o arabe dipotso tseo tsotlhe ka bo40. Dikarabo di
kwa bofelong o bo o itshwaela.

  116  
 
KGAOLO 7

TSHEKATSHEKO YA PADI

1.0 TSHEDIMOSO

Mo Setswaneng go balwa dipadi le dikhutswe ka go farologana mme morago di

sekasekiwe kana di kanokwe go sedimosa se di buang ka ga sone. Mo go sekasekeng
padi kana khutshwe go lebelewa dintlha tse di farologanyeng mme mo kgaolong e re tla
lebelela dintlha tseo tsotlhe. Ke tla tsamaya Ke tla tsamaya ke go fa ditemana go go
supetsa gore dintlha tseo di sekasekwa jang mme morago ke go fe tse dingwe gore
jaanong o itshekakele ka bowena.

2.0 MAIKAELELO A KGAOLO E

Moithuti, mo thutong e maikaelelo ke go ithutuntsha le go ikgakolola ka fa padi, palo

kana khutswe e ka sekasekwang ka teng.

A re itse gore maikaelelo a tshekatsheko ya padi ke a alatelang:

• Go tlhalosa thulaganyo ya ditiragalo
• Go sekaseka tumelesego le kgonagalo ya ditiragalo
• Go sekaseka mefuta ya kgotlhang e e fitlhelwang mo pading
• Go senola setlhoa
• Go tlhalosa ka mafoko a gago moanelwa mogolo le ba ba botlana mo pading
• Go bolela baanelwa b aba botlhokwa
• Go tlhalosa gore ke eng o akanya gore kanelo ya baanelwa e a dumelesega
kgotsa ga e dumelesege
• Go tlhalosa molaetsa le botshelo ka kakaretso
• Go tlhalosa paka le lefelo la ditiragalo
• Go bolela gore a paka le lefelo la ditiragalo di rotloetsa kgonagalo le tumelesego
ya ditiragalo le boitshwaro jwa baanelwa.
Jaanong a re ye le tsone moithuti.

3.0. THULAGANYO YA DITIRAGALO

Go tewa go rulaganya kgotsa go latedisa ditiragalo go ya ka fa di tlhomaganeng ka

teng.
Gakologelwa gore go rulagangwa dintlha tsa botlhokwa fela.
Dintlha tsa botlhokwa mo thulaganyong ya ditiragalo di latelana jaana:
-­‐ Kgwetlho
-­‐ Kgotlhang
-­‐ Setlhoa

  117  
 
-­‐ Mafologelo  
-­‐ Maikutlo a a wela

A re tlhaloganye se pele.

Kgwetlho: Tiragalo e kgolo e e biditseng tse dingwe. Se tota e leng gore fa e ne e se

ka sone ditiragalo tse di latelang di ka bo di sa diragala. Fa gongwe e bidiwa
kgangkgolo.

Kgotlhang: Tlhokakutlwisisano kana ntwa e e ka nnang mo dikakanyong tsa motho, fa

gare ga batho kana momothong le tikologo e a tshelang mo go yone.

Fa re riana go supagala gore kgotlhang e mefuta meraro: e bong

• Ya motho le motho
• Ya motho le tikologo
• Fa gare ga dikakanyo tsa motho

Setlhoa: Ke fa dipotso tse re neng re tla re di ipotsa di arabesegang teng. Fa re

tsena fa setlhoeng re a re ehee go fleets jaana.

Mafologelo: Fa ditiragalo di welang teng, e kare go ela go bepa.

Maikutlo a a wela: Fa e reng re tsena teng re bo re lemoga fa jaanong dilo di wetse,

go ritibetse e bile re setse re se na le fa ele potso epe

Ela tlhoko: Fa o araba potso ya thulaganyo ya ditiragalo go solofelwa gore go fitlhelwe

o di rulagantse ka go ama kgwetlho, kgotlhang, setlhoa, mafologelo le go wela ga
maikutlo fela jaaka di tlhomagana.

3.1 Tsalano ya ditiragalo

Go tewa go supa ka fa ditiragalo di tsalanang le tse dingwe ka teng. O tlaa fitlhela

tiragalo e ngwe e diragala ka go bo e nngwe e diragetse e bo e baka e e latelang fela
jalo go tsena ka ya bofelo.

3.2 Tumelesego le kgonalagalo ya ditiragalo

Go tewa gotwe a se se diragalang mo palong, gore a se ka diragala le mo botshelong

jwa nnete jwa nama le madi kana jo re bo tshelang re le batho.

Go botlhokwa go supa ka fa go kgonagala ga ditiragalo go ka diragalang mo botshelong

pele ka kakaretso re be re rurifatsa ka se se diragalang mo palong. Fa re riana re tla bo
re supa fa ele ruri se se diragalang mo palong e se maselamose kana metlholo.

  118  
 
3.3 Mefuta ya dikgotlhang

a) Kgotlhang ya motho le motho kana e e fagare ga batho: Motho o a bo a sena

kutlwisisano le yo mongwe kana e le ditlhopha dI sa utlwisisane ka mabaka mangwe.

Gakologelwa gore:
• kgotlhang ya motho le motho e bonala fa batho kana motho a gotlhana le yo
mongwe ka gore ba dirana sengwe. Ga se yone fa motho a bogisa yo mongwe
ene yo o bogisiwang a itidimaletse fela. Ke kgothakgothano fa gare ga batho.
b) Kgotlhang fa gare ga dikakanyo tsa motho: E nna mo dikakanyog tsa motho. Motho o
nna le megopolo e mentsi a sa itse gore a tseye ofe a tlogele ofe.
c) Kgotlhang ya motho le tikologo: Fa motho o nna le go sa utlwisisana le ba a tshelang
le bone ka mabaka. Batho bao b aka ganana le megopolo, ditiro kana mekgwa ya
gagwe e mentle kana e maswe

3.4 Setlhoa

Fa ke fa dipotso tse re ntseng re tla re di ipotsa di arabegang teng. Re lemoga gore

ditiro tsotlhe tsa moanelwa mogolo di ne dire gogela gone fa.

4.0 BAANELWA

Ke batho ba mokwadi a ba itlhametseng go diragatsa ditiragalo tsa buka ya gagwe.

Baanelwa ba mefuta mebedi.

a) Moanelwa mogolo
Ke ene yo padi e ikaegileng ka ene. O re senolela kgotlhang, setlhoa le molaetsa.

b) Baanelwa ba ba botlana le ba ba botlhokwa:ke baanelwa ba bangwe mo

pading ba ba rotloetsang moanelwa mogolo go diragatsa ditiragalo ka bontsi.
Baanelwa ba ba ka nna botlhokwa ka lebaka la gore ba thusa kgotsa ba rotloetsa
moanelwa mogolo go diragatsa ditiragalo tsa padi ka bontsi.

c) Go rata kana go sa rata baanelwa bangwe: go a diragala gore o le mmadi o

nne le baanelwa ba o ba ratang le ba o sa ba rateng mo palong. Botlhe o
tshwanetse go ba rata kana go sa ba rata ka mabaka.

d) Kanelo ya baanelwa
Go tewa botho kana boitshwaro jwa baanelwa ka fa mokwadi a bo supileng ka
teng. Bo ka sekasekiwa gore a bo a kgonagala go ka diragala mo botshelong jwa
mmantota kana nyaa. A mo botshelong go na le batho ba mofuta oo.

  119  
 
5.0 MOLAETSA
Molaetsa wa palo kgotsa padi ke se re ithutang mo palong re le babadi. Molaetsa o
senolwa moanelwa mogolo. Molaetsa o ka amanngwa kana ga sekasekiwa gore a o ka
amana le botshelo ka kakaretso.

6.0 PAKA LE LEFELO LA DITIRAGALO

Re tla lebelela paka le lefelo ka bongwe ka bongwe

a) Paka ya ditiragalo

Paka go tewa nako kana motlha o ditiragalo di diragalang ka one.

Mefuta ya dipaka
• Paka ya sesa kgotsa ya segompieno: Ke paka e mo go yone ditiragalo tsa padi di
buang thata ka dilo tsa segompieno.
Dikai;
boimana jwa banana,
Tiriso phetelelo ya ditagi
• Paka ya segologolo: Ke paka ya padi ditiragalo e leng tsa botshelo jwa segologolo.
Dikai;
Puso ya bogosi,
Sekolo sa thupiso,
Itsholelo e le ya temo thuo.

• Paka ya diphetogo; Ke paka e sesa se bonalang mo pading se sena go sutisa

segologolo.
Sekai;
O fitlhela mo pading ya teng baanelwa bangwe ba ikaegile ka puso ya kgosi fa bontsi bo
ikanya mapodise.

b) Lefelo la ditiragalo

Go tewa mofuta wa lefelo le ditiragalo di diragalelang mo go lone.

Mefuta ya lefelo

Lefelo la motse-selegae: Padi kgotsa palo e supa go le mo legaeng la Setswana

se, se bonala ka go nna le mafelo a tshwana le kgotla ya Setswana, mabeelo a dujo
tsa Setswana jalo jalo.

Lefelo la motse setoropo: Mo mpfuteng o wa lefelo, o fitlhela padi e diragalela mo

motseng o go lebegang o tlhabologa go le selegae le setoropo.

Lefelo la toropo: Fa padi e a bo e kwaletswe mo toropong tota. Go bonala jalo ka

dikago le matshelo a batho le tsa setoropo tota.

  120  
 
Ke dumela gore o di gakologetswe moithuti. Re ne re di nankola fela jalo. Jaanong a re

bale palo e e latelang mme morago ke leke go go thusa gore o itseele botsipa jwa go
araba dipotso tse di itebagantseng le padi.

Bothunkga mosetsana yo o neng a tsetswe a le nosi ke mma Bothunkga le Rra

Bothunkga oo ne a setse a le mo ngwageng wa botlhano a ntse a le mo kgwebong ya
go rekisa mae a dikoko .E re ka a ne a sa itewa seatla mo go kalo ,o ne a ngaparela
thata kgwebo e morago ga go ithutuntsha ka tsa thuo ya dikoko kwa pelotshetlha.
Batsadi ba gagwe le ntswa ba ne ba sa itsholela, ba ne ba leka ba bojotlhe go mo fa
madi go reka dikoko tsa mae. Bothunkga o ne a ba lebogela se ka dinako tsotlhe.
Madirelo a gagwe a ne a kgatlhisa leitlho ka a ne a le phepa. Batho ba motse wa
Sebilo ba ne ba itse gore mae a a phepa a bonwa kwa ga Bothunkga .O ne a dira madi
madi ka kgwebo e. E re ka a ne a sena ngwana, Khumo e, e ne e mo lebanye a le
nosi. Batsadi o ne a ba fa sengwe fela fa a batla ka le bone ba ne ba iteka ka temo.
Bothunkga a tswelela jalo botshelo bo tobetsega.

Fa a tlagoga e nna lekgarejwana makawana bo tonakgolo, Lebanna, Rathothi le ba

bangwe ba mo tlhoma matlho. Mafoko a go ipala mabala a kgaka a mo tlhodia
kgapetsa kgapetsa mo a neng a setse a sa itse gore a arabe mang a reng. Le bone ba
iteka mma ka tsholofelo e sa tlhabise ditlhong. Bothunkga ya re letsatsi lengwe a
latlhela go tswa mo kgwebong a re kgatlha thu le Tonakgolo. Mosimane a ikapesitse
bontle, baki e le e borokwa ka borokgwe jo bosetlha jo bo monokilweng kwa maotong.
Hempe a sa e apara a latlhetse jesinyana e e motlhoswana ka mmala e le lephutshe
ebile e kgama molala. Bothunkga a metsa mathe a a bothitho fa a mmona a lemoga
gore gompieno di mo feletse morutsheng.

Tonakgolo le Bothunkga ba simolola go gata mmogo letsatsi go se ope yo o ka botsang

gore a ke bakapelo, nnete e le mo mpepeneneng. Tonakgolo ene, o ne a lema merogo
kgakajana fa morago ga madirelo a ga Bothunkga.Ya nna mma mae le rra merogo
batho ba temo le thuo mma. Kgabagare lorato lo lo tshume lo, lwa itaya Bothunkga
tsebe. A ngotla maoto kwa maeng jaanong a fudugetse kwa ga Rramerogo, a ga se
Tonakgolo? Se se ntlholang ke gore Tonakgolo le ene o ne a sa gakolole tsala gore a
se foufadiwe ke lorato, kgwebo ke leruri, lorato lo ka fela. Bothunkga a tagega thata a
nnela go itshophelela ka lekau. Bontsi jole jo bo neng bo itepa lesego jwa re saa! Ba
itshalela ba le babedi fela. Botlhe ba lemoga gore e re ka dikgoreletsi di ile jaanong ruri
maeba a sedile. Bothunkga a fa Tonakgolo madi ka dinako tsotlhe fa a re merogo e
rile. Tonakgolo a gakgamala gore yo ke mosadi wa mofuta ofe yo o ineelang go thusa
motho wa rre go le kana. Nako nngwe ya re ba iketlile mo marekisetsong a dijo,
mosimane a mo kopa go emisa go mo fa madi, mosetsana a re nyaa rra, ke nna ke go
ithaopetseng, kana ga o a nkopa jaanong nna fatshe o je madi. Ee mma, ke a utlwa ke
ne ke raya fela gore e se ka ya re ka moso o ole wa re ke nna. Ke a leboga. Ba tsaya
dikgang di sele ba fetsa go ja ba tloga ba boela madirelong mo tshokologong.

E rile fa Bothunkga a re kho, a fitlhela mme mmaagwe a itlhonegile fa kgorong.

Bothunkga ngwanaka ke eng o dira jaana? Ke eng o nyafaditse kgwebo ka go nna o

  121  
 
seyo, o tswetse, mme gone o a bo o ile kae? Motsadi a botsa a hutsafetse thata. “Mma,
o se ka wa tshwenyega, kgwebo e tsweletse a itse le fa ke seyo fa ke tla bareki ba a
tsheleselega .Gape o itse gore jaanong ke godile ke na le lekau . Ya nna jaaka ekete
mosadimogolo ga a mo utlwe sentle mme a mo kopa gore a ipoeletse. Bothunkga a se
ka a ipona tsapa a ipoa kgatshu. A gatelela fa e bile tsa bogadi di le gaufi.
Mosadimogolo a tswa fela kgakololo ya gagwe e sa ungwa sepe.

