BGCSE Setswana Revision Paper 3

Download as pdf or txt
Download as pdf or txt
You are on page 1of 35

 

BGCSE SETSWANA REVISION PAPERS


PAPER 3 A

  1  
 

KAROLO YA NTLHA

Araba potso e le nngwe go tswa mo karolong e. Karabo ya gago e nne mafoko a


fagare ga 250 le 350.
1. P.T.M. Marope: Ngwana o anywa mmaagwe a sule.

Supa ka fa ditiragalo tsa padi e di tsamaelanang ka teng le paka le lefelo tse di


thaetsweng mo go tsone.

2. A. R. Letlole: Se Monate se Ingwaelwa.

Sekaseka tsweletso ya ditiragalo tsa khutshwe ya “Masalela a sale teng” mme o


supe ka fa di tsalanang ka teng.

3. M.P. Banabotlhe: Letlapa le le Bolele.

Tlhalosa ka botlalo molaetsa wa motshameko o.

4. O. Matlapeng : Phuduhudu ga e Tlhatlhelwe

Tlhalosa maikutlo a mokwadi ka bana ba ba ikgatholosang dikgakololo tse di


siameng jaaka Bontle.
[25]

KAROLO YA BOBEDI

Bala palo e, o bo o araba potso e le NNGWE mo go tse pedi tse di latelang.


Dirisa mafoko a ka nna 250 go ya go 350 mo karabong ya gago.

O ne a setse a itshetletse sentle kwa lefatsheng legolo la ga Mmamosadinyana. Motho


a le magalamasuke jaaka ene a setse a kgona go lala a sesela masigo. Wabogosi o ne
a setse a tlwaetse moteme wa boranti go gaisa beng gae. O ne a lelala ka moteme, e re
a e tlhoma a bo a o buledisa ka sekgowa. A se golola jaaka teme ya ga mmaagwe
mosimane wa motswapong. Fa e le go peipa gone a peipa e kare sikarete e lengwa mo
tshimong ya ga mmaagwe. O ne a tsaya metsotsonyana a bo ebile a tshuba e nngwe.
Motho ke yoo o rata go kueletsa mosi mo bathong. E re fa a kgabotseng teng, go sale
go nkga mosi e kare go fetile terena. A sale a fetogile matlho a ntse matšaoka, melomo
e kare o ntse a suna dipitsa mo isong. Legale dithuto tsone o ne a di lemoga go sa
belaetse.

  2  
 

Go tshaba go tloga a tsenngwa mopalo ke bodutu, a itsalanya le mosetsana wa


mosweu a bidiwa Maiden. Fa ke gone Wabogosi a neng a lemoga gore kwa Botswana
ga gona batho, ebile le ditshwene tsa makgoa di a ba gaisa. Sengwe le sengwe se a se
dirang a simolola go se dira ka sekgoa, go tshega le gone tota go ethimola. Ditsala tsa
gagwe tsa simolola go nna botshweu fela, borantshonyane e le ‘dumela fela’ wa motho
a itlhaganetse. Ka go tlhomoga pelo, ba leka go mo thusa mme a le supa le le fa.
“ipueleleng le makgoa le tlogele go ntsenya dingalo. Fa le palelwa, le mpolelele ke le
thuse. “Nnyaa monna, o tsene fa o kaya fa o le rra lelwapa.” A bo a tsentswe monwana
mo leitlhong. “Tsa lwapa lame di ama nna eseng bo gopane ba ba tshwanang le lona
jaana.”
Ba tswa mo go ene.ke mang yoo ka ikopisang tlhogo ka monna a le ditedu jaana? Le fa
a ne a sa tlhole a kwala go tlhola bana kwa Orapa. Morwadi a tsaya gore o pitlagane ka
mabaka a dithuto. Ene a di romela di le mmalwa mme tsa thoka phetolo. a bo a
ithoboga. Fa Maiden a botsa ka ngata e ya dikwalo, a arabiwa ka gore,”ke kgaitsadiake,
a re ba ntlhaafaletse botlhe ko lwapeng.”Maiden a tlhomoga pelo ka ene tota a ne a sa
itse sepe.
Morago ga ngwaga wa boraro, Wabogosi a boela gae. Bontsi jwa ditsala le masika ba
mo letile. Morwadi a baakanyetsa monna wa gagwe. Fa a goroga, Wabogosi a bonwa a
kukile ntsanyana e le boboa bolete jaana, e sa kgathise le eseng. Bangwe ba re o filwe
mofago ke maiden. Fa ba sa le foo, Maiden a goroga ka dithoto tsa gagwe. A tla go
ema gaufi le Wabogosi a sa batle go mo katoga. Bontsi jwa batho ba tsaya fa a
boledisitse wa tsala mme ba tla go gakgamala fa sefofane se emelela a le mo teng.
Wabogosi a goroga a paitilwe ke mme wa mosweu. Tsala ya gagwe Thabo a bo a setse
a bone bothata jo tsala ya gagwe a leng mo go jone fela a seka a itse gore a ka thusa
jang. Morwadi a ipolelela gore e tlare ba goroga kwa gae mme yo a mmolelela gore ke
mang le gone o thusiwa ka eng. Wabosigo a tseela Maiden kwa Kgagodi, a nna a mo
tlhola mafelo a beke ngwe le ngwe.
Wabogosi a botswa ka mme wa mosweu, a palelelwa ke go araba. A botswa ka
palamonwana, a re e latlhegile a thuma ko mafatsheng. Se se hakgamatsang ke gore
Maiden ene o ne a tlhalosetsa ba ba nang le kgatlhego ya go reetsa gore ene le
Wabogosi ba rulaganyetsa lenyalo la bone. Tsa tsena ka ditsebe tsa ga Morwadi. Go
utlweng se a ya kwa ga matsalaagwe mme a tswa jaaka a tsene. Fa le ntsha nko,
Morwadi a bo a kokota ko diofising tsa ga molaodi go itela mo go ene.ba bitsa
Wabogosi mme ene a latofatsa fa a tlogela lelwapa. Fa ba kgaogana a re “nna mma ke
tsela, o tla lapa ke sala.”go tswa motsing oo, Wabogosi a tsena bosigogare mo lwapeng
a sa le a bolotse bosigo bo le koo. Kgabagare a emisa le gone go duelela dikolo tsa
bana.
O ne a sena setshego le ope le bana ba setse ba mo tshaba.la bofelo, a tela lwapeng
ka sewelo, A tshela a bonwa a na le Maiden.a tswala Morwadi matlho ditlhaa tsa sala e
kare moth a bolawa ke makidiane. Wabogosi a ola lenao la gagwe mo lwapeng,fa ele

  3  
 

Morwadi ene a ithoboga ngwana wa batho. A ipolelela fa ba tla kopana ko legodimong.