Bothunkga a tswelela fela jalo.Tonakgolo le ene a leka go mo raya a re a fokotse mme

ya nna jaaka e ka re a re a ngaparele thata. Fa ngwaga ya bobedi e wela, madirelo a
ga Bothunkga a etelwa ke ba botsogo mme pego ya supa fa go le leswe le mae a sa
itekanela ka a bodile go se kae, mangwe a ranyegile. Bothunkga a bodiwa gore ke ka
go reng mme a bolela gore o tla iteka .Tonakgolo a mmotsa ka ketelo e mme a lela a
bua gore batho bao ba ne ba tsile go mo rumola, ba lonyatso le lefufa. Mme o
tshwanetse go tokafatsa seemo go na le go kgala …amogela kgakololo motho wame,
ba ne ba go thusa fela. Fa a utlwa mogoma a riana a gakala ka selelo a bo a emelela a
tsamaya. Tonakgolo a ipolelela gore ke jaaka a dule mo go ene. A mo fa malatsinyana
a mararo mme a letsa a latola lorato lwa bone. Bothunkga a tlalelwa mo a neng a tsoga
kwa kokelong mo letsatsing le le latelang. Batsadi ba gomotsa, ga nna thata.
Kgabagare ka thuso ya ba tsa tshidilo maikutlo a wela. Bothunkga a itlhoboga a innela
mo lwapeng, kgwebo ya mae ya wa, ga ya fela jalo…

Moithuti pele ga re buisana ka dipotso re lebile palo, gakologelwa dintlha tsa botlhokwa
tse o tshwanetseng go di dira pele ga o lebelela dipotso.

• Bala palo o e tlhaloganye

• Rulaganya ditiragalo tsa botlhokwa
Fa o sena go dira jaana, jaanong o ka bala dipotso wa bo wa tlhopha tse o bonang o
ka di araba.

Jaanong a re ye re lebelele se dipotso di ka se tlhokang:

1.Tlhalosa thulaganyo ya ditiragalo tsa palo.

Fa o araba potso e o ama dintlha tse:

• Kgwetlho/tiragalo kgolo
• Kgotlhang
• Setlhoa
• Mafologelo/mokgokolosa
• Phelelo /bokhutlo jwa ditiragalo
Potso e arabiwa jaana:

• Bolela tiragalo ya mmangmang e e leng yone e gwetlhileng ditiragalo

• Supa gore ke eng o tsaya e le yone kgwetlho ya ditiragalo
• Bolela kgotlhangkgolo ya ditiragalo

  122  
 
• Supa gore e bakiwa ke eng

• Ntsha mabaka a a e nonotshang. sekai; e tswelela jang
• Bolela setlhoa fa se leng teng
• Supa mafologelo a sone
• Supa kwelomaikutlo a gago kwa bokhutlong jwa ditiragalo
A re e leke fa:

Mo palong e go ratana gaga Bothunkga le Tonakgolo ke gone go mmaketseng

mathata. Re a re ke gone ka gore re bona e re a ratana, a bo a sirega pelo mo a sa
tlhwaafaleleng kgwebo. Tiragalo e, ke yone e e re gogelang kwa kgotlhangkgolo ya
motho le tikologo. Bothunkga o tagwa ke lorato mme le fa yo o lo mo fang
Tonakgolo a re a fokotse ga a dumele. Tikologo e mo atlhola botlhoko fa jaanong ba
boitekanelo ba bolela fa madirelo a gagwe a sa itekanela. Re bona Bothunkga a sa
tseye se tsia.

Potso e re ipotsang re le babadi ke gore a fa Bothunkga a tsaya kgwebo ya gagwe

lolea jaana, a ruri e tla tswelela. Re mmona a tswelela ka mokgwa o le mongwe wa
go laolwa ke lorato. E re le ntswa mmaagwe a leka go mo gakolola ga go tsene.
Potso e, e re gogela kwa goreng lorato lwa gagwe lo fele, fa eleng setlhoa sa palo e
e bile e le phelelo ya kgotlhang. Ditiragalo di kgokologa fa re mmona a amega
maikutlo mo a okwang. Sengwe le sengwe se ema fa jaanong le madirelo a
tswalwa.

c) Tsalano ya ditiragalo

E arabiwa jaana:
• Ntsha dintlha tsa botlhokwa, o simolola ka tiragalokgolo mme o di golaganye ka
go supa gore tiragalo efe e tsetse efe, Itse gore e e tsetseng e nngwe e simola
seele se se supang gore yone eo ya bo e tsala efe.

A re bone gore e arabiwa jang

Go ratana ga ga Bothunkga le Tonakgolo go baka gore a sirwe ke lorato. Go sirwa ke

lorato go dira gore a nne nako e ntsi le Tonakgolo. Go nna nako e ntsi le Tonakgolo go
dira gore a latlhelele madirelo . Go latlhelela madirelo go baka gore a nne leswe. Go
nna leswe mo, go baka gore a kgalwe. Go kgalwa mo, go tsala gore a itsise Tonakgolo.
Go itsise Tonakgolo go dira gore le ene a mo gakolole. Go mo gakolola mo, go dira
gore a ngale. Go ngala mo go tsala gore ba kgaogane.

  123  
 
d) Tumelesego ya ditiragalo

E arabiwa jaana:

O Supa tumalano le kgonagalo ya ditiragalo ka go bolela pele ka kakaretso se se leng

teng mo botshelong mme o bo o se rurifatsa ka sekai go tswa mo palong.

A re e leke fa:

Mo palong e ditiragalo di a dumelesega. Go a kgonagala gore motho a se ka a

tlhokomela tiro ya gagwe mme a bo a felela e mo latlhegetse. Jaaka mo palong,
Bothukga o ne a latlhelela madirelo a gagwe a diilwe ke go ratana mme madirelo a
felela a ole. Go teng mo botshelong gore motho a se amogele fa a gakololwa mme e re
morago a bo a senyegelwa. Jaaka mo palong Bothunkga o ne a gana dikgakololo tsa
ga mmagwe le tsa ga Tonakgolo, a tswelela ka go sa tlhokomela madirelo mme a felela
a ole. Go na le batho ba ba kgonang go thusa ba bangwe la bofelo mme ba se ke ba
tsewe tsia. Jaaka mo palong Tonakgolo a ne a leka go fa Bothunkga kgakolo ya go
tlhwaafalela madirelo mme Bothunkga a mo ngalela. Go a kgonagala gore motho a
reke lorato mme a felele a latlhegetswe ke se se mo tshidisang. Jaaka mo palong
Bothunkga a ne a rata Tonakgolo mo a neng a mo fa dimpho thata, a nna le ene thata
mme a felela a latlhegetswe ke madirelo le ene Tonakgolo tota. Go a tle go diragale
gore motho a dire tiro e e sa siamang mme e felele e mo lereditse maduo a a botlhoko.
Jaaka mo palong Bothunkga a ne a abela Tonakgolo dimpho thata mme ga felela go
tena Tonakgolo ga bo ga ba kgaoganya.

e) Kgotlhangkgolo mo palong

E arabiwa jaana:
• bolela mofuta wa kgotlhang
• Bolela gore e senolwa ke moanelwamogolo mang
• Bolela kgwetlho
• Bolela se se bakang kgotlhang, e simologa jang, e tswelela jang e bo e felela
jang
• Eta o supa gore fa moanelwamogolo a dira tiragalo, tikologo yone e mo otlhaya ka tsela
e e ntseng jang.

A re e leke fa:

Kgotlhang e e tlhagelelang thata mo palong ke ya motho le tikologo. Kgotlhang e re e

senolelwa ke moanelwamogolo Bothunkga. Kgotlhang e e bakilwe ke go ratana ga ga
Bothunkga le Tonakgolo. Lorato lo lwa gagwe le Tonakgolo ke kgwetlho ka gore le ne
la mo dira gore a se ka a tlhokomela madirelo a gagwe a dikoko sentle. E simologa
Bothunkga a ineela mo loratong mo a sa tlhokomeleng madirelo. Tikologo e mo otlhaya
ka gore ba botsogo ba bege fa a le leswe morago ga go kanoka madirelo a gagwe. Le
fa go diragala jaana, Bothunkga ga a utlwisise, o tswelela ka go tagwa ke lorato, le
mosimane a re a iteke ga a reetse. Bothunkga o gatelela lorato mo a nnang a rekela

  124  
 
Tonakgolo dijo, a di duelela kwa marekisetsong. Tikologo e mo otlhaya ka gore

Tonakgolo a supe fa a sa amogele se. Kgotlhang e kukela fa a gana go utlwa le fa
Tonakgolo a re a tseye madirelo tsia, le mmaagwe o a kgalema mme o ntse o ithiba
ditsebe. Kotlhao ya gagwe e oketsega fa Tonakgolo, a fedisa lorato lwa bone. Gone fa
ke sone setlhoa e bile ke phelelo ya kgotlhang. Go wela a tobekana maikutlo e bile a
tlhokana le go a sidilwa. Madirelo a gagwe le one a felela a wa. Bana ba ba tshwanang
le Bothunkga ba tshwanetse go fiwa kgakololo e e tseneletseng.

f) Paka le lefelo la ditiragalo di rotloetsa jang botho jwa baanelwa

E arabiwa jaana

• Bolela mofuta wa paka le wa lefelo

• Rurifatsa ka dikai go tswa mo palong
• Gatelela gore mofuta wa paka le lefelo di dirile gore baanelwa ba dire ditiro tse
ba di dirang.
Mo palong e, paka ke ya seša fa lefelo e le motse setoropo. Ka fa baanelwa ba
itshwarang ka teng, botho jwa bone bo rotloediwa ke gone gore go mo pakeng ya sesha
le lefelo ke la motse seteropo. Ka gore go mo sesheng, Bothunkga o rotloetsegile go
tlhoka boikarabelo a rata Tonakgolo phetelela mo a latlhelelang kgwebo ya gagwe. Ke
mokgwa wa banana gompieno. Batsadi ba lorato thata mo baneng gompieno mo ba ba
thusang go bula dikgwebo jaaka ba ga Bothunkga ba mo diretse. Mokgwa wa ga
Tonakgolo wa go leka go supetsa Bothunkga gore ga go nwelwe jalo mo loratong, ke
wa basimane ba segompieno ba ba tlhabologileng. tota ga go rone gore paka le lefelo
di rotloeditse boitshwaro jwa baanelwa.

ITHUTUNTSHE 1

Ithutontsho ya padi moithuti o ya go e bona ko Kgaolo 9, Teko 2. E ntsinyana mme o e

dire yotlhe. O ya go tlhoka dioura tse pedi go e fetsa.

7.0 TSHOBOKO

Re buile ka dintlha tsa tshekatsheko ya padi moithuti. Re ithutile ka ditiragalo,

baanelwa, molaetsa, le paka le lefelo la ditiragalo. Tsholofelo ke gore fa o di bona o
tla a di lemoga mo tlhatlhobong le mo dipading tse o tla nnanag o di ithuta kwa pele.

  125  
 
KGAOLO 8

TSHEKATSHEKO YA POKO
1.0 TSHEDIMOSO

Mo kgaolong e re tsile go bua ka poko. Re tla remelela thata mo go se o tla a se

bodiwang ka ga poko mo tlhathobong. Re itebaganya le molaetsa wa leboko, maikutlo a
mmoki dikapuo le mekgabisa e e fitlhelwng mo mabokong.

2.0 MAIKAELELO A KGAOLO E

Kwa bofelong jwa kgaolo e o solofelwa go re o bo o ka kgona go:

• Senola molaetsa wa leboko
• Senola maikutlo a mmoki
• Supadikapuo tse di dirisitsweng mo lebokong
• Senola matshwao apoko a a dirisitsweng mo lebokong.

3.0 TSHEKATSHEKO YA LEBOKO

Dipotso tsa leboko di fitlhelwa mo pampiring ya Bobedi (Paper 2 Karolo 2) Gakologelwa
gore leboko pele ga o le araba o tshwanetse go le bala o eta o le itlhalosetsa ka mafoko
a gago. Go dira jaana go tla go thusa gore o se ka wa kopolola mafoko jaaka a ntse mo
lebokong fa o setse o araba. Gakologelwa gore mo lebokong o tlhopha mo gare ga
dipotso tse pedi. O araba potso ya tlhaloso ya lone kana maikutlo a mmoki kana
molaetsa.

A re bale re bo re kanoke leboko le le latelang mme re le dirise go ithuta tse di

tlhokafalang:

Mogare wa Corona

Dikgang di ne tsa goroga

Di tswa China kgakala
Di bua mogare Corona
Mogare o seng pelothomogi, o lailang batho botlhe.

Mogare wa Corona ke segajaja

Se gatlhametseng mafatshe a itebetse
Sa bolaya bontsi sa tlatsa lefatshe mabitla
Ga sala kutlobotlhoko, ga sala selelo

O mokaloba tlhe Corona

O busa ka tshaka le puso ya kgailo
O ntse jaaka tau o a garumela

  126  
 
O re tsentse patikego re tshelela kgatelelong.

Letsatsi le letsatsi dipalo di a balwa

Di golela godimo e le tsa Corona.
Dipipa melomo le nko re a rwala
Matsogo re tlhapa kgapetsakgapetsa
E le jaaka o re tshidisa bokete Corona

Corona tsamaya ga ke go batle

Phaphathega o re feditse go ntse
Tswee tswee re tswele ka lefatshe re tshele gape.

Tlhalosa leboko o bo o gatelele ka dikinolo le dikapuo

Mo lebokong le mmoki o boka mogare wa corona a utlwile botlhoko ka o le setlhogo.

Mmoki a re mogare wa corona o ne wa tla o tswa China mme wa supa o le bosula thata
ka o ne wa fetsa batho. Mmoki fa a riana o raya gore mogare wa corona o bolaile batho
ka o se na kutlwelobotlhoko. Go gatelela se , re mo utlwa a re
Mogare o senang pelotlhomogi
O lailang batho botlhe

Mmoki o tswelela a bua gore mogare o wa corona e ne ya re batho ba santse ba sa

solofela wa ba tlhasela wa mme wa bolaya ba le bantsi ka e bile e le bolwetse jo bo
ganyaolang botlhoko. Go bua jaana mmoki o raya gore mogare wa corona ke bolwetse
jo bo bogale jo bo bolayang ka botlhoko. Go supa se, mmoki o dirisa sekapuo sa
tshwantshiso a re, “Mogare wa corona ke segajaja.”

Re ntse re tsweletse, re utlwa mmoki a re raya a re mogare wa corona o bolaile batho

ba le bantsi mme ebile malatsi otlhe dipalo tsa baswi di golela pele. O bua le gore
corona e dirile gore batho ba nne ba ithibile melomo le dinko e le nngwe tsela ya go
leka go e tila. Fa a riana o re raya a re corona e bogae, e bosula mo e bileng e re
rutileng go itshireletsa ka tsela nngwe. Re utlwa a gatelela se ka mafoko a a reng,
“dipipa melomo le nko re a rwala.”

Kwa bofelong mmoki o koba corona ka gore ga a e rate mme e bile a batla e sia thata
gore e se ka ya tlhola e tla gape. Tota o supa gone gore corona ga e ka ke ya nna tsala,
e tlhokana fela le gore e tswe mo bathong. Re utlwa a bua a re;
Phaphathega o re feditse go ntse
Tsweetswee re tswele ka lefatshe re tshele gape

Mogare wa corona o tshwanetse go fela ka o fetsa batho mo lefatsheng.

Supa maikutlo a mmoki a bokang a le mo go one. Gatelela ka dikapuo le dikinolo

Araba jaana moithuti

• Bolela gore mmoki o boka eng, ka goreng a le mo maikutlong a fe.

  127  
 
• Tswelela o dirisa mafoko a a gatelelang maikutlo a o a lemogileng

• Ntsha maikutlo a gago
A re e leke fa tlase:

Mo lebokong le mmoki o boka mogare wa corona a utlwile botlhoko ka o le setlhogo.