Fa ba lesika la ga Morwadi ba kopa gore ba na ba letlanngwe, Wabogosi a ba tsholola
jaaka metsi a seretse. A tswelela le mme wa mosweu go sena tsapa le le mo fisang
pelo.
O ne a robetse fa a phadimosiwa ke go tserema ga sesupa-nako. Fa busa matlho fa
letlhabaphefong, Morwadi a bona go kgonya koloi ya kompone ya Motlhophantsi, Ga
gologa banna ba le bane ba eteletswe pele ke Thabo. Ka bofefo jwa legadima, ya bo e
setse e tsholeditse dinko, Morwadi a le mo teng. O bone e tsena ko kokelong ka tuulalo
ene a santse a gakgameletse go tsubulwa fela le go ipaakanya a sa ipakanya. A seka a
dumela se a se bonang. Wabogosi o ne a letse mo kokelong go se yo itseng. Go ne go
sena yo o mo tlhokometseng ntswa a ne a boleleletse dingaka gore ke rre yoo nang le
lelwapa
Morwadi a ema fa tlhogong ya ga Wabogosi, a mo leba ka go mo kanoka. O ne a
monegile o kare o tswa mo leganong la tlhware. A tshwanologile. Fa a bula molomo a
re ”Morwadi, intshwarele mo tsotlhe tse ke go di diretseng tsone moratiwa.”
Morwadi a mmotsa a sa dumele, “wena? O tsela ga o lape, go lapa nna,”
Boemong jwa karabo, Wabogosi a tsholola dikeledi. Morwadi a tadinya karata ya
gagwe, a bona leina la bolwetse, bolwetse jo bogolo. A ipotsa gore mosadi wa mosweu
o kae ka nako e. Morwadi a gopola letsatsi le a neng a mo keteka sa motho a bolaya
mokwepa. A tlala kilo le bolotsana fela a itse fa nako e tsile ya go thiba ka tukwi le
khiba. Wabogosi a ntsha ka thaa, ”Morwadi, ke ne ke raelesigile, nkamogele gape. Ke a
itse ga go motlhofo, fela leka jalo moratiwa.” Kana podi ya sekoba e gopola gae fela fa
e utlwa bo phokoje ba lela.
Botsogo jwa ga Wabogosi jwa tsaya phekelo e sele a bo a felela a rebolwa go ya go
ikhutsa ko tirong. Le fa a ne a boela tirong ba kompone ba ne ba lapisitswe ke go bona
kompone e tla fetoga kokelo, mme ba kgaogana le ene. A sala a lapile, dikgopo di
patlagane le mokwata, dikeledi tsa sala di fedile mo matlhong go setse bohutsana bo
ikanegile mo go ene. Marapo a ne a setse a tswetse kwa ntle, matlhonyana a tswetse
kwa ntle ebile a gopotsa mmidi wa go tsala ka tlhogo. Fa go khurumololwa dikobo go
tswa sebodu sa ntsa e bodile, Go setse tlhogo fela, dikaku le dintho di mo tswetse
ditsebe le dinko.
Ka letsatsi la bone Wabogosi a ntse a le kwa kokelong, Morwadi a ya go mo tlhola, A
tsena mo kamoreng ya sephiri e a neng a letse mo go yone, a mo tlhoka. A okomela mo
go tse dingwe, a mo tlhoka. A boela kwa a simolotseng teng, mme a kgabodisa
pampitshana mo bolaong, a e buisa.
“Morwadi,
Mo go tsheleng ga rona, o ne o le boikanyego. O ne o le motsadi, mokaedi, mogakolodi,
godimo ga tse tsotlhe, o le mooki wame fa ne ke furaletswe ke botlhe. Ruri ke maswabi
ka ke rotse mowa wame o seyo fano go go laela. Tsweetswee, o sale o nkgodisetsa

  4  
 

bana mo leratong la gago. Godimo ga tsotlhe, o nkopele maitshwarelo mo go bone le


tshaba ya gaetsho. Sala sentle moratiwa.
Wabogosi Wabogosi.”
E tserwe ka go fetola fale le fale mo go Botlhale bo ja beng ka Gwafila,T.

DIPOTSO
5. Tlholosa ka botlalo se o se anywileng mo palong e. A s o se ithutileng se amana
le botshelo jaaka ba ntse? [25]

KGOTSA

6. Supa ka fa ditiragalo tsa botlhokwa di thatlologanang ka teng mo palong e, o


itebagantse le se se di gwetlhileng, marara a nnileng teng, tlharabololo ya one le
phelelo. [25]

KAROLO YA BORARO

Sekaseka leboko le le latelang mme morago o arabe potso e le NNGWE go


tswa mo go lone. O gakololwa go dirisa mafoko a ka nna 200 go ya go 300
mo karabong ya gago.

Ngwaga o Mosha

Re letse re fitlha ngogola


Tshipi di letse di mo lelela
Bana ba letse ba sa ikutlwe
Bohutsana ethe bo a ba wela

Ngogola nna ga k emo lelele


Ngwaga o le o sa nthateng o ile
Wa go ka wa seka wa mpoela
Ngogola sia tlhe, o nkidile!

Jaanong ke sets eke itshopere


Nna ke ntse ke ologa matlhare

  5  
 

Dikala tsame di epetswe mmung


Ke imeneka esi jaaka tlhware

Ngwaga o mosha tlaa tlhe ke a go atla


Moeng goroga nna ke a go batla
Gata tlhe ka mabedi sekau
Gata tlhe o seka wa kokotla!

Ngwaga o mosha nna ke leboga


Ke fano jaanong ke a phaloga
Ke sutlha dikgwa ke itebetse
Ntswa malatsi one a ntse a robega

Tsatsi leno ke le ke fano


Bontsi bo le tlhoketse pono
Bo robetse losong maloba
Nna ke sa le sego ke yono.

E tserwe mo Sefalana sa Menate ka L. D. Raditladi.

DIPOTSO

7. O itebagantse le leboko le le fa godimo, tlhalosa maikutlo a mmoki a bokang a le


mo go one. Supa ka fa a dirisang puo ka teng go supa maikutlo a. [15]

KANA

8. Tlhalosa se mmoki a buang ka son emo lebokong le. Nonotsha karabo ya gago
ka dikinolo tse di lebaneng. [15]

  6  
 

BGCSE SETSWANA REVISION PAPERS


PAPER 3B

  7  
 

KAROLO YA NTLHA

Araba potso e le nngwe go tswa mo karolong e. Karabo ya gago e nne


mafoko a fa gare ga 250 le 350.

1. Phuduhudu ga e Tlhatlhelwe: O. Matlapeng

Tlhalosa gore a mokwadi o kgonne go supa phetogo ya botho, o itebagantse


le Bontle.

2. Letlapa le le Bolele: M.P. Bannabotlhe


Sekaseka tsweletso ya ditiragalo tsa motshameko o o itebagantse le se se di
gwetlhileng, marara a a ntseng teng, tlharabololo le phelelo ya tsone.

3. Ngwana o anywa mmaagwe a sule: P.T.M. Marope


Tseela gore o Tshetlha morago ga go fetsa dithuto tsa gago o bo o nna
ngaka e e tumileng mo motseng. Kwala se o neng o ka se bolelela bana ba
ko gae go ba ruta ka botshelo.

4. Motswasele II: L.D. Raditladi


Tlhalosa seabe sa ga Moruakgomo mo tsweletsong ya ditigalo tsa
motshameko o.
[25]

KAROLO YA BOBEDI

Bala palo e, o bo o araba potso e le NNGWE mo go tse pedi tse di


latelang. Dirisa mafoko a ka nna 250 go ya go 350 mo karabong ya gago.
Neo ngwana wa go tshega le go thonama wa Rre Keabaitse le Mme Keabaitse, O ne a
bidiwa jaana ka a ne tshotswe morago ga gore batsadi ba gagwe ba ithoboge. Mme ka
masaitseweng a modimo ba mo fiwa mme ba mo raya leina ba re ke Neo ya Modimo.
Neo ene ele mosetsana yo mo tshwana wa dikoti marameng, ka nko e e letsina, matlho
a a letlobo le dintshi tsedi telele. O ne a na le mahepa poo. E ne e re fa o mmona o bo o
gopola gore o ne a betlwa ka phalo, Fa a apere o ne o ka akanya gore gongwe diaparo
di segetswe mo go ene.
Batsadi ba gagwe ba ne ba tshela botshelo jwa Setswana, ba tshela ka temo le leruo.
Le ntswa ba ne ba sa tsena sekolo, ba ne ba ratela ngwana wa bone thuto, ka bane ba
lemoga gore ko ntleng ga yone botshelo bo bokete mo malatsing a segompieno. O ne a
ya go fetsa dithuto tsa gagwe ko sekolong se segolwane sa Moeding College kwa Otse.
le mororo a ne a le bontle jo bo tlhokisang mafoko, o ne a sa abelwa sepe ko sekolong

  8  
 

ka o ne a seka a kgona go dira sentle mo dithutong tsa gagwe ka jalo a itswela ka