Mmoki o supa bosetlhogo jwa mogare wa corona ka go re ke mogare o o sa utlweleng
batho botlhoko, o ba bolaya botlhe fela. A riana a raya gore mogare wa corona ga o
tlole ope, mme e bile ga o utlwele ope botlhoko, O gatelela se ka go re, “mogare o
senang pelotlhomogi o lailang batho botlhe.”

Mmoki o supa fa tota a utlwisitswe botlhoko ke mogare wa corona ka o sadisa batho ka

mahutsana. Fa a riana o raya gore mogare wa corona fa o fetileng teng go sala
botlhoko. Re utlwa a dirisa mokgabisa wa poeletso mafoko a re, “ga sala kutlobotlhoko,
ga sala selelo.”

Mmoki o tswelela a supa a sa itumele ka mogare wa corona fa a re o tsena batho ka

bogale mme e bile o tlogela batho ba na le kgatelelo ya maikutlo. Fa a riana o raya gore
corona e lwatsa batho thata gape e ba ama maikutlo thata O dirisa sekapuo sa
tshwantshanyo go supa fa tota corona e le bogale a re, “ o ntse jaaka tau o a garumela.

Maikutlo a mmoki ke a kutlobotlhoko ka go re a re mogare wa corona o tshidisa batho

ka bothata ka o dira gore ba nne fela ka go dira tsa ipabalelo. O bua jaana a raya gore
mogare o wa corona o a imela ka o ba dirisa tse ba neng ba sa di tlwaela jaaka go nna
ba le phepa. Re utlwa a gatelela se ka go re
Matsogo re tlhapa kgapetsa
E le jaaka o re tshidisa bokete corona
Mmoki ga a battle corona mo a lopang gore e tswe e tsamaele ruri. O gatelela se ka
gore, “
Corona tsamaya ga ke go batle
Phaphathega o re feditse go ntse
Tswee tswee re tswele ka lefatshe re tshele gape.
Mogare wa corona o tshwanetse go fela mo lefatsheng.

Fa potso e re “senola molaetsa wa leboko o bo o rurifatse ka dikinolo le dikapuo” e

arabiwa jaana:
• Bolela gore mmoki o boka eng, a le mo maikutlong a a ntseng jang, ka goreng
• Dirisa mafoko a konokono a molaetsa go gatelela jaaka o o senola.
• Ntsha maikutlo a gago
A re e leke fa tlase:

Mo lebokong le mmoki o boka mogare wa corona a sa itumela ka o le setlhogo. Mmoki

a re mogare wa corona o setlhogo ka gore fa o tsena o tlogela batho ba lela ka lebaka
la ka fa o ba tlhokofatsang ka teng. Fa a riana o raya gore corona e setlhogo e ledisa
batho. O gatelela se ka go dirisa poeletso modumo a re “go sala kutlobotlhoko, go sala
selelo.

  128  
 
Mmoki o supa fa mogare wa corona o le bosula ka o tsena batho o bo o ba tseela

matshelo ba le bantsi. O raya gore mogare o wa corona, o a bolaya mme e bile o gapa
matshelo a le mantsi. Go gatelela bosetlhogo jo jwa corona mmoki a re:

Mogare o senang pelotlhlomogi

O lailang batho botlhe

Mmoki o supa fa tota mogare o wa corona o le bosula thata ka jaana o ganyaola batho
fela ba itebetse. O raya gore o ba tlhasela ba itebetse. Go gatelela se re utlwa a dirisa
sekapuo sa tshwantshiso a re, “…ke segajaja se gatlhametseng batho ba itebetse”.

O wela ka go supa gore tota ka mogare o o le setlhogo, botoka fela ke gore o fele, o
tlogele batho mme e bile o se ka wa tlhola o ipoa kgatshu. O raya fela gore tota corona
e tshwanetse ya nyelela mme e bile e se ka ya tlhola e boa gape. Re bona a gatelela ka
go re

Corona tsamaya ga ke go batle

Phaphathega o re feditse go ntse
Tswee tswee re tswele ka lefatshe re tshele gape.

Tota mogare wa corona ga se tsala, o tshwanetse wa fela gore batho ba tshele sentle.

ITHUTUNTSHE 1

Sekaseka leboko ka go le bala o bo o araba dipotso

Khumanego

Dikgang di ka bo di bolelwa
Ke ka bo ke di bua ka wena
Ke bua ke re o botlhoko
o botlhoko khumanego

O rata batho ka o le tlala lehuma

Jaaka tlala o ba ngaparela segolo
O ba e tshwarise ba tlhoke thuso
Le ba leka go kopa go palele ruri
Go nne selelo le khuranyo ya meno lapeng

Khumanego o nta ya selomela kobong

O loma batho ba sa go bone o ba sokodise
Ba ingwaye ka meno jaaka baikapari
Ka o ba tseela gotlhe boo maepantlo
o mmolai wa seriti sa batho khumanego
O ba tsenya dikolotong ba sa le ba uwetswe

  129  
 
Ba tlhoke madi, dijo, diaparo go tshwane fela

Bogodu o rata o ba bo rute le ba sa rate

Araba dipotso tse di latelang:

1. Tlhalosa leboko le, o rurifatse ka dikinolo le dikapuo.

___________________________________________________________________

____________________________________________________________ [10]

2. Tlhalosa maikutlo a mmoki a bokang a le mo go one. Gatelela karabo ya gago ka

dikapuo le dikinolo go tswa mo lebokong.

  130  
 
_______________________________________________________[10]

3. Tlhalosa molaetsa wa leboko le ka botlalo o gatelele ka dikapuo le dikinolo.

  131  
 
__________________________________________________(10)

4.0 TSHOBOKO

Mo kgaolong e re go tlhalositse molaetsa wa leboko maikutlo a mmoki le ka fa maikutlo

a senolwang ka teng. Re buile gape ka molaetsa wa leboko le kafa molaetsa o
senolwang ka teng. Re buile le ka dikapuo tsa leboko le kafa o tshwanetseng go araba
dipotso tsa maboko ka teng re ntse re eta re go neela sebaka sa go iteka. Re solofela fa
o sugegile go ka araba tlhatlhobo ya makgaolakgang.

  132  
 
KGAOLO 9

DITEKO

Tshedimoso

Moithuti kwa bofelong jwa dithuto tse jaanong re go tsenyeditse diteko tse di lekanang
ka bokete le tsa makgaolakgang gore o iteke, o bone go re o tlhalogantse go le kae, o
ipapanne go le kae go lebagana le ditlhatlhobo. Go le gantsi se o tla se tshwarang mo
go tsone se ka go kaelang go re a o ka fenya ditlhatlhobo. Tsweetswee di dire ka
tlhoafalo o ise kwa sentareng go tshwaelwa. Re tsentse le dikarabo tsa ditlhatlhobo tsa
teng kwa bofelong. O se ka wa ba wa tabogela kwa dikarabong o ise o dire tiro. Fa o
dira jalo, go itsietsa wena.

  133  
 
TEKO 1

Pampiri ya ntlha

Matshwao: 40 Nako: Oura le sephatlo

DITAELO
1. Arabela dipotso tsotlhe mo pampering ya dikarabo e o e filweng.
2. Fa go twe o simolole, o dire ka botswerere jo o bo kgonang. Se senye nako e
ntsi mo potsong e e go thatafalelang; e fete o arabe e nngwe mme e re kwa
morago o bo o boela kwa go yone.
3. Tlhopha karabo ya potso nngwe le nngwe mo go tse nne tse di filweng o bo o e
taka.
4. Phimola gotlhelele dikarabo tse o eletsang go di fetola.

Bala polelo e e fa tlase o bo o araba potso 1 go tsena ka 20.

Keletlhokile ke mosetsana yo o tswanag kwa kgaolong ya Kweneng, Molepolole motse-
mogolo wa Bakwena. O tlhatlogile monyo, a bo a nna mosesane, motwane one e le wa
sesadi tota. Jaakae kwa leina le bolela, o ne a sa itewa letsogo jaaka bontsi mme a kile
a okomela sekole, sebe sa phiri e le gore o ne a sa abelwa. O ne a kopana le lekawana
lengwe kwa toropokgolo Gaborone, ka a ne a bona fa a ka ikopelang phaletshe teng,
barutabana ba sena go leka go fatlholola fa ba kgonneng teng le fa e se ga sepe. Le
gale go isa kwa ganong le go itswesa gone o ne a go kgona. A kopana le lekawana le
bidiwa Phemelo, la ipala mebala a kgaka mme la atlega ka Keletlhokile a ne a akanya
fa le tlhwaafetse go aga motse, le feditse mantlwane.
Nko re e rwele fela, ga e dupelele, lerato e ne ya nna la o ka swa nka go ja,
Phemelo a itsese bangwe ba ga bone le ditsala tsa ga Keletlhokile fa e le ene mosadi, a
batla go mo gorosa. Dingwaga tse tharo di ne tsa kgabaganya go ntse go jewa monate
wa kobolela. Phemelo o ne a tlwaeditse Keletlhokile go nna a kgabola kwa a
berekelang teng, ka dinako tse dingwe a tle ka dijo tsa motshegare gore ba tle go ja

  134  
 
mmogo. Mosetsana a nna kwa ga motlhakga, a thakgasela go se na tsapa le mo

fisang pelo, a itse gore Phemelo ke wa gagwe le mo sefofu se neng se bona gore
motse o setse o thaegile, a lebala ka digodi. Phemelo o ne a kopa Keletlhokile gore a
fuduge kwa a nnang teng, ba e go nna mmogo. Mosetsana ka e ne e le ngwana wa
Setswana, a gana, a re batsadi ga ba na go rata ka o tlaa bo a inyadisitse.
Botshelo jwa tswelela jalo go sena makgwere ape. Ya re go ntse go ya,
mosimane a kopa wa mmenyana gore ba tshole ngwana gore e re ba nyalana ba bob a
setse ba na le se se ba golaganyang. Kgarebe ya ikopela go fiwa sebakanyana e sa
ntse e sekaseka mafoko a moeka. Owaii! wa hapoga marago motseto, Phemelo a
bona tshetlhana ya Morolong gone mo Gaborone. Keletlhokile a se ka a lemoga
phetogo epe mo go Phemelo, ba a ja relele fela jaaka gale. E ne e re fa tshetlhana e ya
Morolong e etela Phemelo, e tsamae le mogoloayone. Kana morabaraba o o
tshamekwa jang, ga re itse, dilo tse ke maranyane, maitsewe ke beng. Fa Keletlhokile a
tla go thanya, ke fa jaanong Phemelo a golagane le mogoloa tshetlhana, botubi ruri,
tshetlhana ele e phuilwe jaaka molora wa leiso kwa thotobolong o latlhiwa ke
setswerere mo mosong.
Dilo tsa fetoga, ga tlhakatlhakana magareng ga ga Keletlhokile le Phemelo.
Keletlhokile ka e le motho yo o lerato gape a le pelotelele, o ne a leka go tlhotlhomisa
mme a pala go hupologa ngwana wa mosimane ntswa go twe fa a roga mogolo ga a
gake. Mosetsana a itshoka mme ga felela a lelediwa ke bommenyana le go mo
romelela melaetsa ba mo tlhapatsa le go mmolelela fa Phemelo e le wa bone.
Keletlhokile fa a re o lebisa Phemelo molomo mabapi le megala ga mmogo le melaetsa
e a e amogelang ya nna twa. A nna a itshoka ngwanyana wa Mokwena, a re o rurifatsa
gore lerato le pelotelele le gore banna ba a tlhaela o ya go bona ofe kae a mo ithuta
leng ka Phemelo o ne a setse a mo tlhaloganya. Go ise go ye kgakala, mogoloa
tshetlhana ya Borolong a leletsa Keletlhokile a mmotsa gore a Phemelo ke monna wa
gagwe, Kwena ya rona yone e ne e itse motho e le monna fa a begilwe semolao. Fa a
gakgamala, tholo e tona ya re “fa e se monna wag ago go siame mme wena le ene le a
ratana a kere? Ke utlwalela dikgangkgang mo”. A botsa Phemelo, Mokwena jaanong a
kgobegile marapo, ke fa mosimane ene a re ga a di tsene fa e le gore ba kgona go
buisana ka mogala. Phemelo a fetoga, a busa maoto ka bonya mo go Keletlhokile, a

  135  
 
utlwa botlhoko ngwana wa batho. Ya re boitlhobogo bo setse bo tsile, megala le

melaetsa e e tswang kwa go bommenyana ba bar eng ke bag a Phemelo ya tsena ka
mmetela.
A nnela selelo bosigo le motshegare, e re fa a leletsa Phemelo a mmolelela ka le
go mmona ka matlho a se ke a mmona, a fetole ka bogale jwa tau ya motsetse. A lela
selelo se se botlhoko, go se na ope yo o mo gomotsang, a ota ngwana wa batho. Ya re
tsatsi lengwe, tshetlhana le mogoloayone, kgatlhathuu! kwa ga Phemelo. Ya nna
tshwarangtshwarang, makgarebe ba ngapana ka dinala, lekau la kopa thuso mo
tsalengnngwe ya lone go tla go le namola. Tsala ya tsaya Phemelo, ba tlogela bana ba
motho mo ntlong kooteng gore fa ba bolaana ba bolaane, ka jaanong e ne e le
maraganateng a bana ba mpa, ga a tsenwe ke ope. Beke e ise e fele, mongwe wa
Barolong ke fa a leletsa Keletlhokile, a mmolelela fa Phemelo e le monna wa gagwe, a
sa ntse a tsile go mo lwela. Keletlhokile a a tshela ka tsebe tsa ga Phemelo, ka ditlhong
a mo raya a re “kante batho ba ba go saletseng morago, a fa ba ntwela ba tshwanetse
go go tsenya mo teng?”
Kwena ya rona ka boingotlo ya re, “ke tsone tse ke di utlwang tseo, e a re ke re
ke a ba bolelela gore o sale o mphuile go setse bone, ba tlogele go ntshotlakaka ka
mafoko, o bo o tlala ka makgasa”. Keletlhokile a amogela seemo ka iketlo, a tsenya
mmelenyana ole wa gagwe. Morolong yo motona fuduga a ya go nna le Phemelo,
botshelo jwa fetoga mo lekaung, la simolola go kgokgontshiwa ke motho. Keletlhokile a
tlhokomologa, a tswelela le botshelo jwa gagwe mme go se monate mo go ene ka
Phemelo, go ne go lebega e le motho wa mosese mongwe le mongwe o o fetang mme
ba botlhe go sena yo o fetang a sa mo kgotlha mo leitlhong. Potso e a neng a e ipotsa
ke gore go fetile dingwaga tse dintsi a kgaogane le Phemelo, ba baša bone ba mo
saletseng morago?
Keletlhokile wa mmonadilo a nna a leka go lebisa Phemelo molomo ka dilo tse
mme a ntse a itaya lentswe ka le lengwe. Morago ga dingwaga tse pedi mo tirong ya
boPhemelo ga thapiwa mosetsana yo motshwana wa ka fag a Mmangwato. E ne e le
ngwana wa mmala wa sebilo, MoAfrika ka sebele, a na le mmele o e reng monna fa a
se na boitshwaro a se ke a itshoke. A mo tsena ka tsoopedi le ene, a gore Phemelo le
Keletlhokile ba kile ba bo ba jela ka o mosweu, ngwana wa batho a simolola go jela mo

  136  
 
kgobedung gape. Mongwato o ne a sa lebe Keletlhokile sentle, a nna a mo leba ka

modilo le go bua mafoko a tshotlo a sa a mo lebaganye mme a raya ene.
Nako nngwe Keletlhokile kgathathuu! le mosetsana wa Mogwato a na le ditsala tsa
gagwe a dira jaaka gale. Mongwe wa ditsala tsa gagwe a buela kwa godimo le ene a re,
“fa motho a go tseela monna ke eng o sa mo itee, kana o a mo tshaba?” A itlhaba
ngololo mosetsana wa Mokwena, a fapaana le bone a ikela kwa a neng a ya teng.
Keletlhokile ka a ne a itse fa molemo wa kgang e le go buiwa, a leka go buaisana le
mosetsana wa Mongwato ka setho. A bo a itshetse moko wa talane, motho a mo
gobolola, maikaelelo e le go kgotsofatsa ditsala. Molato wag a Keletlhokile e le go feta a
re, “ke kopa go bua le wena, ga ke itumelele ka fa o nnang o dira ka teng le go bua ka
Phemelo, o sale a ntlogela ngwaga tse supa tse di fetileng. A mme le motho yo o
kopanang le ene ka ngwaga e, o tshwanetse go itse fa ke kile ka ratana le Phemelo?”
Fa mosetsana yo wa Mongwato a ntse a ipetola jaana, Phemelo ene o ne a ntse a nna
le Morolong, ebile ba baakanyetsa lenyalo.
Motswedi: Kutlwano, Tlhakole 2013, kgatiso 51. [ E fetotswe fale le fale.]

1. Ntlhakgolo ya temana 2 ke eng?

A Keletlhokile o jela mo go o mosweu le Phemelo.

B Nko re e rwele fela ga e dupelele.
C Lerato la ga Keletlhokile le Phemelo le tsamaya sentle.
D Keletlhokile o kwa ga mothakga o a thakgasela.

2. Ke ka go reng Keletlhokile a ne a sa itewa seatla?

A. O ne a tshaba sekolo.
B. O ne a sa abelwa.
C. O ne a tlhatlogile monyo.
D. O ne a le mosesane.

3. Ke eng Phemelo a ne a kopa Keletlhokile gore a fuduge ba ye go nna mmogo?

A. Gore ba tle ba tshole ngwana.

B. Gore a mo inyadise.
C. Lelwapa le ne le setse le thaegile.
D. Gore a se ka a phamolwa ke digodi.

  137  
 
4. Ke ka go reng Keletlhokile a ne a gana go ya go nna le Phemelo?

A. O ne a sa mo rate.
B. O ne a le sematla.
C. O ne akanya gore Phemelo o ka nna a mo sotla.
D. O ne a le boi ka a godisitwe ka molao wa Setswana.

5. Go ya ka wena ke eng makgarebe a rata go ngapana ka dinala fa ba lwela

mosimane?
A. Ba na le dinala tse ditelele thata.
B. Ba batla go senyetsana bokgarebe.
C. Ba rata go lwa jaaka katse.
D. Ga ba itse go lwa.

6. Go ya ka wena ke eng tshetlhana ya Morolong e ne e tsamaya le mogoloayone

fa e etela Phemelo?
A. E ne e boifa go tsamaya e le nosi ka e sale potlana.
B. E ne e batla go ikgantshetsa mogoloayone.
C. E ne e batla go bontsha mogoloayone gore e ratana le mang.
D. E ne e batla gore mogoloayone a e tseele monna.

Tlhalosa mafoko le diejana tse di latelang go ya ka fa di dirisitsweng ka teng mo

polelong.
7. botubi (temana)
A. maaka
B. boboi
C. botlhodi
D. dikgakgamatso

8. a ota, a
A. gola
B. rata thata
C. tshela sentle
D. a bopama

9. Ka e sa ile mmotlana
A. a lela
B. a hupela
C. a ngala
D. a ipuelela

  138  
 
10. Fa a roga mogolo ga a gake, go tewa eng

A. Mafoko
B. Maoto
C. Matlho
D. Maano

11. Motho wa mosese mongwe le mongwe

A. O ne a ratana le mesese e e sa mo lekanang
B. O ne a ratana le basadi ba le bantsi
C. O ne a rata mesese e e farologaneng
D. O ne a le matlho a matona thata

12. Lekawana Phemelo o ne a ratana le basetsana ba le kae ka palo ba Keletlhokile

a neng a ba itse
A. 4
B. 2
C. 1
D. 3
13. Ke eng se se neng sa thusa Keletlhokile go se ka a tlhola a rogwa ke mosetsana
wa Mongwato
A. O ne a omana le ene a mmontsha fa a sa mo tshabe
B. O ne a mo isa kwa molaong mme a kgalemelwa
C. O ne a mo itaya mo tseleng a na le ditsala tsa gagwe
D. O ne a mo ikgatholosa ka a le boingotlo

14. Ke ka go reng Keletlhokile a ne a itshokela go nna mo loratong ntswa Phemelo a

ne a sena nako le ene e bile basetsana ba bangwe ba mo roga?
A. O ne a tshaba Phemelo ka a ne a mmetsa
B. O ne a itlhobogile ka lenyalo
C. O ne a ipotsa gore a o tla tlhola a bona monna yo mongwe ka banna ba
tlhaela
D. O ne a le pelotelele ebile a rurifatsa gore o a mo rata.

15. Ke ofe yo o lebaganweng ke mafoko a a fa tlase mo basetsaneng ba ga

Phemelo
“Molema thite ga se mhudi”
A. Keletlhokile
B. Tshetlhana
C. Mosetsana wa Mongwato
D. Mogolowe mosetsana wa Morolong

  139  
 
16. Ke ofe moanelwa yo o lebanweng ke go ikgomotsa ka mafoko a a latelang; “…

ga ba na thwadi, ba bonwe ke mmamariga”
A. Mokwena
B. Phemelo
C. Morolong
D. Keletlhokile

17. Mafoko a ga Phemelo a a reng “… ga a di tsene fa e le gore ba kgona go buisa

ka mogala” a supa fa
A. A rata Keletlhokile thata
B. E se motho wa go reetsa magatwe
C. E le monna yo o ratang mesese thata
D. Phemelo a itse ka kgang e jaanong a sa battle go reetsa Keletlhokile

18. Phemelo o ne a le mo ngwageng wa bokae a ntse a kgaogane le Keletlhokile fa

mosetsana wa Mogwato a mo iphetlhela
A. 6
B. 7
C. 4
D. 2

19. Leina le la Keletlhokile le rurifatsa fa tota a tlhokile lesego.

Ke sefe seejana se se tsamaelanang le kgan e mo go tse di latelang?
A. Maikwatlhoa ngwana wa morago
B. Go ongwa ka logare o bo o beolwa ka lone
C. Sedibanapele ga se ikanngwe
D. Ina lebe seromo

20. Maikaelelo a mokwadi wa polelo e ke go

A. ruta basetsana go lwela basimane
B. rotloetsa banna go tsietsa basadi
C. supa gore motho ga itsiwe e se naga
D. tlhagisa batho ka malwetse a tlhakanelo dikobo

Tlhopha seele se mo go sone lekopanyi le dirisitsweng sentle go araba

dipotso 21 le 22.
21. A. O fentse ditlhatlhobo ntswa a ne a bala.
B. A o batla nama boo apole.
C. Ga ke a tshwanela go ja nama ya kgomo gobane e a ntwatsa.
D. ke tla phakela ke ya kgonnye le gale go ka nna tsididi.
22. A. E rile malome o tlaa tla kgantele.
B. Gongwe malome o tlaa tla kgantele.

  140  
 
C. E kete malome o tlaa tla kgantele.

D. Lefa malome o tlaa tla kgantele.

Bolela gore diele tse di latelang di mo dipakeng dife.

23. Dineo o sa ntse a ja sefitlholo.
A. Jaanong
B. E e fetileng
C. Tsweletso
D. E e tlang
24. Rakgadi o robetse.
A. Jaanong
B. Pheti
C. E e fetileng
D. Tsweletso

Tlhopha seele se mo go sone go dirisitsweng mokwalo o o amogelesegang go

araba dipotso 25 le 26.
25. A. Gone go tletse metsi mo ntlong.
B. Go ne go tetse metsi mo ntlong.
C. Go ne go tletsi metsi mo ntong.
D. Go ne go tletse metsi mo ntlong.
26. A. Lehatshe le aperwe ke leru lo lo ntsho la borukutlhi.
B. Lefatshe lo aperwe ke leru lo lontsho la borukutlhi.
C. Lefatshe le aperwe ke leru le lentsho la borukutlhi.
D. Lefatshe le aperwe ke leru le le ntsho la borukutlhi.

Ke seele sefe se letlhalosi le sa dirisiwang sentle mo go sone.

27. A. O robetse morago.
B. Ebile jalo di sutlhile mo sakeng.
C. Thato o gorogile kgantele.
D. Batswana ba rata moopelo wa setso tota.

Tlhopha dikarolo tsa seele tse di filweng go araba dipotso 28 le 29.

Dintša tsa gagwe di loma bana ba ba lelang bosigo.
28. Tlhaodi
A. bosigo
B. di loma
C. tsa gagwe
D. bana
29. Sedirwa
A. bosigo
B. ba ba lelang
C. dintša
D. bana

Bolela seele se se supang sekapuo se se filweng mo dipotsong 30 le 31.

  141  
 
30. Phefofatso
A. Malome o itagetswe.
B. Ikgabetse foo nnaka.
C. Modise o kolobetsa dikobo.
D. Thabo ke legodu le le padileng.
31. Pheteletso
A. Ga a mo roga o mo tsotse ditswalo.
B. Monna ke selepe o a adimanwa.
C. O ithobaletse fela a sa lwala.
D. Phiri o rile ga bo se gangwe.
Sekaseka dieele tse di latelang o bo o araba dipotso 32 go ema ka 34.
i) Go robatsa mmutla
ii) Ka di tshela makgabaneng tsa boa di mphulere
iii) Motlhodi wa motho o gaisa wa pidisetso
iv) Kgaka ya seema ka nkoto serope ke ntsetsenene
v) Go ja nku meno
vi) Di nwa di dibosana
vii) Go tlholwa ga monna ga se go lema dinaka
viii) Se bonnye bo kana metsi se a tsaya kae
ix) Go nna mafoko ka marago
x) Ngwana wa mmamotho mosidi wa pitsa re itshutlha ka ene.

32. Diane ke tsa dipalo dife?

A. i, iv, vii
B. iii, vii, x
C. iii, vi, ix
D. ii, vi, vii

33. Dithamalakane ke tsa dipalo dife?

A. ii, iv, viii
B. iv, vi, x
C. vi, ix, x
D. ii, vi, vii
34. Maele ke a dipalo dife
A. i, vi, vii
B. v, vii, ix
C. i, iv, v
D. i, v, ix

Tlhopha thulaganyo e e siameng ya diele tse di latelang go araba dipotso 35 le 36.

1. Fa go buiwa le bone ba ne ba sa reetse.
2. Basetsana tota ba na le go iteega tsebe ba sa le ba botlana.
3. Kago o ne a sa batle go reetsa fa ba gabone ba re ba mo tsenya mo tseleng.
4. O ne a bona a idiwa go ja monate wa lefatshe o o sa feleng.

  142  
 
35. A. 3 2 4 1
B. 3 4 2 1
C. 2 1 3 4
D. 2 3 4 1
1. Mo godimo ga seo, ba a bo ba ikanne gore ba tla kgaoganngwa ke loso.
2. Kana tota se se dirwa ke dikano tse ba tshwanetseng go di swela.
3. Fa monna le mosadi ba nyalane, ba tshwaragantswe ke kgole ya nyalo, motho o
solofela go bona go rena kagiso le boitumelo fa gare ga bone.
4. Ba a bo ba ikanne fa pele ga batho le Modimo tota gore ba tlaa emana nokeng ka
nako tsotlhe.
5. Ka jalo se se supa fa lenyalo le tshwanetse go nna selo sa boitumelo.
36. A. 1 2 3 4 5
B. 3 2 4 1 5
C. 3 2 1 5 4
D. 2 3 5 4 1
37. Ke seele sefe se e leng lebaka la go ntsha bogadi.
A. Go reka mosadi gore a tle a berekele boorramonna.
B. Go supa fa monna a humile.
C. Go leboga boorra mosetsana.
D. Go kopa gore mosetsana a fetole sefane sa gagwe.
38. Ke sekai sefe mo go tse di filweng se se sa supeng mosola wa moopelo le mmino?
A. Go itshetsa
B. O tlosa bodutu
C. Go kgala batho
D. Go lapolosa tlhaloganyo
39. Tse di latelang ke meila ya botsetse kwa ntle ga sefe?
A. Ntlo ya motsetse e a feelwa ka nako tsotlhe.
B. Basetsana ba ba mo setswalong ga ba letlelelwe mo ntlong ya motsetse.
C. Motsetse ga a tshwanela go ja ka seatla.
D. Motsetse ga a tlhakanele didirisiwa le batho ba ba mo lwapeng.

40. Go ya ka tumelo ya Batswana bogologolo moswi e ne e re a tlhokafetse a se na

ngwana o dirwa jang?
A. O ne a lomisiwa logong.
B. O ne a belegisiwa lebogo.
C. O ne a rwala setlhako se le sengwe fela.
D. O ne a ribamisiwa fa a bolokwa.

  143  
 
TEKO 2

Pampiri ya bobedi

Nako: Dioura tse pedi

Matshwao: 50

DITAELO
1. Dirisa pene ya mmala o montsho kgotsa wa botala jwa loapi fela.
2. Kwala dikarabo tsa gago mo pampering e.
3. Pampiri e e na le dirarolo di le nne
4. Araba dipotso di le pedi mo karolong ya ntlha
5. Araba potso e le nngwe mo karolong ya bobedi
6. Araba potso ya karolo ya boraro le potso ya karolo ya bone.

KAROLO YA NTLHA (Matshwao: 20)

Bala palo e e latelang o bo o araba dipotso di le PEDI FELA go tswa mo go yone.