maemo a bofelo(GCE)
Bontle jwa ga Neo bone jwa gola le ene. Ba ne ba kile ba re ba iteka lesego makau
mme ba palelwa ka gore Neo one a ikaeletse go fetsa dithuto tsa gagwe pele. Ditsala
tsa gagwe kwa sekolong di ne di lekile go mo ntsha mo tseleng mme a pala ka gore
mosadimogolo mmaagwe o ne aga a mo laa. Ba ne ba mo tlogela ba re ke ‘bari’. O ne a
simolola go tsamaya a le nosi. Moragonyana a bona tsala e bidiwa Mascom. Mascom o
ne a tshwana fela le Neo ka mogopolo. Mascom o ne abetswe mme a sa itsapele go
thusa Neo ka tiro ya sekolo. E ne ya re Neo fa fetsa sekolo, a thoka tiro lebaka la
dingwaga tse nne. O ne a nna le batsadi ba gagwe mo gae.
Ene yare nako ngwe mo tshokologong, Neo a utlwa bodutu bo mo kokonela. A bona go
le botoka gore a jele tsala ya gagwe e go tweng Mascom nala. O ne a tsamaya a
iname, fa a fapaanya huku ya le lwapa le le bapileng le lebentlele lengwe a rata go
thulana le le lekawana le le lone le neng le itebetse le na le letsapa ka e le gone a neng
le tswang mo tirong. Neo a tshoga thata mosimane ene a ntsha monyenyo a leka go
thalosetsa Neo gore a seka a tshaba.
“Dumela mma, nna ke bidiwa Tumie”.
Neo le ene a dumedisa a bo a ipolela. Lekolwane la mmapisa. Ya mo pota ka kwa e e
sa ileng mmotlana mme ka a ne a le maitseo, a seka a batla go mo supegetsa gore ga
a rate go tsamaya le ene, nteko o raya a itsenya mo selageng. Tumie o ne a mo tseisa
dikgang. Owai, kae re ye teng a toga a kata ngwana wa mosetsana. Nnyaa tlhe ba
tsaya dikgang, Ga jewa setshego ekare batho ba sa bolo go itsane. Neo a bo a
phirimelelwa a ise a ye go goroga ko go Mascom, a bona gole botoka gore a boele ko
lwapeng a ye go tshuba dipone le go gotsa molelo. Tumie le ene a kgaogana nae go ya
lwapeng.
Tumie le Neo ba ne ba bonana gantsinyana. Morago ga beke tse pedi Tumie a ipala
mabala a kgaka. Neo ka le ene a ne a kgathega, tsotlhe tsa apara tshiamo. Ba ratana la
o ka swa nka go ja. Se sa kgotsofatsa Tumie thata, ba dumelana go isa mafoko kwa
batsading. Tumie a bolelela batsadi ba gagwe, le bone ba dumelana ka ba ne ba itse
botho jwa kwa ga abo Neo. Mafoko a isiwa kwa gaabo mosetsana, mme ba dumelana.
Nako nnwe Neo a amogela lekwalo le le tswang ko go ntsalae, Thuso yo o neng a
berekela kwa Sekoma. O ne a mo itsese fa a mmatletse tiro ko posong ya motse.
Maitseboa a lebisa Tumie mafoko. O ne a dumelana ka batsadi ba ga Neo ba ne ba
setse ba dumelane, Morago ga malatsi Neo a emelela go ya kwa Sekoma. Baratani boo
babedi ba hutsafadiwa ke kgaogano e. Neo o gorogile sentle kwa ga Thuso mme ka le
le latelang a ya tirong.
Bontlenyane bo seng nosi… A rialo motho wa maloba. E rile mo mafelong a beke, Neo
a bona segatla-borokgwana se se tsamayang ka mokoko(4x4) e bile se bereka nabo.
Tota o thoka eng? Nyaa, bothata ke gore ga itse botshelo jwa toropo. A lebala gotlhe ka

  9  
 

Tumie. Tumie a tla go mo tlhola mme a fitlhela a dule. A ya go botsa Thuso ka ba ne ba


sa thole ba nna mmogo. Thuso a latola, a bolelela fa seke a mmona mme a tsamaya le
monna mongwe wa koloi. Tumie a letaleta gore gongwe o tla tla a mo fitlhela mo
sekoma, mme gare tsho! A ithoboga a boa. Ka letsatsi le le latelang a leletsa Neo mme
a itsisiwe fa a sa tla tirong. A seka a ipona tsapa Tumie, a boela gape ko sekoma ka
mafelo a beke. O ne a fitlhela matlotla mme a tlhalosediwa fa Neo a fudugile ebile a nna
le monna.
A ithoboga, a boela gae. O ne a feta a bolelela batsadi ba gagwe ka nthagaraga e a e
utlwileng. Ba ga gabo mosetsana ba itsisiwe. Ba ne ba swaba nko go feta molomo fa
ba utlwa boatla jwa morwadiabone. Ba rwala ditlhako ba mo latela. Neo o ne a le supa
le le fa ba bo ba ithoboga. Tumie o ne a motlhagisa ka gore ‘o tla nkgopola’. Neo o ne a
ratana le mosimane yo go tweng Kago kgwedi tse tlharo fela. E rile ya bone a bo a mo
tlhaba ka setlhako a re a mo tswele ka ntlo. A bona yo mongwe ka a seke a ba tlhoka
mosetsana Neo. Yo ene o ne a tletse lesukuru jaaka tsitsiri, a nna a mmeleditse ruri. A
simolola go nna ka selelo. Mopalo le one wa mo wela. A tlhajwa ke ditlhong le go ya
gae.
Ene ya re nako nngwe a rapame mo dikobong a gopotse tshotlego ya gagwe, a gopola
seane se se reng ‘maropeng go a boelwa, go sa boelweng ke maleng’. A bona go le
botoka fela go ipetla pelo fela go kwalela Tumie go ikopa maitshwarelo le gore a mo
amogele. A dira fela jalo, a bo a le romela ntle le tiego. Tumie a amogela lekwalo, a
gopola ka fa a sa ntseng a rata Neo ka teng. A kopa Neo go tla gae go tla go buisanya.
Neo o ne a goroga, ba kopana le Tumie, ba buisana dilo tsa boela mannong. Batsadi ba
ne ba kopana ga dumelanwa, morago ketekwa lenyalo. Banyalani ba ne ba ikagela,
mme ba felela ba segofadiwa ka bana ba le bane.
E tserwe ka go fetolwa fale le fale mo Kutlwano, July, 2005

DIPOTSO
5. Supa ka botlalo ka fa mokwadi a supileng phetogo ya moanelwa mogolo ka
teng mo palong e. [25]

KANA

6. Tlhalosa seabe sa ga Neo mo tsweledisong ya ditiragalo tsa palo e. [25]

  10  
 

KAROLO YA BORARO

Sekaseka leboko le le latelang mme morago o arabe potso e le NNGWE


go tswa mo go lone. O gakololwa go dirisa mafoko a ka nna 200 go ya
go 300 mo karabong ya gago.

Lorato

Lorato lo aga mo pelong


Lo itsheke jaaka metsi a mogobe
Mong wa lone a terenkege
A lo tshele jaaka mashi nkgwaneng
Le nkgwana e bine dipina tsotlhe tsa lorato

Lorato le bofitlha
Lo ka go ralatsa mafifi bosigo
Lo go tlodisa dinokana di tletse
Le kwa ga mmagagoiwe o ka go ya
Wa susumela jaaka tlou e dupelela marotse

Fa lo sa le monana lo boruma
Lo tshotlhega ga bonolo
Le monate wa lone o busa moleti kwa masimo
O ka lo metsa wa lo ipeela mo kgetsaneng
Wa lebala gore lo ka tlhaga ka kgoro ya morago

E re ka lo le matlhomatlho
Lo ineye naga ya diphologolo
Go tsoma tseo tse di mafura
Tse di dirope dikima go itsetsepela
Le tseo di dinama di phatsimang

Mmata a tlhage ka phatlha tsa menwana


O sale ka maritsa o se na momela
A dire magweregwere kwa kutung ya pelo
Le ramaranyane a tsiediwe ke ditshipi tsa gagwe
Pelo e apare letlalo la kgomo
E tserwe mo Le Pelong, ka Ludo Robert

  11  
 

DIPOTSO
7. Bolela se mmoki a buang ka sone mo lebokong le. Nonotsha karabo ya gago
ka dikinolo tse di lebaneng. [15]

KANA

8. Maikutlo a mmoki wa leboko le ke afe? Dirisa dikinolo le dikapuo tse di


lebaneng go senola maikutlo a. [15]

  12  
 

BGCSE SETSWANA REVISION PAPERS


PAPER 3C

  13  
 

KAROLO YA NTLHA

Araba potso e le nngwe go tswa mo karolong e. Karabo ya gago e nne


mafoko a fagare ga 250 le 350.

1. Motswasele II: L.D. Raditladi


Tseela gore o Kgosi Motswasele II morago ga go fenngwa ke
Moruakgomo mme o kwale se o neng o ka se bua le morafe wag ago.

2. Se monate se Ingwaelwa: A.R. Letlole


Tlhalosa maikutlo a mokwadi ka batsadi ba ba sa tshwareng bana sentle
jaaka Mmamosumo mo khutshweng ya “Modiri o a lebala”.

3. Ngwana o anywa mmaagwe a sule: P.T.M Marope


Bolela se o se anywileng mo pading e.