Karabo nngwe le nngwe e nne mafoko a a fagare ga lekgolo le masome a
matlhano go ya go makgolo a mabedi (150 le 200).
Fa a kopana le rraagwe la ntlha, Keletso o ne a itumela thata ka a ne a dumela gore o
tlile go fetola botshelo jwa gagwe e bile o ya go kgona go huma. Mosetsana Keletso o
ne a na le dingwaga di le lesome le borobabobedi mme o ne a sa ise a ke a kopane le
rraagwe go fitlhelela nako yone e. O ne a goletse kwa Diphuduhudu, a nna le
mmaagwe ebong Molatlhegi, yo o neng a tshwere ka thata go mo godisa. Tota madi ba
ne ba a bonela thateng, botshelo bo le thata ya lentswe segolo jang ka a ne a ise a ke a
bone rraagwe ka matlho.
Dilo di ne tsa tsaya phekelo e sele fa Keletso a digela dingwaga tse di lesome le
borobabobedi. O ne a ratana la o ka swa nka go ja le lekawana lengwe go twe
Morebodi. Ba ne ba se ke ba kgaogana mme ba felela ba tlhakanela dikobo ba sa
itshereletsa. Keletso a tlolwa ke kgwedi. Se se neng se ngomola pelo ke gore o ne a sa
ntse a tsena sekolo mme a patelesega go se tlogela. Ka dikgang di se ke di nna, ba

  144  
 
masika a ga keletso ba mo loma tsebe ka rraagwe gore ke ramadimadi yo o neng a dira

e le mokgweetsi wa difofane kwa toropong ya Gaborone. O ne a leka maano otlhe a go
bona dinomoro tsa ga Kagiso tsa mogala gore a tle a ikgolaganye le ene mme ka
Modimo o sa je nkabo, a atlega mo maitekong a gagwe.
Boitumelo bo ne jwa mo tlalela fa a tla go lemoga gore rraagwe le ene o ne a itumelela
go buisana le ene. Rraagwe o ne a mo kopa gore a fudugele kwa go ene mme a se ke
a senya nako, a mo romelela thekethe ya sefofane. Mmaagwe Keletso ga a ise a ke a
nne manganga. E rile mafelo a beke a a latelang, Keletso a bo a kotame nonyane ya
loapi a labile kwa toropong ya Gaborone. O ne a fitlhela rraagwe le ba lelwapa la gagwe
ba mo emetse mme ba mo amogela ka dipelo tse di phuthologileng.
E le ruri monate ga o jelwe ruri. Dikgwedinyana fela Keletso a tlhabile kgobe ka
mmutlwa, ngwana a goroga. Moragonyana a boela sekolong mme mosadi wag a
rraagwe wa bobedi ya bo e sa tlhole e le ene yo a mo itseng. O ne a simolola go
itshupa gore ene tota ke mang. Mogolowe le ene o ne a sa tlhole a mmaya sebete, ba
nna ka leina la gagwe. Ba ne ba bolelela baagisanye gore bone gab a ka ke bas ala mo
lwapeng e le batsetsi ka jaana e ne e se bone ba ban eng ba mo romile go metsa a ise
a tlhafune. E ne e re fa a tswa sekolong, a bo a fitlhela ngwana ka motseto o a neng a
sa le a mo tlogela ka one. Keletso one a patelesega go busetsa ngwana kwa gae kwa
Diphuduhudu gore mmaagwe yo o mo amusitseng letsela a kgone go mo tlhokomelela
fa ene a ya go tsweledisa dithuto tsa gagwe. Go busa ngwana go ne ga mo ama fa a
akanya gore ke losea lwa kgwedi tse borobabongwe fela.
Dilo di ne tsa ya masweng fa rraagwe a tswa mo lwapeng a ya go nna le mokapelo kwa
ntlheng e nngwe ya toropo. O ne a tle a mo romele mme fa madi a ka tla moragonyana,
mosadi wa ga rraagwe o ne a šakgala a re ke ka lebaka la ga Keletso. Morago, rraagwe
Keletso a emisa go romela madi le gone go duelela keletso madi a sekolo. Keletso a
lemoga gore a dire segwe ka kokwana go swa e tsaeng e e kwa ntle e a iphataphatlea.
O ne a batla motwedi o mongwe wa madi. A ikaelela go batla monna go sa
kgathalesege gore o tswa kae, o dingwaga di kae kgotsa yo o ntseng jang.
Go tswa kwa tshimologong, Keletso o ne a ikanne gore ga a ka ke a tsietsa Morebodi.
Mo nakong e, o ne a bona a patelesega go dira jalo. O ne a bona rre mongwe a mo feta
ka dingwaga di le lesome le bobedi, go twe Mofenyi. Rre yo o ne a kile a nyala, a

  145  
 
humile e le ruri. Mofenyi o ne a tsaya Keletso jaaka sedirisiwa sa gagwe, a sa batle go

bona a buisa rre ope. Keletso o ne a itshoka fela ka gore dithuto tsone o ne a di mo
duelela ga mmogo le boroko le dijo. Keletso o ne a kgona go fetsa sekolo ka tshokolo e
e kalo, mme ka a ne a abetswe, maduo a gagwe a tla a itumedisa.
O ne a loga maano a go falola a sa tswa go a logolola. E ne ya re mafelo a beke
mangwe ke ao, a tswa ka leano la popota. Mofenyi o ne a tsamaela golo gongwe ka tiro
selekanyo sa kgwedi tse pedi. Keletso o ne a kopa koloi ya rre mongwe gore a mo
namole mo mahutsaneng a jaanong a neng a fetogile sejo sa gagwe sa letsatsi. Mokau
yo, ga a ise a ke a nne thata. Keletso a olela mesobana ya gagwe go leba kwa
Jwaneng kwa a ntseng a batla tiro teng. O ne a ngwangwaela jalo, a feta a bona tiro
kwa moepong mme a nna mongwe wa bagolwane ka a ne a iteilwe seatla.
Moragonyana ga dikgwedi tse supa keletso botshelo jwa gagwe jwa bo bo fetogile
gotlhelele. A tshela sentle e bile a filwe ntlo e kgolwane. A reka koloi ya maemo a a kwa
godimo. Ya re mafelo a kgwedi nngwe a bonwa a goroga kwa Diphuduhudu kwa a neng
a feta a tsaya ngwana wa gagwe mme morago a agela mmaagwe ntlo ya marata go
lejwa, a mo tlhokomela mo a neng dijo e le mmu le matlakala. Ngwana wag a keletso o
ne a tsena sekolo sa maemo a kwa godimo gone kwa Jwaneng. Morago ga ngwaga tse
pedi Keletso a tsena mo nyalong e e boitshepo le rre mongwe yo o neng a bereka kwa
moepong wa Orapa. Botshelo jwa ga Keletso le lelwapa lwa gagwe go balelwa le
mmaagwe a bo e le jo bo eletsegang e le ruri. Ke sone se Motswana a reng ‘Le
Phirimela go Tlhaba.
Motswedi: Kutlwano, 10 June 2013. (E fetotswe fale le fale).

Dipotso
Araba dipotso di le pedi mo go tse di latelang.

1. A ditiragalo tsa padi e di a kgonagala kgotsa ga di kgonagale, nonotsha karabo

ya gago ka dikai tse di maleba go tswa mo palong.

2. Sekaseka ka botlalo molaetsa wa palo e.

  146  
 
3. Sekaseka ka botlalo thulaganyo ya ditiragalo tsa palo e, o simolole ka go supa

kgwetlho, o ame kgotlhang, setlhoa le mafologelo.

  147  
 
  148  
 
  149  
 
KAROLO YA BOBEDI (Matshwao: 10)

Bala leboko le le latelang o bo o araba potso e le NNGWE fela.

Lenyalo
Ke kgole e e thata go bofologa,
Banyalani ba feditse go tshameka morabaraba,
Ba ikaeletse go tlotlwa ke lefatshe,
Nyalo ke molelo, mhisa baori.

Le manontlhotlho le rata kelotlhoko,

Le mabela le rata go nenekediwa,
Le dibelebejane le leke ‘pelo tsa batho
Le ditshele le batla bopelonomi.

Ke dijo di babang le batla maikaelelo,

Ke peo e dumelang bangwe bafodi
Ka ba tlatsa thobo difalaneng,

  150  
 
Fa gongwe le fetoga magala a a fisang.

Ke botshelo jwa monna le mosadi jwa nnete,

Ka ba dumelane le loso go ba kgaoganya,
Ka ga le batle motsenelela gareng ga bone,
Le tle le fetoga dinyana, mantlwane a banyana

Lenyalo le masisi le a sisimogwa,

Ke setlhare sa mongala le ngapa mopalami,
Ke kabelo, mpho ya modimo,
Le batla boitshoko ka mere e na yotlhe.

Dipotso
Araba potso e le nngwe mo go tse di latelang.
4. Tlhalosa leboko le ka botlalo mme o dirise dikinolo le dikapuo go rurifatsa karabo
ya gago.
5. Sekaseka ka botlalo maikutlo a mmoki morago o netefatse karabo ya gago ka
dikapuo le dikinolo go tswa mo lebokong.

______________________________________________________________________
______________________________________________________________________
______________________________________________________________________
______________________________________________________________________
______________________________________________________________________
______________________________________________________________________
______________________________________________________________________
______________________________________________________________________
______________________________________________________________________
______________________________________________________________________
______________________________________________________________________
______________________________________________________________________
______________________________________________________________________

  151  
 
  152  
 
  153  
 
KAROLO YA BORARO (Matshwao: 10)

6. Bala temana e e fa tlase morago o e soboke ka mafoko a a fa gare ga
lekgolo go ya go lekgolo le masome a matlhano (100-150).

Mothusa tona wa Temo-thuo le tlhabololo dijo, Rre Kgotla Autlwetse o galaleditse

Bakgatla ba ga Mmanaana kwa Moshupa mo maitekong a bone a go tshegetsa ngwao
ya go ntsha dikgafela. Rre Autlwetse yo gape e leng mopalamente wa Serowe Bokone
e ne e le sebui sa tlotla ka letsatsi la go ipelela le go ntsha dikgafela kwa Moshupa ka
Labotlhano. A re mo ditsamaisong tsa batsalwa-pele go ne go tshwanela e bile go se
thona gore batho ba tsee tsela e e tsamaiwang ke ba bangwe, e bile Kgosi e ne e le

  154  
 
molaodi le mokaedi wmorafe wa gagwe. Rre Autlwetse o tlhalositse fa lefoko la Kgosi le

agelwa mosako, a tlhalosa tsee tsela e e tsamaiwang ke ba bangwe, e bile Kgosi e ne e
le molaodi le mokaedi wa morafe wa gagwe. Rre Autlwetse o tlhalositse fa lefoko la
Kgosi le agelwa mosako, a tlhalosa gore fa Kgosi a kua mokgosi kwa kgotleng morafe o
ne o sa botse, o tshelegela ka makatanamane. A re boitsholo jo, bo ne bo tsisa
thokgamo, tirisano mmogo le lerato mo morafeng wa maloba. O boletse fa dikgosi di na
le seabe se segolo mo morafeng ka gore ba lebeletse morafe gore o tsogile sentle, o na
le dijo tse di lekaneng, a bolela fa motho a a ja mofufutso wa phatla ka Temo-thuo. Rre
Autlwetse o tlhalositse fa lephata la gagwe le phutholotse letsogo ka go ntsha mananeo
a Temo-thuo gore Batswana ba a akole. O boletse fa mananeo a tshwana le ISPAAD a
ntshaBatswana mo lehumeng fa ba a dirisa sentle e bile a ka ba direla mebereko le go
ntsha dijo. O boletse fa lefatshe leno le ise le ntshe dijo tse di lekaneng mme ba ikaegile
ka dijo tse ditswang mafatsheng a mangwe.

O ngongoregile ka batho ba ba lemelwang mahala mme baphuaganye masimo go ya

go bereka lpelegeng. O boletse fa banana ba sa tsee Temo-thuo katlhoafalo mme e le
yone e ka ba hirang le go ntsha dijo.

Fa a bua ka maikaelelo a dikgafela, Kgosi Oscar Mosielele wa Moshupa a re go

botlhokwa go ipelela dikgafela ka di supa konokono ya botshelo jwa Motswana e bong
Temo-thuo le go ja mofufutso wa phatla. Kgosi Mosielele a re dikgafela di supa mowa
wa boipelego o Batswana ba tswang kgakala ka one, ka jaana ba ne ba itshetsa ka go
lema ba sa ikaega ka go fiwa ke puso. O boletse fa bogologolo dikgosi di ne di rotloetsa
morafe go lema dijo. O lebogetse lephata la Temo-thuo le la Banana go bo ba ba eme
nokeng thata mo go lemeng le go itlhabolola. O boletse fa motho a ka huma ka go lema
go na le go ikaega ka lpelegeng.
(Motswedi: Daily News, Labotlhano Lwetse 6,2017, Tsebe 1)

  155  
 
  156  
 
KAROLO YA BONE (Matshwao: 10)

7. Ranolela temana e e latelang mo Setswaneng.

Laziness is one dangerous element that we need to deal with if we are to reach the end
of what we have begun. It is something we all experience during the journey to the top
but those that succumb to its temptations will never reach the top. Laziness has never
helped a man to achieve his goals and dreams. It only destroys your future. Laziness is
a constant friend of those who will ever receive a reward for doing nothing. Refuse to be
lazy, otherwise you will never see your dreams come to pass. Work hard for success.
Motswedi: Kutlwano, Motsheganong 2010, Volume 36 (E fetotswe fale le fale).

  157  
 
TEKO 3

PAMPIRI YA BORARO

TLHATLHOBO YA MAKGAOLAKGANG

Matshwao: 45 Nako: Oura le metsotso e e lesome le botlhano

DITAELO
1. Dirisa pena ya mmala o montsho kana botala jwa loapi.
2. Araba dipotso tsotlhe ka Setswana se se lolameng.
3. Netefatsa gore o kwadile maina a gago mo pampering e.
4. Rulaganya tiro ya gago ka botswerere le kelotlhoko
5. Fa o sena go fetsa, bala tiro ya gago ka kelotlhoko gore fa diphoso di le teng, o
di baakanye.

POTSO 1
Kwala polelo ya selekanyo sa tsebe le sephatlo ka tlhogo e e latelang.

Maranyane a seša a tlisitse bosula go na le bomolemo. Dumela kgotsa ganetsa

(Matshwao: 25)

POTSO 2
Kwala puisobatho ya selekanyo sa tsebe ka kaedi e e fa tlase.
O mookamedi wa lekgotla le le tsamaisang ditlhopho tsa setšhaba tse di tla tshwarwang
ngwaga wa 2019 o ya bokhutlong, buisa phuthego mo motseng wa Masunga o tlhalose
ka botlhokwa jwa go tlhopha. Batsenelela phuthego ke batsadi, kgosi ya motse,
banana, molaodi, mokhanselara le mopalamente.