4. Letlapa le le Bolele: M.P. Bannabotlhe


Tlhalosa ka botlalo seabe sa ga Tlhoriso mo tsweletsong ya ditiragalo tsa
motshameko o.
[25]

KAROLO YA BOBEDI

Bala palo e, o bo o araba potso e le NNGWE mo go tse pedi tse di latelang. Dirisa
mafoko a ka nna 250 go ya go 350 mo karabong ya gago.
Pete o ne a le mo leele. O ne a na le lebadi mo molaleng, ka fa ntheng ya molema.
Lobadi le, fa ke go anegela kgang ka lone, O ne a kile a leka go itseela botshelo ka…..
A kgona go thusiwa ke mongwe wa lesika la gagwe - mosimanyana wa sekolo sengwe.
Ka gotwe ditshitshiri ga di munye madi otlhe a morobadi, nngwe ya tsone e a tle e
bolaiwe ka go e tlapisa ka monwana, ga nna fela jalo ka Pete. Lobadi lo le mo molaleng
fa e ne e se mosimanyana yole yo gotweng…, leina la gagwe le santse le nkgakile, go
ka bo go buiwa mafoko a sele.

Fa Modimo a go lebagantse lesego, le go wela o ntse o itebetse; mme yoo solofetseng


lesego o a tle a lale a rototse matlho bosigo jotlhe jaaka morubise, a tsenya madi mo
motshining wa khasino, a itswela fela ka diatla di iphotlhere.

  14  
 

Monna mongwe o ne a feditse madi otlhe a kgwedi ka motshine wa khasino. E ne erile


fa a tswa tirong, a seka a isa madi kwa gae jaaka e le twaelo, a a rothisa mo
metshineng ya mofuta o. Madi a ya otlhe. Monna yo o ne a itshwere lehuma ka a ne a
sentse dipula di le kgolosupa. Mofufutso wa kgwedi ya Moranang wa nyelela jaaka
mouwane. Mosadi wa monna yo a batla go mo ja ka meno. Pete a bewa ke thekisi fa
pele ga khasino. A fologa. A tsena, a kgotla motshine. Setshaba sa mo mokanela jaaka
a tla a le mafolofolo.

A tswa mo Gaborone Sun a sa gadime jaaka rotwe a phakgathile mmidi go tswa mo


tshimong - a palama koloi ya thekisi - a seke a laela ditsala tse di neng di mo thusa - a
gopola kwa lwapeng la mokapelo wa gagwe bosigo joo.

Ka pete a sena ko aneng a latsa tlhogo gone, a tshela jaaka noga, a sianela ko go
Veronica wa mooki. Se mooki Veronica a neng a se batla mo Pete e ne e le one madi,
le fa ba ne ba ratane lebaka la dingwaga tse pedi. Veronica o ne a bereka mme one a
seke a fa Pete le fa e le thebe. Sa gagwe e ne e le go mokona lekolwane le jaaka
tampane e munya madi a mokgee. E rile fa Pete a goroga ko lwapeng la ga Veronica, a
mo fitlhelaa santse a apeile. Pete ene o ne a sa apeelwa dijo. “ke kgotile
motshini,Veronica! Masoso! dikete tsare waaaaaaa!” A bua a tlolakaka jaaka segwagwa
ruri!

Motho yoo tshwanang le Veronica o ne a ipeile yo o didimetseng mme gone ka fa


pelong a tletse mowa o bosula jwa mogau, mme a rata go itira yo o pelontle. Jaaka
gotwe o se bone thlolwana borethe, teng ga yone go a baba, Veronica a phakela a ya
tirong jaaka gale. Pete o ne a dirile phoso ka go bolelela Veronica fa a bonye diketekete
tsa dipula. Veronica a raya Pete a re: kana ke na le ngwana. a ga o mphe ledinyana ka
ya go mo rekela dijo le maswi?” kana ke itse fa o le legopo la me,e bile ke beile sengwe
le sengwe mo go wena mokapelo wame P!” Veronica a bua jalo a tshegatshega, matlho
a bonala fa a motilwe bomenemene jwa pelo e e tletseng bosweu jwa mae ka madi a le
gone. Fa Pete a sena madi morwadie Leuba o ka bo a sa mo kgatlhalele, ebile a ka se
tseye dikgang nae. A gone madi a a batliwang ka mokgwa o ke one a lerato? Veronica
e ne e le nta ya selomela kobong!..

Pete a goromeletsa Veronica sekete sa dipula jaaka e kete ga a fiwa ka lesego la


Modimo. Pete ga ise a ke a bolelelwe se se dirilweng ka sekete sa dipula. Tsa bo di
kopane, disaitseneng! Batho ba ba tshwanang le Pete, mo a ka bong a kile a fa batsadi
ba gagwe sengwe, le fa e le mmonnawe yo o neng a nna mo Gaborone! Monnawe Pete
o ne a sena madi a go duelela dithuto tsa lokwalo wa bosupa, mme a le botlhale mo go
ne go feteletse. Ka a ne a sena batsadi Pete e ne e le ene go neng go lebilwe mo go

  15  
 

ene jaaka motsadi. Monnawe Pete, yo o neng a bidiwa Kesolofetse, o ne a kile a bua le
Pete ka pelo e e rotlhang madi, a re: ”nkgonne, kana barutabana ba re ke ka kgona go
fenya ditlhatlhobo tsa bosupa fa ke ka duelelwa madi a sekolo. Jaaka le wena o bona,
ke tshela jaaka nonyane e e fofelang kwa le kwa. Fa e sale mme a tlhokafetse, jaaka a
ne a ntlhokomela, ga ke na mothusi, mme ke lebile fela mo go wena jaaka nkgonne le
motsadi wame. Ke tla leba kae e le ruri ka thuto e le yone masaikategang a
segompieno, Nkgonne Pete? Lephata la thuto ga le a ka la kgona go nthusa ka madi a
sekolo monongwaga ka go sena ope yo o neng a leka go kwalela gone. Selo se se
dirilwe ke go tlhokafala ga ga mme, Mme ke ene a ne a tlhola a nkopela madi, mme
gompieno ga tlhoka yo o dirang jalo. Ga ke a botsa ope malebana le kgang e, mme ke
eletsa go anywa botsipa jwa dithuto gore e nne boswa jwame. Nako ya fa Kesolofetse a
bua jaana, Pete o ne a ise a bone diketekete tse tsa dipula kwa Gaborone Sun.

Le fa Pete a ne a utlwa kgang ya ga Kesololofetse, a seka a e tsaya tsia. Kana


Kesolofetse o ne a kile a boloka Pete. Go ne go kile ga diragala gore Pete a leke go
ipolaya ka go ikaletsa ka kgole mo setlhareng. E ne e le le gone a ikaletsang: mme
Kesolofetse a sianeela kwa setlhareng a tshotse thipa, a kgaola kgole, mme Pete a
ruthagana fa fatshe ka marago, a ba a….. Erile fa Pete a re ruthu!fa fatshe, a latlha
kgole e e neng e le mo molaleng, a siana lebelo la pitse, Puo ya tlala le motse otlhe
gore Pete o bolokilwe ke monnawe a leka go ikaletsa. Kesolofetse o ne a bolokile
mogolowe thata ka tsela e, mme mogolowe ene a sa mo kgathalele….. Fa Kesolofetse
a gopola motha o, a rothisa keledi.

Ka ntlha e nngwe, Veronica wa mooki o ne a sena sepe le kgang e bosula e. O ne a


ipeile fela gore madi a Gaborone Sun a mo solegele molemo. A kotama Pete jaaka nta
e itsheletse motho yoo moriri o leswe!...... Veronica a gana gore Pete o ka thusa
Kesolofatse ka madi a sekolo. Kesolofetse a tshwanelwa ke go tlogela sekolo sa
Segoditshane a nna fela mo gae. A tlhoka tiro. A simolola go sasanka le mebila, a batla
dijo tse di latlhilweng mo matlakaleng. Tlala e ne e phile maatla Kesolofatse yo o e neng
e le mosimane a nna le ditsala tse di ntsi.

Kesolofetse a nna makgasa ya re nako nngwe a ntse a tlhatswa mmotorokara wa


monna mongwe, a utswa madi a a neng a tlogetswe mo teng. Fa kesolofetse a leka go
sia mong wa mmotokara a mmona. Batho ba leleka Kesolofetse.mong wa mmotorokara
o ne a tsene fa borekelong go ya go ithekela dijonyana. Kesolofetse a sia le toropo. A
tshwarwa. O ne a utswile dipula di le kgolomabedi. Madi a tsewa mo go ene. Fa a
santse a botsolotswa gore ke eng fa a ne a utswa madi, a betsega. A sia batho ba mo
leleka. E rile fa a fitlha fa Town Hall, a leka go sianela ntheng ya diroboto, gaufi le
kereke ya Anglican. Dikoloi di ne di tshwanetse go feta jaaka diroboto di ne di supa.