(Matshwao: 20)

  158  
 
TEKO 4

Matshwao: 50

KAROLO 1

Bala palo e e latelang morago o arabe dipotso

“Ke ka mpa ka tsamaya ke sa tswala, wa me ngwana sekole o tla se tsena a bo a

rutega.” Mma Keabetswe a bua jalo ka bopelokgale. Kutlobotlhoko e e neng e mo apere
e ne e sa mo kganele go bua se pelo ya gagwe e se eletsang. Dikeledi tse di neng die
la fa a bua jaana, di ne di salwa morago ke mafoko a a neng a mo fa tsholofelo. Mosadi
wa go tshwana le yo o botlhokwa e le ruri.
Maitseboa a letsatsi la Labotlhano a bona Keabetswe a sunetsa kgapetsa kgapetsa. Go
sisa ga pelo ya gagwe go ne go hutsafatsa e le ruri. Mosetsanyana a hutsa letsatsi le a
neng a ya go simolodisiwa sekole ka lone. “Tota bogolo ke eng ba ne ba sa ntlogele go
na le go ntsenya sekole?” gompieno jaana go thata gore ntate a ye go ntuelela madi
kwa sekoleng se segolwane.” A bua a le nosi pelo e tletse kgodu e khibidu.
Rra Keabetswe e rile go utlwa fa ngwana a re o fentse lokwalo lwa bosupa e bile a
amogetswe kwa sekoleng se segolwane a se ka a rata seo. “Ga kena madi, ga o ye
Koo, ke tla ba kopa gore ba go boeletse mophato wa bosupa. Ke tla go kokotleletsa
madi gore o o tlang ngwaga, o tsene se segolwane”. A bua jaana monnamogolo a
tiisitse. Mofufutsonyana o o neng o bonala mo phatleng ya gagwe wa supa tlhoafalo mo
go se a neng a se bua. Keabetswe o ne a sala a jele kgakge e bile a tlaletswe ka lebaka
la mafoko a. Ya re ba sale foo, mmaagwe a tsena. Go ne foo a tlhobosa wa gagwe
ngwana a se kitla a boelela se sebotlana sekole. A itsisi monnamogolo gore o tla leka
ka bojotlhe gore ngwana a ye sekoleng.
“Ke a go utlwa mma, nna o leke ke tla bona, nna ga ke ka ke ka tsena moo”. Rra
keabetswe a itse o ne a sale a ile le konteraka e e gokelang diphaepe tsa metsi kwa
Maun dingwaga di ka nna tlhano, ke yoo jaanong o ne a boa a itshophere e bile a bega
fa ene jaanong a tsile go disa a gagwe marole. Mosadi wa Modimo a bona fa noka e

  159  
 
tšhele a e lebile, a ipotsa gore ba bane bana o tsile go ba jesa eng. A tseana mme
kgabagare a ititaya sehuba, a ipolelela fa sengwe a tla se dira.
Mo nakong eo go ne go na le konteraka e e dirang ditsela mo motseng wa Pitsane.
Mma keabetswe a thapiwa ke borre ba le barataro ba ba neng ba direla mo go yone go
ba tlhatswetsa diaparo. Mongwe le mongwe wa bone a mo atswa ka masome a mararo
a dipula ka kgwedi. Mma Keabetswe a nyenya fa a bona a tshwara madi a a kalo. Dijo
tsa nna teng mo lwapeng, ga itumelwa. Maikaelelo a gagwe a go duelela Keabetswe
sekole le one a atlega. E re ka a ne a tsutlaganya madi a go reka le dijo, kwa sekoleng
a kgaola. Keabetswe a lebogela mmaagwe tiro e ntle e. A mo tshephisa fa a tla mo
duela ka go lebagana le thuto fela e seng sepe gape.
Rra Keabetswe a bona ditiro tse dintle tsa mosadi wa gagwe. Go na le go mo akgola, a
mo kgalela go tlhola a tlhatswetsa banna ba bangwe ene a ile go disa. A ngongorega ka
gore o bolawa ke tlala kwa nageng mme mosadi yo a ka bong a mo isetsa dijo a tlhola a
direla ba ba sa mo nyalang. “Rraabo tlhe lemoga se ke se dirang, kana se mosola
thata, ntetle ke dire tle re tshele mogatsaka”. Monna a mo leba dinao, a kwa mathe a bo
a mo itsisi fa a tla bona kwa mmu wa sekara o tla welang teng. Se, sa batla go fa Mma
keabetswe mogopolo wa go tlogela tiro mme a emisiwa ke gore o tla duelela ngwana
sekole ka eng. A felela a ipolelela gape gore ga na go nna ka diatla go fitlhelela bana ba
aloga. A tshwara thapelo e khutshwana a kopa rra masedi go dira gore rra Kaeabetswe
a tlhaloganye.

Keabetswe a goroga ka nako ya lesome mo mosong go tswa sekoleng. O ne a ise a

duele madi a setlha sa bobedi mme go setse go fetile dikgwedi di le pedi. “mme ke
busitswe go tla go tsaya madi a sekole”. Mmaagwe a mo leba ka khutsafalo, a ipotsa
gore tota o tla ya go a epa kae mme a tlhoka karabo. Madinyana a a neng a a bone o
ne a rekile dijo a bo a rekela bo monnawe Keabetswe ditlhako tsa sekole. A kopa
monna gore ba rekise kgonngwana go duelela ngwana mme a le supa le le fa. Mma
keabetswe a ya le ngwana sekoleng go ya go ba kopa gore ba mo emele kgwedi fela o
tla tlisa madi. Ba mo utlwa mme a boela lwapeng.
Mosadi wa Modimo a kopa borre ba bangwe gape ba le babedi a ba tlhatswetsa. Ka
Modimo a sa latlhe ope, ba mo dumela. A dira ka natla mosadi yo a bo a bona katlego e

  160  
 
mo tletse. Fa kgwedi e fela a ya go duela bontlha bongwe jwa madi. Ba sekole ba

lebogela maiteko a kalo Keabetswe le ene a ithuta ka tshosologo. O ne a lemoga fa e le
ruri mmaagwe amo eme nokeng. A mmona jaaka mosadi yo o segwang ke thipa e e ka
bong e sega ene. Kana fa mmaagwe a ne a sa kgaratlhe jaana, o ka bo a seo mo
sekoleng. A bonya leitlho go tsholola keledi e e neng e ikgeletse, a batla go tsenwa ke
mowa wa kilo mo go rraagwe, a o kgalemela. “Gongwe nako nngwe go tla siama”, a
buela mo pelong.
A tswelela jalo mosadi, a tlhokomologile mokgabo, a lebile bokamoso jwa bana ba
gagwe. A kgona go jesa lelwapa le go duelela Keabetswe. Selo se, sa mo tiisa mooko
phetelela. Keabetswe le ene a seka a swabisa mmaagwe, a ithuta that a le maduo a
kgathisa thata. Mmaagwe o ne a mo laya kgapetsa kgapetsa gore a itse fa a sa tsalwa
ka meno jalo a seka a itiya ka ba ba humileng. Jaaka motsadi a ruta ngwana wa gagwe
go sa tswela sepe sa ga ope pelo. Keabetswe a reetsa a bo a diragatsa.
Monamogolo a simolola g o huhegela mosadi. Letsatsi le letsatsi a mo kgobela go tlhola
nageng. A mo gakolola fa a mo nyaletse go nna mosalagae e seng motlholanageng.
Mma keabetswe a khubama, a sa tswa go khubama, a kopa monna go tlhaloganya. “Ke
a go utlwa mme kare, o dirile lelwapa la rona letlotla, go tlhola go timetswe jaaka e kare
re sule” a o rata go nna jalo mma? Itlhalose! Nyaa rra ga ke rate, ke fela gore ke bona
go le mosola gore ke bereke re tle re itshetse, tota go botlhokwa rraabo, lemoga seo
tlhe ke a kopa”. Monna a se ka a dumalana le dikgang tse, a bolelela mosadi gore fa a
sa tlogele tiro a nna mo lwapeng o tla fitlhela ene a ineile naga ka go sa thuse go nna le
motho yo o nnang mo nageng. Mma Keabetswe a mo rapela gore bogolo a mo letle
kgwedi tse pedi, morago o tla bona gore o ka seke a rekise sengwe mo lwapeng. “Ee
mma ke tla letla mme o seka wa diega, ke lapile. Mosadi a lala ka megopolo e e
mafaratlhatlha a seka a itse gore tota ke a dire jang. Tota gape o ne a rata
monnamogolo a sa battle a ka ya gope. A ipolelela gore leano le tla nna teng.
Keabetswe a fetela kwa mophatong wa bobedi ka maduo a mantle. Mmaagwe a bona
maungo a bopelotelele le bopelokgale jwa gagwe. A bontsha rra keabetsewe maduo a
ngwana, a itumela go se nene. Morago ga dikgwedi tse pedi mma keabetswe a lemoga
fa go se molemo gotlogela tiro mme a bua le monna. A gana monnamogolo mme
mosadi a latlhela seditse. Ka madi a a neng a a amogetse, a duela sekole a bo a reka

  161  
 
dijo di se kae. Dijo tsa fela ka bonako, tlala ya ba apesa, a leka ka morogo wa thepe
mme le one wa fela. A ikgomotsa ka gore sekole sone, o dueletse ditlha di le pedi.
Tlala ya ba kokonela, ga nna maswe mo lwapeng. Mma keabetswe a kopa monna gore
a mo letle a boele tiro, mme a dumela gore a bereke kgwedi fela. Borre bale le bone ba
mo amogela gape ka ba ne ba tlhaloganya mathata a lwapa lwa gagwe. Ba dumalana
go mo okeletsa moputso wa phatlha, Mma keabetswe a tlala ka boitumelo le ditebogo.
A se ka a nama a boleletse monna. Fa kgwedi e fela a bonwa a tla a rwele dijo tse di
fetang tse a ntseng a di reka, a reketse bana diaparo, le rraabo a reketswe jase. A
kgona le go duelela keabetswe madi a setlha sa boraro. Rra keabetswe e rile go bona
se a kgetha go fetoga, a kopa mosadi gore a mo itshwarele a bo a mo rotloetsa go
tswelelea a bereka. Mme yo, a lela sa boitumelo.
Phetogo ya ga rra Keabetswe ya tiisa Mma Keabetswe mooko. O ne a mo letla go
direla bana jaaka a ka kgona, a bolela fa a lemogile fa e le ruri mosadi wa gagwe e le
senatla. Keabetswe a ithuta le ene a bo a fenya mophato wa boraro ka maemo a ntlha
mme a ya kwa go wa bone.
Mmagwe a tswelela fela ka go dira ka natal gore a mo duelele. A kgona mosadi, a
ipolelela jalo. Monna kana jaanong o ne a mo eme nokeng, tsotlhe a di dira ka kagiso.
Keabetswe a fetsa sekole, a ithutela borutabana. Gompieno jaana batsadi ba gagwe
ba mo ntlong ya mabono, fa ba tshwara lebota go a sedifala. Mmaagwe a tlogetse go
tlhatswetsa batho ka jaana Keabetswe a tsenya bo monnawe sekole. O namile o ja
maungo a tshimo e a e lemileng a bo a e tlhokomela.

DIPOTSO

1. Rulaganya ditiragalo tsa palo e tsa botlhokwa [10]

  162  
 
____________________________________________________________.

2. Tlhalosa kgotlhang kgolo ya palo e o bo o rurifatse ka dikai go tswa mo palong. [10]

  163  
 
__________________.

3. Tlhalosa molaetsa wa palo e ka botlalo. (10)

  164  
 
_____________________________________

Ba mo tshwara ka matsetseleko ba mo pega mo koloing ya ba sepodise. Motho wa

Modimo a feletswe ka a ne a ketikilwe ke batho a sa ba itse. Sebe sa phiri ya nna gore
ga a ka a nna le sebaka sa go ipaakanya a bo a bo tshela sentle botshelo. Gotlhe mo a
neng a go leka go ne ga felela mo legoeleleng…

Mareko a ya le monate wa Gaborone, a lebala la bagolo le le reng ga o jelwe ruri le

gore o a tle o fele ka botlhoko. A nwelelela mo toropong mosimane, a utlwa ka ditsala le
thini ya bojalwa. Ke tseo di mo gogetse mo mathateng a di ka se keng tsa mo golola mo
go one. Ba ba mo itseng ba ne ba itse a rata thata go bidiwa’ Bra Marks’. A ikutlwa ka e
bile a ne a rata bokau, e gadimaka tshetsana fa a feta.

Letsatsi la labotlhano ke fa a ikutlwa go ya maitisong kwa ntle ga Gaborone. A itsise

ditsala tsa gagwe ka mogopolo o mme tsa o atla ntle le pelaelo. Go sa le go emeletswe
ka nako ya borataro mo maitseboeng. Maikaelelo e ne e le go ya go nna ba itikolosa mo
motseng gore ba bonwe, go itsiwe gore ba gorogile. Aitse makawana a a ne a itsege
Gaborone le mo tikologong tota. Ba ne ba palama koloi ya ga Thuso go twe ya ga
Mareko e ikhutse go se kae ka go ne go tlhola go dirisiwa yone fela.

Metsimotlhabe ke moka a tshwaraganeng fela le toropo ya Gaborone, tota ke nko le

molomo. Ba ne ba goroga mo nakong e e sa fediseng pelo le ntswa ba ne ba eta ba
kgorelediwa ke mosuke wa dikoloi tse di neng di tletse mo tseleng. Ka e bile e ne e le
mafelo a beke, batho ba ne ba tswela kwantle ga toropo go ya go iphokisa phefo.
Maitiso a simologile ka nako ya boferabobedi. Diopedi di ne di le mmalwa foo go tla go
ntsha batho bodutu. Dino le dijo e le ntletsentletse, fa e le nama e e besiwang yone e le
mogobelelo. Mogwebi wa dijo tse o ne a itumela ka go ne go rekwa go sa tswa go
rekwa. Nama le bojalwa di rekwa ke batho mo! O ne o ka ipotsa gore a ba tsile ba sa
baya sepe fa ntshung. Legale re tla reng? Gantsi batho ga ba je fa ba ya golo ba itse
gore go ya go jewa; kana le fa go iwa moketeng wa lenyalo batho ba tsamaya fela ba
ipoleleltse gore dijo tsa maemo di kwa pele. Mathata a a tle a tsoge fa di tlhaela o utlwe
ba supa beng ba mokete ka menwana ba re ba ba timile dijo mme tota e le bone ba
itomeleditseng ka go ikanya sedibana se pele.

Dipina tsa tsena ka mefuta, batho ba emelela go itlhotlhora dithole. Go ne go se ope yo

o batlang go salela kwa morago, ka re le ditshururu tota bo Thuso le Boago ba iteka.
Wa tsala ya rona ka e ne e e le sethakga sa mmino a a bo a dira go swela. Matlho otlhe
a le mo go ene ke a go bolelela. Fa a bona gore o gapa ba le bantsi maikutlo, a ntsha

  165  
 
ga tshwene. A bina gore e bo e nne jaaka e kete o tla robega. makgarejwana a a neng
a binela go bapa le ene ba ema, ba mo atamela ba mo tlhoma matlho phetelela. Batho
ke bao le bone ya ne e ka re ba laleditswe go bogela. Mareko a ba gadima mme leitho
la gagwe le ganelela mo go Kgomotso. Mosetsana a le mmala wa kofi e konkomeditswe
ka mashi, matlho a rotoga rotoga fa tlase ga dintshi tse dileejana. Wa ga Mareko tota e
bong Pogiso o ne a ntse fatshe a sa ikhuditse. O bona yo, ke ene yo a neng a kile a ya
go supiwa kwa batsading dingwaga tse pedi tse di fetileng. Batsadi ba Modimo le bone
ba ne ba sa le ba beilwe ke motho bobi matlhong a rile mo bogautshwaneng o tla tla a
rwesa bomalome ditlhako go isa mafoko a tseo. ‘Kae? Nako kgolo ke eno, jaana le
gompieno’.
Mareko a ikatumetsa kwa mosetsaneng a a akanya fa e tlaa bo e le matlhogojane fa a
ka se ka a ipala a kgaka, a itebatsa gore o na le Pogiso. Mosetsana a ntsha o
mosesane monyenyo. O ne a lebega a sa phuthologa ka a ne a eta a leba kwa hukung
e e kwa botlhaba jwa holo. E rile fela Marks a re o di latlela makgabaneng tsa tla di mo
fulere; lekau lengwe le le dikwitsiri la tlhaga gone fela foo la mmaya lebole mo
mafatlheng, la mo ngata ka la bobedi, la boraro. Monna wa rona a wela fa fatshe
seletogo la phaleche, a kabana mowa. Fa a ntse a le mo maibing basimane ba babedi
le bone ba mo wela godimo ka ditlhako. Owai! a palelelwa ruri fa fatshe, a tlhoka
monamoledi. Ditsala e rile di bona go nna jaana tsa dumisa koloi tsa leba Gaborone, ba
tshaba go rothegelwa ke madi a kgofa. Ba ba neng ba mo keta le bone ba phamoga ka
lobelo be siela kwa ga re itse.