  16  
 

Kesolofatse a kgabola fa pele ga tsone fa batho ba santse ba mo lelekile ka lebelo le


legolo. Gare Thu! Thu! Thu!...mokgakgathiba wa bese wa latlhela Kesolofetse fa fatshe.

Mokgweetsi wa bese o ne a se phoso. Phoso e ne e le ya ga Kesolofetse, e le yone e


neng e bakilwe ke batho ba ba neng ba mo lelekile.

Phitlho ya ga Kesolofetse ya rulagangwa. Le fa Pete a ne a e ya Veronica o ne a seka


ya koo. Letsatsi la phitlho, Veronica a tsoga a budulogile, nko le molomo e le selo se le
sengwe. Verovica a raya Pete a re “ao….. P wame! a ga re ye go reka BMW letsatsi
leno ko Africa- Borwa jaaka o ne o ntsholofeditse? Kana letsatsi ke lone la matlhatso,
Nna rra ke setse ke lapisitswe ke go tsamaya ka dinao mo dipuleng le mo mogoteng.
Maoto a me a setse a rurugile. O ka nna wa mpha madi ka ya go e reka, wena wa ya
phitlhong ya ga monnao

Veronica a bua jaana a sikere kgetsi ya sesadi mo legetleng, a letile Pete gore ba
emelele ba ye go reka BMW. A bothata jwa tshadi ya sesha e e ikaeletseng go mokona
madi a motho a a fufuletse ka lesego la Modimo! Pete a gana kgang ya ga Veronica a
re “a e kare re ke phunyegile pelo jaana ka ntha ya go thokafala ga ga nnake wena o bo
o mpolelela ka BMW? A ga ona pelotlhomogi mo go Kesolofetse yoo neng o thola o mo
roma gore a go tlhatswetswe mesese ya booki, ebile a go e sidilela. Kesolofetse o ne a
sa tshwanela go tlhatswatswetsa, o ka bo o ne wa batla mongwe a dira tiro e. Ka a ne a
sena se a ka se jang o ne o mo sotla, o mo thorontsha. Jaanong o lebetse jaaka a ne a
tlhola a go thusa? A o rata nna kgotsa madi ame? Pelo ya gago e mo dipuleng fela,
eseng sepe gape. A wena ga o bereke? A ga o na madi a go reka BMW fa o e batla?
Kana nna ke batla go reka ntlo. A re tla nna mo teng ga koloi re e dirile ntlo? Gatwe
‘nna le matlhale o tlhalefe’. Ga wa bolo go njela madi a Gaborone Sun. Fa e le BMW
yone o tla e bona o e fufuletse! Nna ke ya phitlhong ya ga nnake. O tla sala foo!....ruri o
pelo-e maswe jaaka lenong le le jang kgomo e santse e hema, e ise e swele ruri. Fa
motho a sa rate boteng jwa motho a mo rata fela ka a bona madi - seo se kotsi jaaka
kgabo ya molelo o o peperetlang o sa time. Ga ke bolo go go fa madi a mantsi
malatsiano. Ke utlwaletse fa o rekile ditafole, ditillo, malao le dithebelesene, gotlhe mo o
beile ko ditsaleng tsa gago. Ga ke sematla, ke na le matlho, ke a bona, ke a utlwa, ke a
akanya…fa o sa ntatele ko phitlhong, ga o kake wa bona le fa ele sepe mo go nna.
Ikakanye!...itlotle!...a lerato la gago ke la mmudubudu wa boitumelo jwa madi, e seng
pelo ya gago e ntle?”
Pete a phutlha baki ya gagwe. A e baya mo magetleng, a itaaganya kgoro. Pete a
nyelela motlhong a gagwe jaaka metsi a nwela mo motlhabeng. Ba kgaogana jaana!...
go ratela monna kgetse ya gagwe ga go busetse sepe fa e se pelo e e tsorotlang

  17  
 

madi…lorato la madi ke tshaka!...noka e ya madi e feditse basha ya bare ta!...bangwe


ba ba ba lebala maina a bone ba gamaregile!

DIPOTSO
5. Tlhaolosa ka botlalo se o se amuleng mo palong e. [25]

KGOTSA
6. Ipee mo seemong sa ga Pete morago ga leso la ga monnawe, o bue se a
neng a ka se bua fa a latedisa botshelo jwa gagwe le maitemogelo a
gagwe ka botshelo. [25]

KAROLO YA BORARO

Sekaseka leboko le le latelang mme morago o arabe potso e le NNGWE


go tswa mo go lone. O gakololwa go dirisa mafoko a ka nna 200 go ya
go 300 mo karabong ya gago.

Goinewang

Lehuma le botlhoko jang wee!


Le na le dikai tse di botlhoko wee!
Lehuma le nwa madi jaaka tsitsiri
Le mona ditshika le gopele ruri
Motho a swabe e se lengangale
Motho a gwame jaaka kgole

Lehuma o tlhotse o paletse lafatshe


O paletse ntsho le tshweu ka botshe
O ikanne wa tlhola sika la motho
A bo a khubama ka mangole a go hepa
A tlholega a ineela diatla a di opa

Monana o setlhafala jaaka sebabole


Rramapeka le Mmamalabola ba lele
Ba gama ngongo kgomo di le teng

  18  
 

‘Huma le moka sedintsi di mena kgamelo


Dintsi di moka kgamelo e tletse lehulo

Goinewang ke k abo ken a le thata


Goinewang ke k abo ke letsa lepatata
Ke letsa khumo le lehuma ke ba botela
Ke kopa khumo lehuma a mo rapela
A re lehuma tota a ko o re itshwarele
A mo rapela a mo lala ka tlalo la mmele
E tserwe mo Poko jale le Jaana, ka Billy Mokgosi.

DIPOTSO
7. Ke eng se mmoki wa leboko le a batlang go se ruta mmadi. Dirisa dikinolo
le dikapuo tse di lebaneng go nonotsha karabo ya gago. [15]

KANA

8. Tlhalosa maikutlo a mmoki a bokang a le mo go one, o supe ditsela tse a


di dirisitseng go senola maikutlo a. Nonotsha karabo ya gago ka dikinolo
tse di lebaneng. [15]

  19  
 

BGCSE SETSWANA

KAEDI YA GO TSHWAYA

PAPER 3A

  20  
 

KAROLO YA NTLHA

1. Ngwana o anywa mmaagwe a sule: Paka le Lefelo la ditiragalo.


• Paka ke ya seša
• Tiriso ya madi go reka – go supafala a le botlhokwa thata.
• Botlhokwa jwa thuto bo a supafala – tshetlha.
• Batho ba gololesegile go iptela b aba nyalanang le bone –
mogotlhwane le Keimetswe.
• Tirisano le go thusana ga masika go ile kwa tlase.
• Malwapa a phutlhama motlhofo – la ga Mogotlhwane.
• Lefelo – Motse setoropo
• Manyalo a setso
• Bomme ba dira ditiro tsa bo go bopa, mme ba di tswakanya le tsa
sekgoa tsa ko dikhitshing jaaka Mogotlhwane.
• Go sa ntse go na le ditsamaiso tsa setso mo manyalong le dintsho –
go lelela kwa batsading fa go na le kgotlhang, go ribama jalo jalo.

2. Se Monate se Ingwaelwa: Sekaseka tsweletso ya ditiragalo tsa khutshwe ya


“Masalela a sa le teng”,mme o supe ka fa di tsalanang ka teng.
• Go kgaolwa gag a Ntshupile kwa moepong ka ntlha ya bogodi go baka
gore a a tseye leruo la gagwe mo go boo rra Senyetse b aba neng ba
le tlhkomela ebile ba tshele ka lone.
• Se se tsala tshotlego mo lelwapeng le.
• Tshotlego e e dira gore Senyetse a tseye tshwetso e bokete ya go
tlogela sekole go ya go bereka go tlamela ba lwapa.
• Se se mo kgaonyale mokapelo wa gagwe Tselane, yo ba tswelelang
ba ratana a le koo.
• Lorato le le baka thobaelo mo go mma Senyetse segolo ka Tselane
ene a tsweletse le dithuto tsa gagwe.
• Thobaelo e e tiisa Senyetse moko go re a bereke thata le ene a
tsweledise dithuto tsa gagwe.
• Go dira ka natla ga ga Senyetse go baka gore ba moepo bam o
tsholetse maemo go berekela mo diofising, mme se se mo fa sebaka
sa go tlhwaafalela dithuto tsa gagwe.
• Se se dira gore a fete ka tse di tsididi mot hutong ya gagwe a bo a
romelwa kwa mafatsheng go ya go ikoketsa dithuto mo go tsa meepo.
• Go boa koo, o oketswa maemo gape ka a dirile sentle, morago o
nyalana le mokapelo wa gagwe yo le ene a atlegileng mo dithutong tsa

  21  
 

gagwe. Thswaragano e ya bone e felela e dira gore Senyetse a boele


gae go ya go aga lelwapa.
• Go boela kwa gae go dira gore ba moepo wa diteemane bam o tswele
pelo, mme ba bo ba mo tlhapa.