E re ka go se ke go tlhokafala mosamarea yo o molemo, rre mongwe a mo kuka go ya

maemelong a dikoloi tse di yang Gaborone.Go ne go setse go le bosigo le tsone di seo
jaanong. A thusiwa ke yo mongwe ba nna ba leka go emisa tse pedi tse tharo tse di
neng di feta. Kgabagare, ba lemoga gore e kare ga a heme mme ba tlelwa ke letshogo,
ba leletsa mapodise. Ba ne ba goroga go ise go ye kae mme ba mo ragosetsa kwa
kokelong. Borre ba ba neng ba mo thusa ba tlhalosetsa mapodise se se diragetseng.
Mareko a thanya morago ga malatsi a mabedi a iphitlhela mo kokelong; a ipotsa gore o
tsile jang fa le gore mme gone o tsile le mang. Kwa tengnyana a gakologelwa a na le
boThuso kwa maitisong, a ipona a nyenyela kgarejwana nngwe, a tloga a utlwa mabole
a senna mo sehubeng. Oo! Motho wa Modimo ruri, gone fa a gakologelwa gore go tsile
jang gore a bo a le fa a leng teng. Keletsana ya elela le lerama fa a itshwara mo
mafatlheng a bo a utlwa e kare o na le dintho. A gopola mmaagwe ka fa a leng pelwana
ka teng, keledi e nngwe ya rotha, ya salwa ke di le mmalwa morago. A tloga a re o
tlhola mogala gore a leletse boThuso; a o tlhoka; a gakologelwa gore o o bone o
phatlakana fa fatshe fa a ne a amogela mabole. Kutlobotlhoko e e neng e mo tletse e
ne e le kgolo thata, a lemoga fa go raya gore ga a na ditsala o na le baba. ‘Ao! O raya
gore e kare ke sa bolo go tshela le batho lobaka jaana ba bo ba ntlogelela dira go
mphohotsa? A buela mo pelong.

Fa malatsi a ntse a ya Mareko a tokafala. Se se neng se tshwenya fela e ne e le gore

ngaka e ne e boletse fa a utlwile botlhoko mo makwafong jaanong a tla nna a hupela le
fa a tla felela go fodile. A nametsega fa a utlwa go twe mme o tla felela a fodile. Letsatsi
la go bulelwa la goroga; Mareko a leba kwa ga gagwe. Fa a goroga a fitlhela lebati le
jelwe ka monyena mme loko e se e a e tlogetseng; ka lesego a kgona go e roba. Mo

  166  
 
teng a fitlhela dilwana ka bontsi di seo. Go lebega maepantlo a sadile a ipha maatla.
Mareko a kgobega marapo, a itsapela le gone go begela ba sepodise; sengwe sa mo
raya sare ba mo soketse dirope badimo. A akanya gore botoka ke gore a ikope kwa
tirong sebaka sa kgwedi a ye go gata mmu wa gagabo. Ba se ka ba mo tsenya dingalo
ka ba ne ba bona le gore ga a ise a wele sentle mo botsogong; maikutlo le one a ne a le
mo kgatelelong tlhogo e lela ditshipi kgapetsa. A lemoga gore e le ruri jo botshelo ke
morabaraba, fa o sa itse go o tshameka sentle o ka fenngwa wa ba wa tswa ka e e sa
fotlhwang.

Mareko a rapama mo bolaong a ipotsa ka ditsala tsa gagwe; kgantele a se na go hupa

mogdungwana a ya go batla fa a ka letsang mogala teng go ba tlhola le go ba begela fa
a dule mo kokelong le fa ba ise ko ba supe go kgathala. Megala ya bone botlhe ka fa e
seo mophefong, a itlhoboga, a lemoga gore lwa bone loeto lwa botsala go raya gore ke
jaaka le fedile. Fa a goroga kwa lwapeng a fitlhela lekwalonyana le sobokilwe le
latlhetswe ka seokomelabagwe; a le sosobobolola a latlhela bofofu. Dikgang tsa lone ya
bo e le tsa ga Pogiso a mo itsise ka fa a mo tlhobogileng ka teng le gore o odile lenao la
gagwe kwa ga gagwe. Mareko a inamisa tlhogo a lela sa monna a swetswe ke mosadi,
a ikwatlhaela botshelo jo a neng a ikgolaganya le jone mo toropong, a betwa ke
maungo a bo neng bo mo a jesa jaanong. Dikeledi tsa kopanela mo seledung se se
neng se bifetswe ke ditedu. Tsa koloba tsa bo tsa lebega e kare boboa jwa katsana e
sa tswa go tlhatsiwa. Mh! Botshelo leotwana la koloi tota, bo a dikologa.

Mo go le le latelang a leba gae ka base ya phakela thata. O ne a tlogela koloi ka e ne e

sena leokwane. Mareko a utlwa lehuma le tla le mo nanabelela ka iketlo, a ikgomotsa
ka gore gongwe tharabololo e tla tswa kwa gae. A goroga kwa gae a sudile mowa;
mmaagwe a lela sa mahutsana fa a mmona. A mo amogela le fa a ne a tla a iphotlhere.
Fa a utlwa ka fa botshelo bo mo tshamekileng ka teng a tenega a bo a mo kopa go
ikgata motlhala. A mmolelela gore kante dilo o di itirile. Lekolwane la khubama le sa
tswa go khubama; mosadimogolo a rola tukwi a e baya fa fatshe a re, ‘fa kere ntswela
sekopa ke wena ka rialo’, kana o itirile ga se nna ke go dirileng gore o wele toropo jaaka
ntsi e wela mo mashing. tswa o tsamaye rra’. mareko a ja kgakge, a ingwaa tlhogo a
ipotsa gore tota gatwe a le lebise kae. ‘aitse maano ga a site go sita a loso; a tsaya
mosobana o a tlang ka one a leba fa ga ntsalae. Dipuo a mo reetsa ka kelotlhoko mme
a mo utlwela botlhoko a mo amogela. Botlhoko jwa pelo ya ga Mareko jwa tota e le ruri.
Kgang ya gagwe ya tlhoka yo o ka mo e thusang; tota fa mmaagwe a mo itatola go ne
go sena kwa a ka go ikanyang. le fa go ntse jalo a itsholofetsa gore o tla busa pelo. A
gopola rraagwe kwa badimong; a sala a tseane.

Ntsalae a mo thusa go sokasoka mmaagwe mme ga nna thata ya lentswe;

mosadimogolo a pala palang. Mareko a ipona a nna le ntsalae kgwedi ya bo ya re tii! .
Pele ga a boela tirong a leka go ya go laela mmaagwe mme a se ka a mo ntshetsa
molomo. A boela Gaborone ka matsadi a a neng a tsile gae ka one. Ga feta ga nna
thata kwa tirong; a fokotsega bonatla ka a ne a imelwa ke mathata a a mo apereng. A
hutsa letsatsi le a tshotsweng ka lone, a tsaya tshwetso ya go inaya setlhare…

DIPOTSO

  167  
 
1. Tlhalosa molaetsa wa palo e ka botlalo, o rurifatse ka dikai go tswa mo go yone.

___________________________________________________________(10)

2. Tlhalosa kgotlhangkgolo ya palo ka botlalo.

3. Tlhalosa ka botlalo setlhoa sa palo e ka botlalo.

  168  
 
________________________________________________

4. Supa ka fa ditiragalo tsa botlhokwa tsa palo e di tsalanang ka teng. [10]

KAROLO YA BOBEDI

  169  
 
Bala leboko le morago o arabe dipotso

Thuto

Barati ba yone ba e bitsa lesedi

Bare le bonesetsa batho lefifing
Ba bone ditlhaka go nne botoka
Ditlhaloganyo di sedimoge, go itumelwe

Thuto ke thebe pabalela ditshaba

E ntse jaaka thata e palangwang ke botlhe
Makau le makagarebe ba iteka go yone
Ka e le mosola go namola bontsi leuba

Thuto jaaka molapo o nna o tletse

Bontsi bo gelela mo go wena gao kgale
O ba thusa go timola lenyora la bosenakitso
Ba nne botlhale boo mebutla
Ka ba go tshwere wena thuto

Bannye le bagolo thuto ke ya botlhe

Ba e kgonang, meberekong go batla ga se tshokolo
Madi ba a bone ba je phaletshe ganong
E le fela ka thuto motswedi o sa kgaleng

Thoto ke a go rata ga ke maaka

Ke go rata ke sa itobe ka o le mosola
Bomolemo jwa go bo ka bodiwa bagolo
Barutegi ba pele ba kileng ba go sala morago
Ba sa itsape jalo ba tlhabologa phetelela

DIPOTSO

1. Tlhalosa ka botlalo se mmoki wa leboko le a buang ka gas one. Gatelela tlhaloso ya

gago ka dikinolo le dikapuo. [10]

______________________________________________________________________
______________________________________________________________________
______________________________________________________________________
______________________________________________________________________
______________________________________________________________________
______________________________________________________________________
______________________________________________________________________
______________________________________________________________________

  170  
 
______________.

2.Tlhalosa molaetsa wa leboko le. O gatelele ka dikinolo le dikapuo. (10)

  171  
 
DIPOTSO TSA NGWAO TSE DI FITLHELWANG MO PAMPIRING YA NTLHA

Araba dipotso tsotlhe tse di mo pampering e ka go tlhopha karabo e e leng yone.

Potso 1-3 Bala dielana tse di filweng mme o arabe dipotso

a.Sebodu sa nko se latsa le tlala
b. Sa re nyedi sa re tse!
c. go lala ka ntho madi a tshologa
d. Ka lapa a sala
e. Malanyanateng a na le melelwane
f. Go ja tlhogo
g. Se a tampatampa se go tsalela fale
h. go ya lejwa

1. Diane ke tsa dipalo dife?

A. a,b,c
B.a,c,e
C.e,f,g
D. b,d.e

2. Maele ke a dipalo dife?

A.e,f,g
B.a,c,d
C. d,f.h
D. c,f,h

3. Dithamalakane ke tsa dipalo dife?

A.b,d,g

  172  
 
B. a,b,e
C. e.f.g
D. c,d,e

4. Mosetsana fa e le lwa ntlha a bona setswalo go a tswe o a

A. tlolaganngwa
B. gola
C. rafola
D. lwala

Bala palo e mme morago o arabe dipotso 5-10

Mmaagwe o ne a mo gakolola go nna podimatseba kwa sekolong. Moitshoki o ne a

mo reetsa ka tsoo-pedi a bo a utlwa thata gore a re a ele tlhoko bomenomasweu ka ba
ka mo wetsa ka lemena. O ne a reeditse mmaagwe ka kelotlhoko a eta a a ja tlhogo a
ipotsa gore madi a sepalamo one o ya go a bona kae. Fa ba ntse ba tsweletse a
tlaleletsa mafoko a ga mmaagwe ka gore tota o ya go itoma sanngate. Mmaagwe a
itumela a lemoga fa a o epile mosele wa pula mme ebile go lebega mosimane a tla se
kitla a nna tlhogo tona.

5. Go nna podimatseba
A. go nna tlhaga
B. go nna o ipaakantse
C. go nna kelotlhoko
D. go nna le kitso

6. Bomenomasweu
A. ba ba tshegang le motho mme e le babolai
B. Ba ba ratang go tshameka ba dia ba bangwe
C.ba ba go tshegisang mme e bile ba go rata
D. ba ba ratang go tshega thata ba sa tlhwaafala

7. Ba ka mo wetsa ka lemena
A. ba ka mo digela mo mosimeng
B. ba ka mo tsietsa a sa lemoge
C. ba ka mo timetsa
D. Ba ka mo fa tsela ya nnete

8.A a ja tlhogo
A. a akanya thata
B. a akanya go bua
C. a akanyetsa sengwe
D. a akanyetsa kwa tseng

9. Go itoma sanngate
A. go tlhwaafala

  173  
 
B. go ithuta thata
C. go sa tshameka
D. go ikitsa tse di diang

10. Fa o epile mosele wa pula

A. fa a ipaakantse sentle
B. fa a baakantse tsela ya ngwana
C. Fa a baakantse ngwana wa gagwe go sa le nako
D. fa a thusitse ngwana wa gagwe

11. A nna tlhogotona

A. a gola thata
B. a nna le kitso
C. a nna moeteledipele
D. a tlhoka maitseo

12. Mo lwapeng, tiro ya ga mme ke go

A. gakolola rre
B.Bua le rre
C.bapalela rre
D. sireletsa rre

13- 14. Supa se e leng moila wa lelwapa mo go tse di latelang:

13
.A. mosetsana yo o ithalegang ga a je ka letsogo
B.metsi ga a tsene mo lwapeng bosigo
C. Moswelwa ga a ralale loruo
D. dijo tsa loso ga di pakiwe

14.
A. letswai ga le kopiwe bosigo
B. motsetse ga a je ka letsogo
C. borre ba ba sa nyalang ga ba je nama ya mokoto
D. Dijo tsa loso ga di lokiwe letswai

15. Mo setswaneng bogadi ke

A. dikgomo tsa lonyalo
B. tebogo go boora mosetsana
C. tuelo go boora mosetsana
D. dikgomo tse di ntshediwang bana

16. Ngaka ya pula e bidiwa:

A. moroka
B. reabaitse
C.nkadilatlha

  174  
 
D. modimo

17. E ne e re fa motho a sa tsamaelwe ke botshelo sentle go bo go twe :

A. o na bopelompe
B.o na le dikgaba
C. o na le bokoa
D. o na le botlhoki

18. Supa tsamaiso nngwe ya thupiso e e ka bayang batho mo diphatseng tsa go ka

tsenwa ke mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS
A. go dirisa thipa e le nngwe go rupisa magwane
B. go jela mo sejaneng se le sengwe ga magwane
C. go betsana ka dithupa ga magwane
D.go robala mo dikobong dile dingwe ga magwane