3. Letlapa le le Bolele: Molaetsa


• Mogoa dira wa bo a di ikgoela/ botshelo bo tshwana le letlapa le le bolele
bo a reledisa.
• O senolwa ke Modiri – o ne a tsaya gore o swelela mosadi wa gagwe le
bana mme morago o iphitlhela a arametse mogote wa botshelo.
• O phuaganya lelwapa go ratana le Tlhoriso.
• O bitsa bana dirathana le go tlhapatsa mosadi wa gagwe.
• O dumelana le Tlhoriso go bolaya Mofalotsi yo ba dumelang e tla nna
sekgoreletsi mo matshelong a bone.
• O itsenya mo dikolotong ka ntlha ya go leka go kgotsofatsa Tlhoriso.
• O felela a kobiwa mo tirong ka ntlha ya dikoloto.
• O palelwa ke go duela dirukutlhi tse a neng a dirisana le tsone.
• Ba mo kenta ka botlhole jo bo tsentshang.
• O arabela le molato wa loso la ga ngaka Marumo.
• O atlholelwa kgolegelo ya botshelo jotlhe.

4. Phuduhudu ga e tlhatlhelwe: Maikutlo a mokwadi


• Mokwadi ga a beye sebete ebile o kgala bana ba ba senang tsebe. O supa se ka
Bontle yo a mo supang a sa reetse batsadi le barutabana.
• O dirisa baanelwa ba bangwe go supa maikutlo a. O dira gore barutabana,
motsadi wa gagwe e bong mathubadihala le baithuti ka ene ba mo kgale. Mma
Bantenne o mo kaya e le ngwana yo senang maitseo
• O mo fa botho jo bo sa eletsegeng: o ratana le bagolo ebile ga a buise morutana
mma Bantenne sentle.
• O sotla Bontle ka go mo dira gore a ithekise mmele, le go kojwa ke banna ba a
neng a ratana le bone b aba nyetseng jaaka Gauza.
• O mo fa kotlhao e e botlhoko, e ope a ka se e eleletseng ngwana wa gagwe ya
go tsenwa ke mogare.

  22  
 

KAROLO YA BOBEDI
Botlhale bo ja Beng
5. Tlhalosa ka botlalo se o se anywileng
• Monna o bolawa ke se a se jeleng/ maduo a boleo ke loso
• Molaetsa o o tlhagisiwa ke Wabogosi – o ne a re o direla mosadi wa gagwe
bosula mme o felela a le mo mathateng
• O ya sekolong kwa moseja a bo a ratana le mme yo mongwe ntswa a nyetse.
• O phuaganya mosadi le bana, a sa ba tlamele jaaka go ne go solofetswe.
• Fa a boa o tla le mme wa mosweu a bo a fuduga mo lwapeng a tlogela
Morwadi le bana.
• O felela a tsenwa ke bolwetse
• Ba tiro ba kgaogana le ene ba bona e le morwalo fela mo komponeng ya
bone.
• O felela a ikotlhaya
• O a swa
6. Kgwetlho, kgotlhang, tlharabololo le phelelo
• Kgwetlho – go ya sekoleng ga ga Wabogosi kwa ga mmamosadinyana.
• Kgothang – motho le tikologo
• Ditsala tsa ga Wabogosi ga di amogele maitsholo a gagwe kwa ga
mmamosadinyana – o a ba ikgatlholosa.
• O bona mosadi wa mosweu, maiden a bo a itlhokomolosa mosadi wa
gagwe – ga a sa mo kwalela jaaka gale.
• Fa a fetsa o tla le Maiden kwa gae.
• O latlha lelwapa ebile o ikgantshetsa mosadi wa gagwe a mmolelela fa
ene e le ka lapa a sala.
• Setlhoa – Wabogosi o digwa ke bolwetse, ke gone fa dipotso tsa babadi
da arabesegang teng.
• Phelelo – o a tlhokafala.

KAROLO YA BORARO
Leboko: Ngwaga o moša
7. Maikutlo a mmoki
• Mmoki o boka a itumetse – o supa boitumelo go bo ngwaga o moša o
goroga.

  23  
 

• O simolola fela ka go sotla ngwaga o o fetileng, a re ba letse ba o fitlha


(temana 1) – o supa fa a o ila a re o ne o sa siama, ka jalo o itumelela o o
tsenang.
• O dirisa puo e ntle go tlotlomatsa ngwaga o moša, a re “o a o atla”, o
goroge o o emetse.
• O tswelela a galeletsa ngwaga o mosha, o o fa dinonofo tsa setho
(temana 4) go supa lorato le boitumelo.
8. Tlhaloso ya leboko
• Mmoki o bua ka ngwaga o mosha.
• O supa fa a eletsa gore o gaise o o fetileng ka ditshegofatso mme o dira
jalo ka go sotla o o fetileng a re ga a o rate.
• O supa fa a o emetse sentle, a o amogela ka matsogo a mabedi
• O galaletsa ngwaga o mosha a diri
• O gaisa mothofatso a re “o gate ka mabedi sekau”.
• O garela ka go lebogela go bo a bone ngwaga o, a supa fa bangwe ba sa
nna le lesego leo la go o bona.

  24  
 

BGCSE SETSWANA KAEDI YA GO TSHWAYA

PAPER 3B

  25  
 

KAROLO YA NTLHA
1. Phuduhudu ga e tlhatlhelwe: Phetogo ya botho
• Mokwadi o kgonne go supa phetogo ya botho re itebagantse le Bontle.
• O mo supile e le ngwana yo o sa utlweng – o ne a sa buise barutabana,
batsadi le baithuti ba bangwe sentle, jaaka mma Bantene, Mathubadifala
le tshotego.
• O ne a ratana le banna ba ba tona, ebile bangwe ba nyetse - Gauza.
• O felela a tswa mo sekoleng gore a itaole sentle.
• O ithekisa mmele mme morago o tsenwa ke bolwetse jwa HIV/ AIDS.
• O ikaga sesha a bo tsena kereke.
• O itlhaopa go gakolola banana a bo a felela a nyalwa ke moruti
• O aga lelwapa a bo a segofadiwa a bana.

2. Letlapa le le Bolele: Tsalano ya ditiragalo


• Kgwetlho: Go ratana gag a Modiri le Tlhoriso ke gone go bakileng ditiragalo tsa
motshameko o.
• Marara: Tshwaragano e e baka kgotlhakgotlhano fagare gag a Modiri le ba
lwapa la gagwe.
• Marara a a tswelela fa ba lwapa la ga Modiri ba tshelela mo tshotegong.
• Go sotlega mo go rotletsa Mofalotsi go tshwara ka thata mo dithutong tsa gagwe.
• Mofalotsi o tsisa letshogo mo go Tlhoriso ka a akanya fa a tla a fa mmaagwe
maele a go mo sekisa.
• Ka ntlha ya letshogo le, tlhoriso o tlelwa ke maano a go tlhotlheletsa Modiri gore
ba bolae Mofalotsi.
• Modiri o itsenya mo dikolotong tse a felelang a palelwa ke go di duela a bo a
felela a kojwa mo tirong.
• Go kojwa mo tirong go dira gore a palelwe ke go duela ngaka Marumo yo a neng
a mo dirisa mo ditirong tsa gagwe tsa borukutlhi.
• Ka ntlha ya se, ngaka Marumo o felela a bolawa ke maepantlo a gagwe a a neng
a a dirisa go thusa Modiri ka len ene a paletswe ke go ba duela.
• Tlharabologo: Loso la ga ngaka Marumo le dira gore go lemogwe seabe sa ga
Modiri mo borukutlhing.
• Phelelo: Modiri o a tshwarwa a bo a atlholelwe kgolegelo ya botshelo jotlhe.

3. Ngwana o anywa mmaagwe a sule: Go ipaya mo seemong.

  26  
 

• Ke ne ke re ke le itsise bonnaka gore botshelo bo a itshokelwa.


• Ke godile go le thata, ke tsena sekolo ka tshkolo.
• Rre yo o neng a re tlhokomela o ne a re phuaganya fa a bereka kwa
meepong ya Aforika borwa, se se ne sa dira gore botshelo bo re
thatafalele.
• Mme o ne a sa dire, a re godisa ka go rekisa majang le bojalwa jwa setso.
• Se ga se a ka sa nkgoba marapo, le fa nako tse dingwe a ne a retelelwa
ke go duela dituelo tsa sekolo.
• Nako tse dingwe ke ne ke tshwanelwa ke go ikemela ka dinao go mo thus
aka le masika a ne a re huraletse be re ene o ne a dumelelang go nkisa
sekolong.
• Ke ne ka itshokela thuto, le fa nako tse dingwe baithuti ba bangwe ba
ntshega ke le makgasa le ditlhako ke sena tsone..kw bofelong ke ne ka
fenya jaaka le mpona ke le ngaka ken a le lelwapa lame jaana, le fa ken a
le kutlobotlhoko ya gore mme o sule a sa fula maungo a tshokolo ya
gagwe.
• Jaanonong bo nnaka ke ne ke re le emele thuto ka dinao, ka e le jone
boswa jo o ka se bo tseelweng ke ope jaaka dikgomo tse re di
amogilweng ke bo rangwane.

4. Motswasele II: Seabe sa ga Moruakgomo mo tsweletsong ya ditiragalo.


• Moruakgomo e ne e le motho yo lorato, a reetsa ebile a dirisana le morafe
sentle jaaka motho wa bogosi.
• Ke ene yon ne morafe o lelela mo go ene fa kgosi Motswasele a sa b
abuse sentle.
• O ne a leka go bua le kgosi Motswasele gore a buse morafe sentle mme a
sa mo reetse.
• Go ratiwa ke morafe ga ga Moruakgomo ke gone go neng go dira gore
Kgosi a itshupe mebala sentle go tsweledisa kgotlhang ya motshameko.
• Se se ne se dira gore kgosi Motswasele a dumele fa ka boamaruri
Moruakgomo a batla go mo amoga bogosi.
• Moruakgomo o ne a intsha setlhabelo go amogela dikopo tsa morafe tsa
go tlhabanela kgololesego.
• O ne a etelela morafe mo ntweng kgatlhanong le kgosi Motswasele.
• Tse tsotlhe di supa fa a ntse le seba se segolo gore motshameko o
tsamae ka fa o tsamaileng ka teng.

  27  
 

KAROLO YA BOBEDI
Kutlwano
5. Phetogo ya botho
• Neo o tsena sekole e le ngwana yo o utlwang.
• Ga a dire sentle mo sekole a bo a tlhoka tiro.
• O kopana le Tumie morago ba a ratana.
• O ntshetswa magadi.
• Morago o bona tiro mo posong kwa Sekoma.
• O kopana le lekau la koloi ya 4x4.
• O phuaganya Tumie ebile ga a reetse le fa a gakololwa.
• Lekau le a mo phuaganya.
• O kopana le yo mongwe yo o tshelang ka go mo keteka.
• O tlelwa ke boikotlhao.
• O gopola Tumie mme o kopa gore ba boelane.
• Ba kopana kwa gae le Tumie go buisana mme o a mo amogela.
• Batsadi ba a buisana mme b abo ba nyalana.
• Ba felela ba tshela sentle mmogo, ba bo ba aga motse o o atlegileng ba
segofadiwa ka bana ba le bane.
6. Seabe sa ga Neo mo tsweletsong ya ditiragalo.
• Neo o botlhokwa mo palong e ka ke ene a neng a laola ditiragalo tsa
botlhokwa.
• O ne a ratana le Tumie morago ga go ntshetswa magadi aya go berekela
kwa Sekoma.
• O ne a ratana le segatamarokgwana sa koloi ya 4x4 a ntse a itse fa a na
le monna.
• Selo se ke sone se kuketsang kgotlhang ya padi k aba ga bone le bone ba
sa dumelane le kgato e a e tsereng.
• Fa ba kgaoogana, Neo o ratana le yo mongwe wa seganka.
• Morago o fetola lewa la palo e ka go ikgakologelwa a bo a boela kwa go
Tumisang.
• O tswala ditiragalo ka go boelana le Tumie ba bo ba nyalana.

  28  
 

KAROLO YA BORARO
Leboko: Lorato
7. Tlhalosa se mmoki a buang ka sone
• Lorato ke selo sa botlhokwa mo botshelong jwa motho ebile le tswa
mo botengt jwa pelo.
• O tlhalosa gore fa motho a tlopegetswe ke lorato, ga a nne le
boiketlo, o le ntsha lotlhe. O boa a tlhalosa fa lorato e le
masaitseweng a botshelo, le sa tlhaloganyesege motlhofo.
• O supa fa le ka dirisa motho dilo tse dintsi, a re le ka go isa le kwa
thata go iwa ka le bokgakala o ka se bo lemoge fa lorato le le teng.
(temana 2).
• A re fa e le nako ya le sa le le lesha gone go monate le go feta. O
tswelela a supa fa ebile le ka go tlogedisa le tiro o sa akanye le
kamoso.
• O supa fa monate wa teng, le boitumelo jo bo tliswang ke lorato le
ka go lebatsa fa le kgona go tla bokhutlong.
• O digela ka go supa ditlamorago tse di ka tlisiwang ke le lenyalo, a
supa fa le ka nyelela, motho a go tlogele o sa solofela (temana 4),
mme ebile tse tsotlhe fa di dragala bangwe bat le ba heretlhege
maikutlo (temana 5)
8. Maikkutlo a mmoki
• Boitumelo o tlhalosa ka fa lorato le tlisang boitumelo mo
matshelong a batho ka teng.
• O dirisa puo ya kgalaletso, a e kgabisa go senola maikutlo a. o
dirisitse tshwantshanyo fa a re ; “le aga mo pelong, le isheke jaaka
metsi”go ssupa fa bua ke selo se sentle se se ka tlisang boitumelo
mo botshelong.
• O dirisitse pheteletso go gatelela maikutlo a gagwe (temena2)
• A re fa le sale lesha gone le monate le go feta; o gatelela se ka go
supa fa le ka go lebatsa tsotlhe, selo se se supang gore le ka tlisa
boitumelo jo bogolo.

  29  
 

BGCSE SETSWANA KAEDI YA GO TSHWAYA

PAPER 3C

  30  
 

KAROLO YA NTLHA

1. Motswasele II: Go ipaya mo seemong.


• Ke ne ke busa morafe wa me ka kgokgontsho, ke sa tseye dikgakololo tsa
bagakolodi ba me bo moruakgomo.
• Ke ne ke utlwa fela ka malope bo Molotlhanyi le bo diratsagae.
• Ke ne ke dumela fa bo rangwane ba batla go ntseela bogosi jaaka malope
malope a me a ne a bua.
• Ke ne ke kgokgotsha masika ame, bo Mogatsa moilwa le bo Segokotlo, fa
e le Moruakgomo ene ke ne ke sa mmeye sebete gotlhelele.
• Le fa ba mpiletsa bokopano go nkgakolola ke ne ke sa reetse.
• Ke tswa go thanya go le thari morafe o setse o ntsogologetse.
• Se se bothoko ke gore le bangwe ba ba ba neng ba nthotloetsa, ba ne ba
nthanogela.
• Ke ne ka fenngwa mo ntweng e, ka tlelwa ke maikotlhao.
• Ke ka moo ke le gakololang go reetsa dikgakololo le go dirisana sentle le
ba bangwe gore le robalelwe ke ditlhokwa mo matshelong a lona.

2. Se Monate se Ingwaelwa: Tlhalosa maikutlo a mokwadi ka batsadi ba ba sa


tshwareng bana sentle jaaka Mmamosumo mo Khutshweng ya “Modiri o a
Lebala”.
• Mokwadi o a ba kgala, ebile ga a rotloetse. O supa se ka
Mmamosumo.
• Mokwadi o dirisitse setlhogo go supa maikutlo a – Modiri o a lebala, ka
Setswana se re, go lebala modiri, modirwa ga a lebale, ka temogo ya
gore fa o sa direle motho sentle, wa go lebala, fa yoo diretsweng
bosula ene a sena go lebala motlhofo ka ntlha ya kutlobotlhoko.
• Tiriso ya puo – mokawadi o dirisa mafoko a a bokete go mo tlhalosa
jaaka gore o ne a “bopa”, gore “ke mosadi yo o setlhogo”, le a
mangwe, se a se direla go mo sotla go supa fa a le kgatlhanong le
ditiro tsa gagwe.
• O dirisitse baanelwa ba bangwe - o dira gore ba bue ka ene, ba mo
kgale.
• Tshotlo – o dira gore Mmamosume a sotlwe ke btshelo, fa a batla
bontle go nna bosula. Ban aba gagwe ga ba atlege, fa Lenkiteile ene
dilo di mo siamel.