19. Ke eng se se dirileng gore merafe ya Batswana e kitlane e nne ngata e le nngwe?
A. Go nyalelana ga merafe e e farologaneng
B. Go bua puo e le nngwe lefatshe ka bophara
C. Go nna le seabe sa go tlhopha puso ya lefatshe
D. Go nna le dikgosi tse di tlholegang mo merafeng eo

20. Batswana ba ne ba dumela mo badimong gonne ba ne ba dumela gore

A. badimo ba tlisa dijo mo lefatsheng
B. badimo ba laola metsamao ya batho
C. badimo ba thusa Batswana fa ba le mo mathateng
D. badimo ban a le kamano le batho ba bas a ntseng ba tshela

21. Ke eng mo go tse di latelang se se supang gore ngwao ya go bopa dinkgo e

fetogile?
A. Go gweba ka tsone
B. Go ipelafatsa ka tsone
C. Go itlosa bodutu
D. Go abelana thuto ka tsone
22. Ke ntlha efe e e sa supeng mosola wa pina kgotsa leboko mo ngwaong ya
Setswana
A. Go galeletsa
B. Go gakolola
C. Go kgala
D. Go sotla

23. Ditiro tsa diatla di akaretsa

A. Go sila
B. Go bopa
C. Go sidila
D. Go lema

  175  
 
24. Mo go tse di latelang ke eng se se dirwang ka go betla

A. Sepora
B. Sejana
C. Setlatla
D. Makgabe

25. Madume a mosola ka gore

A. A supa ngwao
B. a supa go itsana
C. A supa tlotlo
D. A supa gore motho ke wa morafe ofe

26. Mosetsana fa e le lwa ntlha a bona setswalo go a twe

A. o a ithalega
B. o a gola
C. o a tlhalefa
D. o nna mosadi

27. Thupiso e fetogile ka gore

A. ga e tlotlwe
B. e dirwa thata
C. batho bangwe ba re ke thuto ya segologolo
D. e timetsa batho

28. Batswana ba ne ba tlotlile go obamela

A. baswi
B. badimo
C.bagolo
D. dingaka tsa setso

29. Mosadi yo o nyetsweng o bidiwa eng ke bomatsalaagwe?

A. ngwetsi
B. betsi
C.monyadiwa
D.monyadi

30. Monna yo o nyetseng ke

A. mogwe
B. mogwegadi
C. ngwetsi
D. matsale

31.Dikgomo tse di neelwang boorramosadi fa a nyalwa di bidiwa tsa

  176  
 
A. bogadi
B.mokwele
C. lonyalo
D. tlhagela

32.Merafe ya Batswana e farologanngwa ke

A. mafelo
B. mmala
C. dipopego
D.direto

33. Se e leng sekao sa morafe mo go tse di latelang ke

A. leboko
B. boitsholo
C.kgodiso-bana
D.ditirelo

34. Ke eng se e leng mosola wa lelwapa fa?

A. le berekisa bana
B. Fa bana molao
C. le kopanya masika
D. le nna le dithoto

35. Supa se e leng phetogo ya lelwapa

A. ga se malwapa otlhe a tlhogo e leng rre
B.lelwapa le godisa bana sentle
C. lelwapa le rotloetsa tirisano-mmogo
D. lelwapa le neela banni ba lone tshireletsego

36. supa se e leng lenaneo le le ka fang basa bogakolodi mo nyalong

A. lephata la Boipelego
B.lephata la banana
C. lephata la thuto
D. mokgatlho wa baopedi

37. ke efe tsela mo go tse di latelang e e supang tlontlololo kana kgatelelo ya bomme
mo phitlhong
A. go roula
B.go paka dijo tsa loso
C. go ntsha diaparo tsa moswi
D. go apaya dijo tsa loso

38.Seane se se amanang le lonyalo mo go tse latelang ke sefe?

A. manong a ja ka losika
B. maoto a nong ke phofa

  177  
 
C. mogwe lekaba ga a tsofale

D. malanyana teng a na le melelwane

39. ke efe tsela e e ka rotloetsang kanamo ya mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS mo
ditirelong tsa thupiso?
A. go apara kobo e le nngwe ga magwane
B. go jela ka mogopo o le mongwe ga magwane
C. go segwa ka thipa e le nngwe ga magwane
D.go tshameka mmogo ga magwane

40. Meila ya Setswana e ne e le mosola ka gore

A. e ne e dibela mo diphatseng
B. e ne e fa batho kitso
C. e ne e tlosa bodutu
D. e ne e rotloetsa

  178  
 
DIKARABO TSA DITEKO

Dikarabo tsa Teko1

Dikarabo (Marking key)

1. A
2. B
3. C
4. D
5. B
6. C
7. C
8. D
9. A
10. C
11. B
12. B
13. B
14. C
15. A
16. D
17. D
18. B
19. D
20. C
21. C
22. B
23. C
24. B
25. D
26. D
27. B
28. C
29. D
30. C
31. A
32. B
33. A

  179  
 
34. D
35. C
36. B
37. C
38. C
39. A
40. B

Dikarabo tsa Teko 2

KAROLO YA NTLHA

Potso 1
A ditiragalo tsa padi e di a kgonagala kgotsa ga di kgonagale, nonotsha karabo ya gago
ka dikai tse di maleba go tswa mo palong.
Karabo: - Ee, ditiragalo tsa palo e di kgona go diragala mo botshelong jaaka re bo itse.
Dikai tse moithuti a tshwanetseng gore a di ntshe e nne dintlha tsa botlhokwa tsa palo.
A tlhalose gore mo botshelong ka kakaretso go a kgonagala gore ditiragalo tseo di
diragale a bo a sedimosa ka se se diragetseng mo palong. Ditiragalo tseo di ka
akaretsa:
• Ngwana o kgona go gola a sa itse rraagwe mme e re a godile a mmatle a
mmoni.
• Motho o kgona go go itumelela ga nakwana mme e re go tsweletse a go
fetogele.
• Monna o kgona go tlogela lelwapa la gagwe a sa le tlhokomele a lie go sele (go
nna matlhomatlho ga banna)
• Mosetsana o kgona go tlogela sekolo a imile, morago a boele sekolong go
tsweledisa dithuto tsa gagwe.
• Basetsana ba kgona go ineelela banna ba batona ba ba berekang ba batla fela
gore ba ba thuse mo botshelong.
• Banna ba kgokgontsha basadi, bogolo jang fa basadi bas a bereki.

  180  
 
• Motsadi o kgona go godisa ngwana wa gagwe ka tshotlego mme morago

ngwana a bereki a bo a mo tshidisa sentle.

Potso 2
Sekaseka ka botlalo molaetsa wa palo e.
Karabo:
• Moithuti a bolele molaetsa a bo a o tlhalose. Sekai; Boitshoko bo tsala katlego.
• Amanya molaetsa le moanelwamogolo.
• Fa dikai tse di maleba tse di gatelelang molaetsa wa gago. ie; Keletso o ne a
itshokela go tsena sekolo le fa a ne a sokola mme kwa bofelong o ne a atlega.
(tlhalosa ka botlalo).
• Amanya molaetsa le botshelo ka kakaretso.
• Ntsha maikutlo a gago mabapi le molaetsa.

Potso 3
Sekaseka ka botlalo thulaganyo ya ditiragalo tsa palo e, o simolole ka go supa
kgwetlho, o ame kgotlhang, setlhoa le mafologelo.
Karabo:
Kgwetlho: - go ima ga ga Keletso
Ditiragalo di ka rulagana jaana: (Moithuti o kwala e le megoplo e e mo ditemaneng
eseng ka go tlhomaganya dintlha fela)
• Keletso o ikgolaganya le rraagwe
• O ya go nna le rraagwe
• Morago ga go belega a boela sekolong
• Rraagwe keletso ga a sa tlhole a mo tlhokomela
• Keletso o ineelela Mofenyi gore a mo thuse go tsena sekolo
• Mofenyi o kgokgontsha Keletso
• Keletso o fetsa sekolo
• Keletso o ngwegela Mofenyi o ya go batla tiro

  181  
 
• Keletso o bereka tiro ya maemo: Ke gone fa kgotlhang ya konokono (ya motho le

tikologo) e felelang teng fa, e bile ke gone fa setlhoeng. Dintlha tse tharo tse di
latelang ke tsone mafologelo.
• Keletso o tlhokomela mmaagwe
• Keletso o a nyalwa
• Keletso o tshela sentle le ba lwapa la gagwe

KAROLO YA BOBEDI
Potso 4
Tlhalosa leboko le ka botlalo mme o dirise dikinolo le dikapuo go rurifatsa karabo ya
gago.
Karabo:
• Bolela gore mmoki o boka eng
• A re sebokiwa se rileng; tlhalosa leboko ka mafoko a gago mme o sa latlhe
bokao jwa se go buiwang ka ga sone; se kopolole mafoko a a dirisitsweng mo
lebokong.
• Nonotsha tlhaloso ya gago ka kinolo le sekapuo se se maleba.
• Nako le nako fa o simolola temana, ela tlhoko gore o tsepama mo mafokong a
potso; eg; Mmoki o re tlhalosetsa, o re bolelela, o re supegetsa jalo jalo.
• Tswelela ka go tlhalosa leboko ka mafoko a gago
• Nonotsha ka kinolo kgotsa sekapuo
• Bolela maikutlo a mmoki
• Bolela molaetsa wa leboko
• Tshwaela, ntsha maikutlo a gago ka leboko

Potso 5
Sekaseka ka botlalo maikutlo a mmoki morago o netefatse karabo ya gago ka dikapuo
le dikinolo go tswa mo lebokong.
Karabo:
• Bolela maikutlo: ke a kutlobotlhoko
• Tlhalosa gore o utlwisiwa botlhoko ke eng; tlhalosa ka mafoko a gago

  182  
 
• Nonotsha ka kinolo kana sekapuo

• Gatelela maikutlo a mmoki o eta o sedimosa ka dikinolo le dikapuo
• Sedimosa molaetsa
• Tshwaela, ntsha maikutlo a gago

KAROLO YA BORARO
Potso 6: Tshoboko
Dintlha tsa botlhokwa tse moithuti a ka di amang mo tshobokong ya gagwe ke tse di
latelang;
• Bakgatla ba ga Mmanaana ba ne ba galalediwa go bo ba tshegeditse ngwao ya
go isa dikgafela.
• Dikgosi di botlhokwa mo tsamaisong ya dikgafela.
• Puso e rotloetsa Batswana go tsaya temo-thuo ka tlhoafalo.
• Go kgalwa ba e reng ba se na go lema ba bo ba tlogela masimo bay a go bereka
ditiro di sele.
• Dikgafela di supa boipelego jwa Batswana mo ga itireleng dijo bas a beye fela
mo pusong.
• Banana ba rotloediwa go inaakanya le temo go tlhabolola matshelo a bone

KAROLO YA BONE
Potso 7: Thanolo
Botshwakga ke tshetlana e nngwe e e kotsi e e tshwanetseng go nyelediwa fa re batla
go fitlhelela maitlamo a rona. Ke sengwe se re kopanang le sone mo loetong lwa
botshelo mme ba ba ineelang mo tekong ya jone ga ba ke ba goroga kwa setlhoeng.
Botshwakga ga bo ise bo ke bo thuse ope go fitlhelela maikaelelo a gagwe kana ditoro
tsa gagwe. Sa jone fela ke go go senyetsa bokamoso. Botshwakga ke tsala ya
boammaaruri ya bao ba ba tlaa se keng ba amogele mpho ya go sa dira sepe. Ganana
le botshwakga, e seng jalo o tla se ke o bone ditiro tsa gago di diragala. Bereka ka thata
gore o atlege.

  183  
 
DIKARABO TSA TEKO 3

Potso 1: Polelo

Moithuti o solofelwa go kwala polelo ya ngangisano. A supe letlhakore la gagwe. O ka

ama dintlha tse di latelang fa a dumela: (a fe dikai tsa didirisiwa tsa maranyane a seša
le ka fa di tlisitseng bosula ka teng)
§ Maranyane a seša a dia baithuti go ithuta ka ba tsaya nako e ntsi ba tshameka
ka one.
§ A tsuulola ditshwanelo tsa batho ka bangwe ga ba a dirise sentle. (sekai:
setshwantsho sa motho a sa apara mme a sa letlelela gore se tsenngwe mo
maranyaneng.
§ A rotloetsa bogodu
§ Malwapa a a thubega
§ Bana ba kopa boitshwaro jo bo sa siamang

Dintlha tse moithuti a ka tswang ka tsone fa a ganetsa:

§ A thusa mo go tlhabololeng lefatshe
§ A thusa mo go tlhameleng banana mebereko
§ A dira gore go ithuta go nne motlhofo
§ A tlhofofatsa ditiro tse dintsi tsa puso / go nna bofefo go dira ditiro dingwe
§ A tlosa bodutu

Potso 2: Puisobatho

Moithuti o solofelwa go kwala puisobatho e e nang le setlhogo, matseno, mmele le

bokhutlo. O tshwanetse go lemoga batsenelela phuthego (awareness of audience) fa a
ntse a tsweletse a kwala puisobatho (ie; Bagaetsho, Batsadi ba me, betsho jalo jalo).

Setlhogo:
Puisobatho ka mookamedi wa lekgotla le le tsamaisang ditlhopho mabapi le
botlhokwa jwa go tlhopha kwa kgotleng ya Masunga Phatwe a tlhola gararo

Kana

Mookamedi wa lekgotla le le tsamaisang ditlhopho o buisa phuthego kwa

motseng wa Masunga ka botlhokwa jwa go tlhopha kgwedi ya Phatwe e tllhola
garara monongwaga.

  184  
 
Matseno:
§ Leboga motsamisa tiro
§ Rulaganya batsenelela phuthego ka maemo o ba dumedise
(mopalamente, molaodi, kgosi ya motse, mokhanselara, batsadi le
banana)
§ Ikitsiso; leina ka botlalo, maemo le lefelo le a tswang kwa go lone
§ Ngoka kgatlhego ya bareetsi
§ Bolela maikaelelo a puisobatho

Mmele: A tlhalose botlhokwa jwa go tlhopha ka botlalo. O ka ama dintlha tse di

latelang:
§ Motho o a bo a diragatsa tshwanelo ya gagwe
§ Go dira gore ditlhabololo di fitlhelele batho ka bontsi
§ Go diragatsa molao motheo wa puso ya batho ka batho
§ Go supa boikarabelo jwa gago o le Motswana
§ Go supa tshepo mo boeteledipeleng jo o bo tlhophang

Bokhutlo:
§ Ba rotloetse go ya go tlhopha
§ Leboga
§ Laela

Dikarabo tsa Teko 4

1.A
2.D
3.A
4.C
5.C
6.A
7.C
8.A
9.B
10.C
11.D
12.A
13.B
14.A
15.B
16.A
17.B
18.A
19.A
20.D

  185  
 
21.A
22.D
23.B
24.A
25.C
26.A
27.C
28.B
29.A
30.A
31.A
32.D
33.A
34.B
35.A
36.A
37.A
38.C
39.C
40.A

  186  

You might also like