  31  
 

• O mo fa kotlhao e botlhoko, o dira gore a atlholwe dikgomo ka ntlha ya


maaka. O mo tima madi a ga Lenkiteile a tirelo setshaba, le lenyalo la
ga Lenkiteile.

3. Ngwana o anywa mmaagwe a sule; Molaetsa wa Padi


• Ngwana o nna a batla ditlamelo mo go mmaagwe, go sa kgatlhalesege gore o
itlhoka go le kafe.
• E tlhagisiwa ke Tshetlha – Ba ne ba tshela botoka fa rraagwe, ebong
Keimetswe, a bereka kwa meepong mme a ba tlamela sentle.
• Keimetswe o felela a bona mme mongwe koo a bo a simolola go emisa go ba
tlamela le go ba tlhola.
• Tshetlha o tlhokomelwa ke mmaagwe ka tshokolo, a rekisa bojang le bojalwa ja
Setswana.
• Tshetlha o felela a dumelelwa kwa Moeding, kwa a yang fela le fa go le bokete
mo go mo go mmaagwe.
• Tshetlha o tlhaelelwa ke madi a sekole, mme o leka ka ditsela tsotlhe go
akeretsa go adima ka tsholofelo ya gore mmaagwe o tla bona sengwe a duela.
• Mogotlhwane o felela a lwala, mme a itshokela go batla madi go duelela thuto ya
ngwana wa gagwe.
• Kwa bofelong tshetlha o fetsa sekole, mme mmaagwe a bo a tlhokafala ka ntla
ya makoa a go bereka phetelela.
• Tshetlha o felela a atlegile mo dithutong tsa gagwe.

4. Letlapa le le Bolele: Tlhalosa seabe sa ga Tlhoriso mo tsweletsong ya


ditiragalo tsa motshameko o.
• Tlhoriso e ne e le motho yo o bosula, a sene letswalo e bile a batla dilo
tse di ntle di bonelwa mo go ene.
• O ne a tseela Khutsafalo monna – Ke ka ntlha ya gagwe go bo Modiri
a phuagantse lelwapa la gagwe.
• Ke ene a dirileng gore bo Khutsafalo ba tshelele mo lehumeng le mo
kutlobotlhokong – o ne a ratana le Modiri mme morago a mo pateletsa
go tlogela lelwapa la gagwe.
• O na le seabe se segolo go bo Modiri a kobilwe mo tirong.
• Ke ke ene gape a dirileng gore gore Modiri a nne le kgotlhang le bo
ngaka Marumo.

  32  
 

• Tlhoriso ke ene a dirileng gore Modiri a felele a le mo kgolegelong. O


ne a mo raela ka ntlha ya bofatlha le go batla go ipona a tshela sentle
a le esi.

KAROLO YA BOBEDI
Palo: Pete

5. Bolela se o se amuleng mo palong.


• Maikotlhao ngwana wa morago – thuto e e tlhagisiwa ke Pete
• Morago ga go tlhokafala gag a mmaagwe, Pete o nna mo Gaborone
kwa a tshelang botshelo jwa mokaragana a ikgatlholositse monnawe
ebong Kesolofetse.
• O dira madi a bo a a senya le mokapelo wa gagwe veronica.
• Kesolofetse o tlhoka thuso ya madi a sekole mme Pete ga a kgatlhale
ka se.
• O reetsa dikgang tsa ga Veronica tse di mo rotloetsang go sa
tlhokomela monnawe.
• Veronica o mo tseela madi go itirela dilo tsa gagwe le go tlhokomela
ngwana wa gagwe fa ene a robetse a sa itirele sepe.
• O letlelela veronica go sotlakaka Kesolofetse mme a sa mo thuse ka
sepe.
• O tlhanya monnawe a setse a tlhokafetse go sa tlhola go na le ka fa a
ka mo thusang ka teng.
• O kgaogana le Veronica go setse go le botlhko mme o tlelwa ke
boikotlhao mo go tsotlhe tse di diragetseng.
6. Go ipaya mo seemong.
• Ke ne ke le sematla, ke robetse ke ikimetsa botshelo jwa toropo ke
lebetse fa maikotlhao a tla go le thari.
• Ke ne ke e ja mokaragana wa botshelo jwa toropo ke sa kgatlhale ka
nnake yo o neng a tlhoka tlhokomelo ya me ka re ne re sena batsadi.
• Ke ne ke neetse mme wa mooki, Veronicaa taolo ya botshelo jwame,
le fa ene a ne a seke a nthusa ka sepe le fa ne a bereka nna ke sa dire
gope.

  33  
 

• Mme yo o ne a nthotloetsa bosetlhogo jwa go itlhokomolosa letlhoko la


ga nnake mm eke mo thusa go tlhokomela ngwana wa gagwe.
• E ne e re ke ikgapetse madi kwa mechineng ya Gaborone Sun k emo
goromeletse matshebetshebe a ke neng sa itse gore o a dirisa ebg.
• Ke ne ke lebetse fa ke tshela botshelo jwa ga Kesolofetse ka a kile a
mphalotsa loso fa ke ne ke re ke ikgapela botshelo morago ga loso la
gam me.
• Ke ne ke sa kgatlhale, ke tlhokomela Veronica le ngwana wa gagwe.
• Veronica o ne a tshwenya le go kgokgontsha nnake ke lebeletsefela
ekete ga ke yo.
• Ga diragala nnake a tlhokafale mo tiragalong e e neng e ngomola pelo.
• Veronica o ne a sa kgatlhale, a tsaya o kare ga go a diragala sepe, a
tsweletse ka go batla go ikgotsofatsa ka madi ame.
• Ke ne ka itlharabologelwa, le fa go ne go le thari, ka lemoga fa mme yo
e le tsitsiri a okiwa ke madi fela.
• Ke sale ke kgaogana le ene jalo go se monate, le jaanong jaana ga ke
is eke mmone ka matlho.
• Ke ka moo ke le gakololang go ikela tlhoko mo botshelo, le seka la
iphitlhela le wetse ka lemena jaaka nna.

KAROLO YA BORARO

Leboko: Goinewang
7. Ke eng se mmoki wa leboko le a se rutang babadi. Dirisa dikinolo tse di
lebaneng go nonotsha karabo ya gago.
• Lehuma ke selo se se botlhoko se se sa eletsegeng.
• O dirisitse tshwantshanyo o le tshwantshaya le tsitsiri go supa fa le ama
botshelo – le a bopamisa
• O bua fa le sa tlhaole le tsena gongwe le gongwe (temana 2).
• O tlhalosa fa le na le nonofo ya go tlhasela matshwititshwiti a batho – le
phatlalala le lefatshe ka gore ‘le moka sika dintsi di mena kgamelo
(tshwantshiso).
• O supa fa le utlwisa batho botlhoko.
8. Maikutlo a mmoki
• Kutlobotlhoko – o utlwisiwa btlhoko ke ditiro tse lehuma le di dirang mo
bathong.

  34  
 

• Kutlobotlhoko e o simolola fela go e sup aka go dirisa dielana tsa


kutlobotlhko, go supa a ikuela (diele tsa ntlha tse pedi).
• Le tlhasela batho le ba momone – o dirirsa puo ya tshotlo le tshwantshayo
a le tshwantshanyi le tsitsiri.
• O dirisa pheteletso go supa maikkutlo a, ka go supa fa le tsena gongwe le
gongwe. - “o padile a ipitsa seganka motho…”
• Puo – lefoko “goinewang” le e leng setlhogo le lone le dirisitswe go supa
boitlhobogo.
• Mmoki o bua dilo tse di bosula tse di amanang le lehuma go supa
letlhakore le a le tsayang – o boa supa gore fa a ne a na le dithata o k abo
a kopa thuso kwa go “khumo”” gore lehuma a re itshwarele. O dira se go
supa fa a seye lehuma sebete ebile a sa le battle gaufi le motho.

******************************************************************************

  35  

You might also like